Kgaolo 5

1 Mme ka bona mo letsogong le legolo la yo o dutseng mo setulong sa bogosi, lekwalo le kwadilwe mo pele le morago, le kanetswe ka dikano tse supa. 2 Ka bona moengele yo o nonofileng a goeletsa ka lentswe le legolo,"ke mang yo o tshwanelwang ke go phuthulola lekwalo a senya sekano sa lone?" 3 Ga bo go se ope yo o nonofileng mo legodimong kgotsa mo lefatsheng le fa ele ka fa tlase ga lefatshe go phutholola lekwalo kana go le bala . 4 Ka lela ka khutsafalo gonne go ne go sena ope yo o fitlhetsweng a tshwanelwa ke go le phutholola kana go le bala. 5 Mme mongwe wa bagolwane a nthaya are," Se lele. Bona! Tau ya Letso la Juta, tshika ya ga Tafite o fentse.O nonofile go phutholola lekwalo le dikano tsa lone tse supa." 6 Ka bona Kwana a eme mo gare setulo sa bogosi le ditshedi tse nne le bagolwane. A lebega jaaka yo o bolailweng. A na le dinaka tse supa le matlho a a supa; e ke mewa e e supa ya modimo e e rometsweng lefatshe ka bophara. 7 A nanoga a ya go tsaya lekwalo mo letsogong le legolo la yo o dutseng mo setulong sa bogosi. 8 Fa Kwana a tsaya lekwalo, ditshedi tse nne le bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba obama fa pele ga gagwe. Mongwe le mongwe wa bone a tshotse harepa le sejana sa gouta se tletse maswalo, a e leng merapelo ya badumedi. 9 Ba opela pina e e ntsha: ''O a tshwanelwa ke go tsaya lokwalo le go bula dikano tsa lone. Gonne o ne wa bolawa mme wa reka batho ba Modimo ka madi a gago go tswa mo merafeng, diteme, batho le ditshaba. 10 Wa ba dira bogosi le baperesiti go direla Modimo le go busa mo lefatsheng." 11 Mme ka leba ka utlwa modumo o mogolo wa baengele ba dikologile setulo sa bogosi ga mmogo le ditshedi le bagolwane. Palo ya bone ya bo e ka nna dikete tse lesome ga dikete tse lesome le diketekete. 12 Ba bua ka lentswe le legolo bare, "Go tshwanelwa Kwana e e tlhabilweng go amogela thata, letlotlo, botlhale, nonofo, tlotlo, kgalalelo le kgalaletso." 13 Ka utlwa sebopiwa sengwe le sengwe ko legodimong le lefatshe le ka fa tlase ga lefatshe le mo lewatleng le tsotlhe tse di mo go tsone dire, "A poko le tlotlo le kgalalelo le thata le puso di nne le yo o ntseng mo setulong sa bogosi ka bosakhutleng. 14 ''Ditshedi tse nne tsare, ''Amen! ''le bagolwane ba khubama ba obamela.