Kgaolo 22

1 Foo, moengele a mpontsha noka ya metsi a botshelo, a bonala jaaka galase. E ne e elela go tswa mo setilong sa bogosi sa Modimo le Kwana 2 e ralala mmila wa toropo. Mo thoko ga noka eo ga bo go le setlhare sa botshelo, se ungwa maungo a farologaneng a le lesome le bobedi, mme se ungwa maungo a farologanyeng kgwedi le kgwedi. Matlhare a setlhare se ke a phodiso ya ditshaba. 3 Ga go ka ke ga tlhola go nna le phutso. Setilo sa bogosi sa Modimo le Kwana se tla nna mo toropong, mme batlhanka ba gagwe ba tla mo direla. 4 Ba tla bona sefatlhego sa gagwe, ebile leina la gagwe le tla kwalwa mo diphatleng tsa bone. 5 Ga go kitla go nna le bosigo; ga ba ka ke ba tlhoka lesedi la lebone kgotsa letsatsi ka gore Morena Modimo o tla ba phatsimela. Ba tla busa ka bosakhutleng. 6 Moengela a nthaya a re, "Mafoko a, a tshephagala gape a boammaruri. Morena, Modimo wa mewa ya baporofeti, o romile moengele wa gagwe go bontsha batlhanka ba gagwe dilo tse di tla tlogang di diragala." 7 "Bona! Ke etla ka bonako! Go segofetse yo o utlwang a bo a dirafatsa mafoko a seporofito sa buka e." 8 Nna Johane, ke nna yo ke utlwileng ka bo ke bona dilo tse. E rile ke di utlwa a bo ke di bona, ka rapama fa dinaong tsa moengele yo o neng a mpontsha dilo tse go mo obamela. 9 A nthaya a re, "Se dire jalo! Ke motlhanka ka wena, le bo morwarraago baporofeti, ga mmogo le bao ba ba obamelang mafoko a buka e. Obamela Modimo!" 10 A nthaya a re, "se kanele mafoko a seporofito sa buka e, gonne nako e gaufi. 11 A yo itshekologileng, a tswelele a itshekologile. A yo maitsholo a makgapha, a tswelele ka maitsholo a makgapha. Yo o tshiamo, a tswelele a le tshiamo. A yo boitshepo, a tswelele a le boitshepo." 12 "Bonang! Ke gaufi le go tla. Ke tla ke tshotse tuelo yame, go duela mongwe le mongwe go yeng ka fa a dirileng ka teng. 13 Ke nna alefa le omega, wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le phelelo." 14 Go segofetse bao ba ba tla tlhatswang diaparo tsa bone tse di telele gore ba tle ba nne le tshiamelo ya go ja go tswa mo setlhareng sa botshelo le go tsena ka dikgoro tsa toropo. 15 Kwa ntle go na le dintsa, baloi, baakafadi, babolai, ba ba obamelang medimo ya disetwa, le mongwe le mongwe yo o ratang a bo a dira maaka. 16 "Nna Jeso, ke romile moengele wame go pakela diphuthego ka ga dilo tse. Ke modi le kokomane ya ga Tafite, naledi e phatsimang ya moso." 17 Mowa wa Modimo le Monyadi ba re, "Tlaya!" A yo o utlwang a re, "Tlaya!" A yo o nyorileng, a tle, le ope yo o eletsang, a nwe metsi a botshelo mahala. 18 Ke pakela mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a seporofito sa buka ena: fa mongwe a ka a oketsa , Modimo o tla mo okeletsa dipetso tse di kwadilweng mo bukeng e. 19 Fa mongwe a ka ntsha mafoko a seporofito sa buka e, Modimo o tla tlosa karolo ya gagwe mo setlhareng sa botshelo le mo toropong e boitshepo tse go kwadilweng ka tsone mo bukeng e. 20 Ene yo o pakang ka ga dilo tse a re, "Ee! ke etla ka bonako." Amen! Tlaya, Morena Jeso! 21 A tshegofatso ya Morena wa rona Jeso e nne le mongwe le mongwe. Amen.