1 Morago ga dilo tse ka bona moengele yo mongwe a fologa a tswa kwa legodimong. O ne a na le taolo e kgolo, le lefatshe le ne le bonesitswe ke kgalalelo ya gagwe. 2 A lela ka lentswe le le nonofileng, a re, '' O ole, o ole, Babelona o mogolo! O fetogile boago jwa matimona, botshabelo jwa mowa mongwe le mongwe o o maswe, le botshabelo jwa manong. 3 Ka gonne merafe yotlhe e nole bojalwa jwa dithato tsa boaka jwa gagwe. Dikgosi tsa lefatshe di dirile boaka le ene. Bagwebi ba lefatshe ba humile ka maatla a bofafalele jwa botshelo jwa gagwe. 4 Mme ka utlwa lentswe le le tswang ko legodimong le re, '' Tswang mo go ene, batho bame, gore le seka la tsaya karolo mo maleong a gagwe, le gore le seka la amogela epe ya dipetso tsa gagwe. 5 Gonne maleo a gagwe a bontsi jwa selekanyo sa go ya legodimong, mme Modimo o gakologetswe ditiro tsa gagwe tse di bosula. 6 Mo duele jaaka a duetse ba bangwe, mme le mo duele go le gobedi ga ditiro tsa gagwe; mo koping e a tlhakanyeditseng mo teng, tlhakanyang ga bedi ga selekanyo sa gagwe. 7 Jaaka a ikgalaletsa, a tshela botshelo jwa boikgantsho, mo neele selekanyo sa tlhokofatso le selelo tse di lekanang le boikgalaletso le boikgantsho jwa gagwe. Gonne o bua mo pelong ya gagwe, 'Ke ntse jaaka mohumagadi; ga ke motlholagadi, ebile ga ke kitla ke bona selelo.' 8 Jalo he, dipetso tsa gagwe di tla a tla ka letsatsi le le lengwe: leso, selelo, le leuba. O tlaa nyelediwa ke molelo, ka gore Morena Modimo o nonofile, ebile ke moatlhodi wa gagwe.'' 9 Dikgosi tsa lefatshe tse di dirileng boaka le ene tsa bo tsa tswa mo taolong le ene di tlaa mo lelela di kua fa di bona mosi wa gosha ga gagwe. 10 Di tlaa emela kgakala, di tshaba tlhokofatso ya gagwe, di re, Ijoo, ijoo go toropo e kgolo, Babelona, toropo e e thata! Gonne katlholo ya gago e tsile ka bonako.'' 11 Bagwebi ba lefatshe ba mo lelela le go mo futsafalela, ka gore ga go sa tlhole go na le ope yo o rekang dithoto tsa gagwe- 12 thoto ya gouta, selefera, majana a turu, dibaga, letsela la tlhwatlhwa e e kwa godimo, phepole, letsela le le phatsimang, le le bohibidu jo bo loileng, le mefuta yotlhe ya dikgong tse dituru, le dijana tsa dinaka tsa tlou, le sejana sengwe le sengwe se se dirilweng ka legong le lentle, le sa kgotlho, le sa tshipi, mmabole, 13 sinamone, motswako, maswalo, senkgisa monate, setlolo se se nkgang monate, mofine, lookwane, bopi, korong, dikgomo le dinku, dipitse le dikara tsa tlhabano, le makgoba le mewa ya batho. 14 Leungo le o le eleditseng ka nonofo ya gago yotlhe le dule mo go wena. Dikhumo tsa gagwe le bontle jwa gagwe di nyeletse, ga di kitla di bonala gape. 15 Bagwebi ba dithoto tse ,ba ba ileng ba huma ka ene, ba tlaa emela kgakala le ene ka go bo ba tshaba go tlhokofadiwa, go lela le go futsafala mo go golo ga gagwe. 16 Ba tlaa re, ''Ijoo, ijoo, go toropo e kgolo e e neng e apere letsela le le tlhwatlhwa e kgolo, phepole, le bohibidu jo bo loileng, e kgabisitswe ka gouta, majana a a turu, le dibaga! 17 Gonne ka bofefo khumo yotlhe e ne ya nyelediwa.'' Mong wa sekepe mongwe le mongwe, mopalami mongwe le mongwe wa sekepe, le ba e leng babereki ba sekepe, le botlhe ba ba gwebang mo lewatleng, ba emela kwa kgakala. 18 Ba lelela godimo fa ba bona mosi wa go sha ga gagwe. Ba bua bare, '' ke efe toropo e e tshwanang le toropo e kgolo?'' 19 Ba itshela mmu mo ditlhogong, ba lelela kwa godimo, ba kua ba hutsafetse, ''Ijoo, ijoo go toropo e kgolo, e botlhe ba ba nang le dikepe mo lewatleng, ba humileng ka dikhumo tsa gagwe. Ka gobo a ne a senngwa ka bofefo.'' 20 ''Itumele ka ene, wena legodimo, lona badumedi, baaposetolo, baporofeti, ka gobo Modimo o le mo atlholetse!'' 21 Moengele yo o nonofileng a tsaya lentswe le tshwana le tshilo e kgolo a le digela mo lewatleng, a re, ''Ka tsela yone e, Babelona, toropo e kgolo, o tlaa latlhelwa fa fatshe ka thata e kgolo mme ga a kitla o bonwa gape. 22 Modumo o o dirwang ke baletsi ba diharepa, baopedi, baletsi ba seletso le baletsi ba torompeta ga ba ka ke ba tlhola ba utlwiwa ma gareng ga lona. Ga gona mothudi ope yo o tla fitlhwelwang ma gareng ga lona. Ga go ka ke ga tlhola go utlwala modumo wa tshilo mo go lona. 23 Lesedi la lebone ga le kitla le phatsima ma gareng ga lona. Mantswe a monyadi le monyadiwa ga a kitla a utlwiwa ma gareng ga lona, bagwebi ba lona e ne e le dikgosana tsa lefatshe, ebile lefatshe le ne le tsieditswe ke boloi ja lona. 24 Mo go ene, go fitlhetswe madi a baporofeti, badumedi le batho botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.