1 Mongwe wa baengele mo go ba supa (7) yo o neng a tshwere megopo e supa a tla mme a nthaya a re, "tla kwano, ke tla go supegetsa tshekiso ya seaka se segolo se se ntseng mo godimo ga metsi a mantsi. 2 E ne ele ka ga ene gore dikgosi tsa lefatshe di dire boaka. Ene e le ka bojalwa jwa boaka jwa gagwe gore baagi ba lefatshe ba nne matagwa." 3 Mme moengele a ntsaya ke le mo Moweng go ya sekakeng, mme ka bona mosadi a ntse mo godimo ga sebatana se sehibidu se se neng se tletse ka maina a matlhapa. Sebatana se ne se na le ditlhogo tse supa (7) le dinaka di le lesome (10). 4 Mosadi o ne a apere borokwa le bohibidu mme a kgabisitswe ka gouta le matlapa a mantle le dibaga. O ne a tshotse mo letsogong la gagwe senwelo sa gouta se tletse ka dilo tse makgapha le dilo tse di maswe tsa ditiro tsa boaka. 5 Mo phatleng ya gagwe gone go kwadilwe leina le le neng le na le bokao jo bo fitlhegileng. Babilone yo mogolo, mmaagwe diaka le dilo tse di makgapha tsa lefatshe." 6 Ka bona gore mosadi o ne a tagilwe ke madi a badumedi le ke madi a baswela tumelo mo go Jeso. E rile fa ke mmona, Ke ne ka gakgamala thata. 7 Mme moengele a nthaya a re, "O gakgamaletseng? Ke tla go tlhalosetsa bokao jwa mosadi le sebatana se se mo tshotseng, Sebatana se se nang le ditlhogo di supa (7) le dinaka tse di lesome (10). 8 Sebatana se o se boneng se le teng, ga se sa tlhole se le teng jaanong, mme se gaufi le go tla go tsweng kwa bobipong jo bo senang bolekanyetso. Mme e tla a ya kwa tshenyegong. Bone ba ba nnang mo lefatsheng, ba o ba maina a bone a sa kwalang mo Bukeng ya Botshelo fa e sa le mo tshimologong ya motheo wa lefatshe ba tla gakgamala fa ba bona se se neng se le teng, mme se sa tlhole se le teng jaanong, mme se gaufi le go tla. 9 Se se biletsa tlhaloganyo ee nang le botlhale. Ditlhogo tse supa (7) ke dithaba tse supa (7) tse mosadi a ntseng mo go tsone. Go na le dikgosi tse supa (7) gape. 10 Dikgosi tse tlhano (5) di ole, e nngwe e sa ntse e le teng, mme tse dingwe ga di ise di tle, mme ga a tla, o tla nna fela lobakanyana. 11 Setshedi se se neng sele teng, mme se sa tlhole se le teng jaanong, le sone gape e le kgosi ya boferabobedi. mme ele nngwe ya dikgosi tse supa tseo, mme e ya kwa tshenyegong. 12 Dinaka tse di lesome tse o di boneng ke dikgosi tse lesome (10) ba ba iseng ba amogele bogosi, mme ba tla amogela taolo jaaka dikgosi metsotso e le masome a marataro ga mmogo le sebatana. 13 Tse ke tsa mogopolo o mongwe fela, mme tsa neela thata le taolo ya tsone sebatana. 14 Ba tla a bolotsa ntwa kgatlhanong le Kwana. Mme Kwana o tla a ba fenya ka gore ke Morena wa Barena le Kgosi ya Dikgosi, mme ba ba nang le ene ke ba ba biditsweng, ba ba ikgethetsweng, le ba ba boikanyego." 15 Moengele a nthaya are, ´´metsi a o a bonang, fa seaka se ntseng teng, ke batho, matshwititshwiti, ditshaba, le dipuo. 16 Dinaka tse di lesome tse o di bonyeng tsone le sebatana di tla ila seaka. Di tla mo dira gore a nne letlotla le gore a seka a ikatega, batla a ja nama ya mmele ya gagwe, mme ba tla mo fisa gotlhe ka molelo. 17 Gonne Modimo o beile mo pelong tsa bone go diragatsa maikaelelo a gagwe ka go dumalana go neela thata ya tsone ya go busa kwa sebataneng go fitlhelela mafoko a Modimo a diragadiwa. 18 Mosadi yo o mmonyeng ke motse o mogolo yo o busang dikgosi tsa lefatshe.''