Kgaolo 2

1 Kwalela moengele wa phuthego ya Efeso o re: 'A ke mafoko a yo o tshotseng dinaledi tse supa mo seatleng sa gagwe sa moja, a tsamaya fa gare ga ditlhomo tse supa tsa dipone tsa gouta, 2 "Ke itse tiro ya lona, bonatla, le go itshoka ga lona. Ke itse gore ga le bee sebete batho ba ba bosula. Ke itse gore le lekile ba ba ipitsang baaposetole, e se bone, le bone gore ba maaka. 3 Ke itse gore le itshokile ka bopelotelele, la boga thata ka ntlha ya leina lame, mme la seka la lapa. 4 Mme ke ngongoregela gore le tlogetse lerato la lona la pele. 5 Gakologelwang kwa le oleng teng. Ikotlhaeng mme le dire dilo tse le neng le di dira pele. Fa le sa ikotlhae, ke tla tla kwa go lona, ke bo ke ntsha setlhomo sa lebone sa lona mo mannong a sone. 6 Mme le na le se: Le ila se Banikolaitane ba se dirileng, se le nna ke se ilang. 7 A yo o nang le tsebe a reetse se moya o se buang le diphuthego.Yo o fenyang ke tla a mo neela tshwanelo ya go ja mo setlhareng sa botshelo se se mo bonnong jwa modimo. 8 Kwalela moengele wa phuthego ya Semina o re: 'A ke mafoko a wa ntlha le wa bofelo, yo o neng a sule mme a tshela gape. 9 Ke itse tshokolo le lehuma la lona, mme le humile. Ke itse ba ba itshotlang ba ipitsa Bajuta, mme e se bone. Ke sinagoge ya ga Saatane. 10 Le seka la tshosiwa ke dipogisego tse di tlang. Bonang! Mmaba o tloga a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong, gore le lekwe, mme le tla a boga malatsi a le lesome. Le nne boikanyego go fitlhela le e swa, mme ke tla le neela serwalo sa botshelo. 11 A yo o nang le tsebe a reetse se moya o se buang le diphuthego. Yo o fenyang ga ana go angwa ke leso la bobedi.'''' 12 Kwalela moengele wa phuthego ya Pekamama o re: ''A ke mafoko a yo o tshotseng tshaka e e magale mabedi: 13 "Ke itse kwa le nnang teng, teng kwa setilo sa bogosi sa ga Saatane se leng teng. Mme le ingangatletse ka leina lame. Ke itse gore ga le a intatola le faele ka nako ya ga Antipase mosupi wame, yo o boikanyego, yo o neng a bolawa magareng ga lona, koo kwa saatane a nnang teng. 14 Mme go na le dingwe tse ke di ngongoregelang mo go lona: Le na le ba ba ngangatletseng dithuto tsa ga Baalame, yo o neng a ruta Balake go beela bana ba Iseraele dikgoreletsi, gore ba je dijo tse di ntsheditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo le go dira boaka. 15 Gape, le na le ba ba ngangatletseng dithuto tsa Banikolaitane. 16 Ikotlhaeng! Fa le sa dire jalo, ke tla tla kwa go lona ka bonako, ke tla go ba lwantsha ka tshaka e e mo molomong wame. 17 A yo o nang le tsebe a reetse se moya o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke tla a mo neela mangwe a mana a a fitlhegileng, ke bo ke mo neela letlapa le lesweu le le kwadilweng leina le lesha, le le sa itseweng ke ope fa e se yo o le amogelang. 18 Kwalela moengele wa phuthego ya Thaithara o re: A ke mafoko a morwa Modimo, yo o matlho e kareng kgabo ya molelo, maoto e kare tshipi e e phatsimang: 19 Ke itse se le se dirileng: Lerato le tumelo ya lona, boitshoko le go dira ga lona. Ke itse gore se le se dirileng bosheng se feta se le se dirileng pele. 20 Mme ke ngongoregela se: Le amogetse mosadi yo go tweng Jesebele yo o ipitsang moporofiti. O tsietsa batlhanka bame ka dithuto tsa gagwe gore ba dire boaka le go ja dijo tse di ntsheditsweng medimo ya disetwa ditlhabelo. 21 Ke mo file sebaka sa go ikotlhaya, mme ga a batle go ikotlhaela boaka jwa gagwe. 22 Bonang! ke tla a mo itaa ka bolwetsi, ba ba dirang boaka nae ke tla ba bogisa thata, fa e se fela ba ka ikotlhaela ditiro tsa gagwe. 23 Ke tla a bolaa bana ba gagwe, mme diphuthego tsotlhe di tla a itse gore ke nna yo ke kanokang dipelo le dikakanyo. Ke tla a neela mongwe le mongwe wa lona go ya ka fa ditirong tsa gagwe. 24 Mme go lotlhe ba le mo Tiatira, go botlhe ba ba sa tshegetseng thuto e, ba sa itse se bangwe ba se bitsang ditiro tse dikgolo tsa ga saatane, ke le raya ke re: 'Ga ke le imetse morwalo ope.' 25 Tshwarang thata go fitlhela ke tla. 26 Yo o fenyang, a ba a dira se ke se dirileng go ya bokhutlong, ke tla a mo neela taolo mo merafeng. 27 O tla a ba busa ka lore la tshipi, a ba thubaganya jaaka dijana tsa letsopa. 28 Ke tla a mo neela gape naledi ya moso, fela jaaka ke amogetse mo go rre. 29 A yo o nang le ditsebe a reetse se moya o se buang le diphuthego.