Kgaolo 19

1 Morago ga dilo tse ka utlwa sengwe se se neng se utlwala jaaka modumo wa batho ba bantsi kwa legodimong ba re, "Haleluja. Poloko, kgalalelo le maatla ke tsa Modimo wa rona. 2 Dikatlholo tsa gagwe di boammaaruri ebile di siame. Ka gore o atlhotse seaka se se golo se se neng se sentse lefatshe ka boaka jwa sone. O ne a bosulosetsa madi a batlhanka ba gagwe a a neng a tsholotswe ke seaka." 3 Ba ne ba bua labobedi ba re: " Haleluja! Mosi o tlhatloga mo go ene go ya ka bosakhutleng." 4 Bagolo ba ba masome a mabedi le bone (24) le ditshedi tse nne (4), ba wela fa fatshe ba obamela Modimo yo o ntseng mo setilong sa bogosi. Ba ne ba re, "Amen. Haleluja!" 5 Jaanong lentswe la tswa mo setilong sa bogosi la re, "Galaletsang Modimo wa rona, lona batlhanka ba gagwe, lona ba ba mmoifang le lona botlhe ba ba seng botlhokwa le ba ba nang le maatla." 6 Jalo ka utlwa segwe se se neng se utlwala jaaka mantswe a batho ba bantsi, mosumo wa metsi a mantsi le ditumo tsa maru tse di kwa godimo di re, "Haleluja! Gonne Morena o a busa, Ke Modimo yo o laolang gotlhe." 7 A re ipeleng re bo re itumeleng thata, re bo re mo neele kgalaletso ka gore moletlo wa lenyalo la kwana o gorogile le monyadi wa gagwe o ipaakantse. 8 O ne a letleletswe go apara letsela le le phatsimang, le le phepa" (gobane letsela le le phepa ke ditiro tse di siameng tsa batho ba ba boitshepo). 9 Moengele o ne a nthaya a re, "Kwala o re: go segofetse, bao ba ba laleditsweng moletlo wa lenyalo la Kwana. O ne a nthaya gape a re, "Se ke mafoko a boammaaruri a Modimo." 10 Ke ne ka wela fa fatshe go mo obamela, mme o ne a nthaya a re, "O seka wa dira jalo! Ke mongwe wa batlhanka ka wena le barwarraago ba ba tshwereng bopaki ka Jeso Keresete. Obamela Modimo, ka gore bopaki ka ga Jesu Keresete ke mowa wa seporofeto." 11 Jalo ka bona legodimo le bulega, ka leba, ga be go na le pitse e tshweu. Mopalami wa yone o bidiwa boikanyo le boammaaruri. O atlhola a bo a tlhabana ka tshiamo. 12 Matlho a gagwe a tshwana le kgabo ya molelo ebile mo tlhogong ya gagwe go na le dikorone tse dintsi. O na le leina le le kwadilweng mo go ene, le ope a sa le itseng, le le itsweng ke ene fela. 13 O apara seaparo se se neng se tsentswe mo mading, ebile leina la gagwe ke Lefoko la Modimo. 16 14 Mephato ya legodimo e ne e mo setse morago e palame dipitse tse di tshweu, e apere matsela a masweu, a phatsimang, a a phepha. 15 Mo molomong wa gagwe go tswa tshaka e e bogale, e a tlhabang le ditshaba ka yone, mme o tlaa ba laola ka lore la tshipi. A gata segatelo la mofine wa bogale jo bo gaketseng jwa Modimo Mothatayotlhe. O na le leina le le kwadilweng mo seaparong sa gagwe, le mo seropeng sa gagwe: "Kgosi ya Dikgosi le Morena wa barena." 17 Ka bona moengele a eme mo letsatsing. O ne a kuela ko godimo a raya dinonyane tse di fofelang ko godimo a re, 18 "Tlayang lotlhe le phuthegele moletlo o mogolo wa Modimo. Le je mebele ya dikgosi, le ya babusi, le ya banna ba ba nonofileng, le ya dipitse le bapalami ba tsone, le ya batho botlhe ba ba golotsweng le ba ba mo bokgobeng, ba ba seng botlhokwa le ba ba nang le maatla." 19 Ka bona setshidi se se boitshegang le dikgosi tsa lefatshe le mephato ya tsone. Ba ne ba kgobokanela go tlhabana le yo o neng a palame pitse le mephato ya gagwe. 20 Setshedi se se boitshegang se ne sa tshwarwa ga mmogo le moporofeti wa maaka yo o neng a dirile ditshupo fa pele ga sone. Ka ditshupo tse, se ne se tsietsa batho ba ba neng ba amogetse letshwao la setshedi se se boitshegang le ba ba neng ba obamela setshwantsho sa sone. Bobedi ja bone bo ne ba latlhelwa mo letsheng la salefa e e tukang, ba tshela. 21 Ba ba neng ba setse ba ne ba bolawa ka tshaka, e e neng e tswa mo molomong wa yo o palameng pitse. Dinonyane tsotlhe di ne tsa ja nama ya mebele ya bone e e suleng.