Kgaolo 21

1 Mme ka bona legodimo le lefatshe tse di sha, ka go re legodimo le lefatshe tsa pele di fetile, le lewatle la bo le sa tlhole le le teng. 2 Ka bona toropo e ntsha, Jerusalema yo mosha a fologa mo legodimong go tswa kwa Modimong, a baakantswe jaaka monyadiwa a kgabiseditswe monna wa gagwe. 3 Ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setilong sa bogosi, "Bona! Boago jwa Modimo bo mo bathong, mme o tla a nna le bone. Ba tla a nna batho ba one, mme Modimo ka sebele o tla a nna le bone, a nna Modimo wa bone. 4 O tla a phimola dikeledi tsotlhe matlhong a bone, mme ga go kitla go nna le loso, bohutsana, selelo le fa ele botlhoko.Dilo tsa bogologolo di fetile. 5 Yo o ntseng mo setilong sa bogosi a re, "Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha." A re, ''Kwala se ka gore mafoko a a boikanyego ebile a boammaruri. 6 "A nthaya a re, "Dilo tse di diragetse! Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tla a mo nosa mahala go tswa motsweding wa metsi a botshelo. 7 Yo o fenyang o tla a rua dilo tse, mme ke tla a nna Modimo wa gagwe, ene o tla a nna morwaake. 8 Mme ka ga magatlapa, ba ba senang tumelo, ba ba dirang dilo tse di maswe, babolai, ba boaka, baloi, badiredi ba medimo ya disetwa le baaki, phelelo ya bone ke letsha le le tukang ka salefa. Le ke lone leso la bobedi." 9 Mongwe wa baegele ba ba supa (7) a tla fa go nna, yo o tshotseng megopo e e supa ya dipetso tsa bofelo tse supa, mme a re, ''Tlaya fa. Ke tla a go bontsha monyadiwa, mosadi wa ga Kwana. 10 "Mme a ntsaya mo moweng, a nkisa kwa godimo ga thaba e e kwa godimo thata, mme a mpontsha motse o o boitshepo e leng Jerusalema, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong. 11 Jerusalema a bo a tletse kgalalelo ya Modimo, go phatsima ga one ga bo go tshwana le mekgabisa e e tlhwatlhwa kgolo, jaaka letlapa le le galaleng la jasepare. 12 O na le lebota le le kwa godimo le dikgoro tse lesome le bobedi (12), le baengele ba le lesome le bobedi (12) mo dikgorong. Mo dikgorong ga bo go kwadilwe maina a ditshaba tse di lesome le bobedi (12) tsa bana ba Iseraele. 13 Mo botlhaba go ne go le dikgoro tse tharo (3), kwa bokone go le tse tharo (3), borwa go le tse tharo (3), le kwa bophirima go le tse tharo (3). 14 Lobota la toropo la bo le na le metheo e le lesome le bobedi (12), mme mo go yone ga bo go na le maina a baaposetolo ba Kwana ba lesome le bobedi (12). 15 Yo o neng a bua le nna o ne a tshotse thobane ya selekanyo e dirilwe ka gouta go lekanya toropo, dikgoro tsa yone le lebota la yone. 16 Toropo ya bo e agilwe e lekana matlhakore otlhe, boleele jwa yone le bophara di bo di lekana. A lekanya toropo ka thobane e e lekanyang, ya fitlhelwa e le distadia di le dikete di le lesome le bobedi (12000), (ka boleele, bophara, le bogodimo bo lekana). 17 A lekanya le lebota la yone, lwa fitlhelwa le le bokima ba mabogo ale lekgolo le masome a mane le bone (144) ka selekanyo sa motho se eleng gape selekanyo sa moengele. 18 Lebota lene le agilwe ka jasepa mme toropo yone ka gouta, e galalela jaaka galase. 19 Motheo wa toropo one o kgabisitswe ka mehuta yotlhe ya matlhapa aa tlhotlwa kgolo. La ntlha ele jasepa, la bobedi ele saphere, la borarro ele agate, la bone ele emeralete, 20 la botlhano e le onese, la borataro ele kaneleane, la bosupa ele keresolete, la boferabobedi ele berele, la boferera bongwe ele tofase, la lesome ele keresofase, la lesome le bongwe ele jasethe, la lebosome le bobedi ele amethesete. 21 Kgoro tse di lesome le bobedi ene ele diphele dile lesome le bobedi, ngwe le ngwe ya kgoro edirilwe ka phele ele nngwe fela. Mebila ya toropo ene e dirilwe ka gouta ee feletseng, jaaka galase ee phatsimang. 22 Ka seka ka bona tempele epe mo toropong, gonne Morena Modimo mothata yotlhe le Kwana ke tempele ya yone. 23 Toropo ene esa tlhoke letsatsi, kana ngwedi go e phatsimela ka gore kgalalelo ya Modimo ene e phatsima mogo yone, mme lebone la yone ke Kwana. 24 Ditshaba ditla tsamaa mo leseding la toropo eo. Dikgosi tsa lefatshe ditla tlisa mahumo a tsone mo go yone, 25 Dikgoro tsa yone ga di kake tsa tswalwa motshegare, mme gago kake ga nna bosigo teng. 26 Batla tlisa mahumo le tlotla ya ditshaba mo go yone, 27 mme ga go kitla go nna sepe sese itshekologileng se se ka kitlang se tsena mo go yone. Kana go tsena ope fela yo o dirang se se tlhabisang ditlhong kgotsa sa tsietso, fa ese bape fela ba maina a bone a kwadilweng mo Bukeng ya Kwana ya Botshelo.