Kgaolo 4

1 Morago ga dilo tseo ka leba, mme ka bona lebati le bulega ko legodimong. Lentswe la ntlha ke leutlwa lene le bua le nna jaaka torompeta, lere, "Pagamela kwano, mme ketla go supegetsa dilo tse di tshwanetseng tsa diragala morago ga dilo tse." 2 Ka pela ka tsena mo moweng, mme ka bona gona le setile sa bogosi se beilwe kwa legodimong, gona le yo o dutseng mogo sone. 3 Ene yo aneng a dutse mogo sone one a lebega jaaka teemane. Gone gona le motshe wa modimo o phatsima jaaka lentswe lele botala jwa tlhaga o dikologile setilo. 4 Go dikologa setilo sa bogosi gone gona le ditilo tsa bogosi dile masome mabedi le bone, le bagololwane bale masome mabedi le bone ba dutse mogo sone, ba apere diaparo tse ditshweu, ba rwele dirwalo tsa gouta mo ditlhogong tsa bone. 5 Gone gotswa kgadimo ya legadima, go duma ga maru mo setilong sa bogosi, mabone ale supa ane a tuka fa pele ga setilo sa bogosi, mabone a eneng ele mewa ee supa ya Modimo. 6 Gone gona le lewatle la galase fa pele ga setilo sa bogosi, le tsabakela. Fa gare ga setilo le tikologo ya setilo sa bogosi gone gona le ditshedi tse nne, di tletse matlho ko pele le ko morago. 7 Setshedi sa ntlha sene se tshwana le tau, setshedi sa bobedi sene se tshwana le namane, setshedi sa bobedi sene se na le sefatlhego sese tshwanang le sa motho, mme setshedi sa bone sene se tswana le ntsu ee fofang. 8 Sengwe le sengwe sa ditshedi tse nne sene sena le diphuka tse borataro, di tletse ka matlho kwa godimo lekwa tlase. Bosigo le motshegare dine disa emise gore, "Boitshepo, boitshepo, boitshepo ke Morena Modimo Mothata otlhe, ene yo oneng ale teng, le yo o aleng, le yo o tla tlang." 9 Nako le nako fa ditshedi di galaletsa, di tlotla, le go leboga ene o neng a dutse mo setilong sa bogosi, ene yo a tshelang ka metlha le metlha, 10 bagolwane ba ba masome mabedi le bone bane ba itigela fatshe ka sefatlhego fa pelo ga ene yo a dutseng mo setilong sa bogosi. Ba obamela ene yo a tshelang ka metlha le metlha, mme ba latlhela dirwalo tsa bone fa pele ga setilo sa bogosi, bare, 11 "oa tshwanelwa, Morena le Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo, le nonofo. Gonne o tlhodile dilo tshotlhe, ka gorata ga gago, dia tshidile di bopilwe."