1 Ka jalo ka bona tshupegetso e nngwe mo legodimong, e le kgolo e bile e gakgamatsa: Ga bo go na le baengele ba le supa (7 ) ba tshwere ditlhokofatso tse supa ( 7), tse e leng tsa bofelo, gonne ka tsone tshakgalo ya Modimo e tla a bo e felelediwa. 2 Ka bona se se neng se lebega jaaka lewatle la galase le kopantswe le molelo. Go bapa le lewatle ga bo go eme ba ba fentseng sebatana le setshwano sa sone, le go feta palo e e emetseng leina la sone. Ba ne ba tshwere diharepa ba di neetswe ke Modimo. 3 Ba ne ba opela dipina tsa ga Moshe, motlhanka wa Modimo, pina ya kwana: ''Ditiro tse di kgolo tse di makatsang ke tsa gago, Morena Modimo, Mothatayotlhe. Tshiamo le boammaruri ke ditsela tsa gago, Kgosi ya ditshaba. 4 Ke mang yo o ka sekeng a go boife Morena, a bo a galaletsa leina la gago? Gonne wena ka nosi o boitshepo. Ditshaba tsotlhe di tla a tla di obama fa pele ga gago gonne ditiro tsa gago tse di siameng di senotswe.'' 5 Morago ga dilo tse ka leba, mme ka bona tempele e e neng e na le bokopano jwa basupi e butswe mo legodimong. 6 Go tswa mo lefelong le le boitshepo thata ga tla baengele ba ba supa ( 7) ba tshwere ditlhokofatso tse supa ( 7). Ba ne ba apere matsela a a phepa, a phatsima ba ipofeletse letsela la gouta mo dihubeng tsa bone. 7 Nngwe ya ditshidi tse nne (4) ya neela baengele ba ba supa ( 7) megopo ya gouta e le supa ( 7) e tletse ka tshakgalo ya Modimo, yo o tshelang ka bosakhutleng. 8 Tempele e ne ya tladiwa ka mosi go tswa mo kgalalelong le maatla a Modimo. Go ne go sena ope yo o kgonang go tsena mo teng go fitlhelela ditlhokofatso tse supa (7 ) tsa baengele ba ba supa (7 ) di feleletswa.