Kgaolo 20

1 Mme ka bona moengele a fologa kwa legodimong. O ne a tshotse selotlele sa bobipo jo bo senang bolekanyetso, a tshotse keetane e kgolo ka seatla. 2 A tshwara kgwanyape, noga ya bogologolo, e e leng diabolo kana Saatane mme a mmofa dingwaga tse di lekgolo (1000). 3 A mo latlhela mo bobipong jo bo senang bolekanyetso, a bo tswala a bo a bo kanela. Se e le gore a seka a tlhola a tsietsa ditshaba go fitlhela dingwaga tse di sekete (1000) di feta. Morago o tshwanetse go gololwa ka sebakanyana. 4 Foo ka bona ditilo tsa bogosi. Mo go tsone go ntse ba ba filweng taolo ya go atlhola. Gape ka bona mewa ya ba ba neng ba kgaolwa ditlhogo ka ntlha ya go paka ka mafoko a a molemo a ga Jeso le Modimo. Ba ne ba ise ba obamele sebatana le fa ele moriti wa sone, ebile ba ganne go amogela letshwao mo diphatleng kana matsogo a bone. Ba tshela gape mme ba busa le Keresete dingwaga tse di sekete (1000). 5 Baswi ba bangwe ba seka ba tsoga mo baswing go fitlhelela dingwaga tse di sekete (1000) di feta. Se ke tsogo ya ntlha. 6 Go sego le boitshepo mongwe le mongwe yo o nnang le seabe mo tsogong ya ntlha!Leso la bobedi ga le na thata mo go bone. Ba tlaa nna baperesita ba Modimo, le ba ga Jeso, mme ba tla a busa nae dingwaga tse di sekete(1000). 7 Fa dingwaga tse di sekete (1000) di sena go feta, Saatane o tla a gololwa mo botshwarong. 8 O tla a tswa a ya go tsietsa merafe khutlong tse nne tsa lefatshe- Kwa Gogo le Magogo go ba phuthela ntweng. Ba tla a bo ba le bantsi jaaka motlhaba wa lewatle. 9 Ba tlhatlogela kwa patlelong ya lefatshe, ba dikaganyetsa bothibelelo jwa badumedi, toropo e e rategang. Mme molelo wa tswa kwa legodimong wa ba nyeletsa. 10 Diaboloso, yo o neng a ba tsieditse a latlhelwa mo letsheng la salefa le le tukang, kwa sebatana le moporofiti wa maaka a latlhetsweng teng. Ba tla a tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosakhutleng. 11 Foo ka bona setilo se sesweu sa bogosi se segolo le yo o ntseng mo go sone. Legodimo le lefatshe tsa mo tshaba, mme go sena kwa di ka tshabelang teng. 12 Ka bona baswi, ba batlotlegi, le bo esemang- ba eme fa pele ga setilo sa bogosi, mme dikwalo tsa bulwa. Ga bulwa lekwalo le lengwe- Lekwalo la botshelo. Baswi ba atlholwa ka se se kwadilweng mo dikwalong, go ya ka ditiro tsa bone. 13 Lewatle la tlhatsa ba ba neng ba le mo go lone. Leso le bobipo tsa tlhatsa ba ba neng ba le mo go tsone, mme baswi ba atlholwa ka tse ba di dirileng. 14 Leso le bobipo tsa latlhelwa mo letsheng la molelo. Le ke leso la bobedi-letsha la molelo. 15 Fa leina la mongwe le sa fitlhelwe le kwadilwe mo lekwalong la botshelo, o ne a latlhelwa mo letsheng la molelo.