1 "Go moengele wa phuthego ya Saradise kwala o re: `A ke mafoko a yo o tshotseng mewa e supa ya Modimo le dinaledi tse supa. "Ke itse se le se dirileng. Le na le seriti sa gore le a tshela, mme le sule. 2 Tsogang, le thatafatseng se se setseng, ebile se le gaufi le go swa, ka gore ga ke a bona ditiro tsa lona di le phepa fa pele ga Modimo wame. 3 Jalo he, gakologelwang se le se amogetseng le se le se utlwileng. Se ikobeleng, mme le ikotlhayeng. Mme fa le sa itisi ke tla tla ko go lona jaaka legodu, mme ga le ka ke la itse motlha o ke tla tlang kgatlhanong le lona ka one. 4 Mme go na le maina a le mabotlana a ba sa tlatsang diaparo tsa bone leswe mo Saradise. Ba tla tsamaya le nna ba apere diaparo tse di tshweu gonne ba a tshwanelwa. 5 Yo o fenyang o tla apara diaparo tse di tshweu, mme ga ke ka ke ka tlosa leina la gagwe mo Bukeng ya Botshelo, mme ke tla bolela leina la gagwe fa pele ga ga Modimo Rara le baengele ba gagwe. 6 A yo o nang le tsebe a utlwe se Mowa wa Modimo o se buang le diphuthego. 7 "Go moengele wa phuthego ya ko Filadelephia kwala o re: `A ke mafoko a yo o boitshepo ebile a le boammaruri - yo o tshotseng dilotlele tsa ga Tafite, yo o bulang go se nne le ope yo o ka bulang, a tswale go se nne le ope yo o ka bulang. 8 Ke itse se le se dirileng. Bonang, ke butse lebati fa pele ga lona le go senang ope yo o ka le tswalang. Ke itse fa nonofo ya lona e le potlana, mme le nnile kutlo mo lefokong lame ebile le sa itatola leina lame. 9 Bonang! Ba e leng ba sinagoge ya ga Satane, ba ba reng ke Bajuta mme e se bone, ba bua maaka. Ke tla ba dira gore ba tle go ikoba fa pele ga lona, gore ba tla ba itse fa ke le ratile. 10 E re ka le itshoketse go tshegetsa taelo yame ka bopelotelele, ke tla le tshegetsa mo nakong ya diteko e e tla tlelang lefatshe lotlhe, go leka ba ba tshelang. 11 Ke etla ka bonako. Tshegetsang se le se amogetseng gore go sena ope yo o ka le amogang serwalo sa lona. 12 Yo o fenyang ke tla mo dira pinagare mo tempeleng ya Modimo mme ga a kitla a tswa mo go yone. Ke tla kwala mo go ene leina la Modimo wame, la toropo ya Modimo wame (Jerusalema yo mosha yo tswang ko legodimong la Modimo), le leina lame le lesha. 13 A yo o nang le tsebe a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. 14 "Go moengele wa phuthego ya Laodeshia kwala o re: `A ke mafoko a ga Amen, mopaki o boammaruri, mmusi wa lebopo la Modimo. 15 "Ke itse se le se dirileng, gore ga le tsididi ebile ga le molelo. Ke eletsa gore le ka bo le le tsididi kgotsa le le molelo! 16 Jaanong ka gore le bothitho - le se tsididi ebile le se molelo - ke gaufi le go le kgwela ko ntle ga molomo wame. 17 Go nne la re, `Ke humile, ke na le dithoto di le dintsi ebile ga ke tlhoke sepe. Mme ga le itse fa le tletse khutlobotlhoko, le tlhomola pelo, le humanegile, le foufetse, ebile le sa ikatega. 18 Reetsang kgakololo yame: Rekang go tswa mo go nna, gouta e e tlhotlhilweng ka molelo gotre le tle le hume, le apere diaparo tse di galalelang tse di tshweu, gore le seka la supa matlhabisaditlhong a bosaikategeng ja lona, ebe le tlotsa matlho a lona gore le tle le bone. 19 Ke kgalemela mongwe le mongwe yo ke mo ratang ebe ke mo ruta gore o tshwanetse gore a tshele jang. Jalo he, tlhwaafalang le ikotlhaeng. 20 Bonang ke eme ko lebating ebile ke a kokota. Ga mongwe a utlwa lentswe lame ebe a bula lebati, ke tla tsena mo ntlong ya gagwe ebe ke ja le ene, le ene ebe a ja le nna. 21 Yo o fenyang ke tla mo neela tshwanelo ya go nna le nna mo setilong same sa bogosi, fela jaka le nna ke fentse mme ke dutse le Rre (a dutse mo setilong sa bogosi). 22 A yo o nang le tsebe a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego.""