1 Modimo Yawe a raya Noa are ''tlaa, wena le botlhe ba lelwapa la gago, mo mokorong, ka gore ke bone gore o mosiame fa pele game mo kokomaneng e. 2 Mo diphologolong tsotlhe tse di phepa o tlaa tlisa tse ditonanyana di le supa le tse dinamagadi di le supa. Mo diphologolong tse di seng phepa, mo o tlise pedi, e namagadi le e tonanyana. 3 Le dinonyane tsa loapi, tlisa tse di tonanyana di le supa le tse di namagadi di le supa, go boloka tshika ya diphologolo tsotlhe mo lefatsheng. 4 Mo malatsing a le supa ke tlaa nesa pula mo lefatsheng e tla tsayang malatsi a le masome a mane le masigo a masome a mane. Ke tlaa senyaka tsotlhe tse di fa godimo ga lefatshe le tsotlhe tse di tshelang tse ke di tlhodileng. 5 Noa, a dira tsotlhe tse Modimo Yawe a di mo laetseng. 6 Noa o ne a le dingwaga di le makgolo a le marataro fa morwalela o tla mo lefatsheng. 7 Noa, bana ba gagwe ba basimane, mosadi wa gagwe, basadi ba bana ba gagwe ba tsena mo mokorong ka lebaka la metsi a morwalela. 8 Diphologolo tse di phepa le tse di seng phepa, dinonyane le sengwe le sengwe se se gagabang mo lefatsheng, 9 bobedi bobedi, tonanyana le namagadi, tsa tla kwa go Noa tsa tsena mo mokorong, fela jaaka Modimo a ne a laetse Noa. 10 Ga diragala gore morago ga malatsi a supa, lefatshe le bo le apesitswe ke metsi a morwalela. 11 Mo ngwageng ya makgolo a marataro mo botshelo ja ga Noa, mo kgweding ya bobedi, ya letsatsi la lesome le bosupa, letsatsi leo, metswedi yotlhe e e megolo e e boteng ya thubagana ga bulega, mme dikgoro tsa legodimo tsa bulega. 12 Pula ya simolola go nela lefatshe malatsi a le masome a mane le masigo a le masome a mane. 13 Ka letsatsi lone leo, Noa le bana ba gagwe ba basimane, Shema, Hama le Japheta le mosadi wa ga Noa, le basadi ba bararo ba bana ba gagwe ba tsena mo mokorong. 14 Ba tsena gammogo le diphologolo bongwe ka bongwe ka mefuta ya tsone, diruiwa le tsone ka mefuta ya tsone, digagabi tsotlhe tse di gagabang mo lefatsheng ka mefuta ya tsone, dinonyane tsotlhe ka mefuta ya tsone le ditshedi tsotlhe tse di nang le diphuka. 15 Bobedi ja ditshedi tsotlhe tse e neng e le mowa wa botshelo tsa tla kwa go Noa tsa tsena mo mokorong. 16 Diphologolo tse di neng tsa tsena mo mokorong e ne e le tse di namagadi le tse di tonanyana go yeng ka mefuta yotlhe ya ditshedi; tsa tsena mo mokorong fela jaaka Modimo a ne a laetse Noa. Morago ga moo Modimo Yawe a tswala dikgoro. 17 Mme morwalela wa tla mo lefatsheng malatsi a le masome a mane, metsi a oketsega, a tsholetsa mokoro godimo ga lefatshe. 18 Metsi a khurumetsa lefatshe, le mokoro wa kokobala mo godimo ga metsi. 19 Metsi a tsholetsega thata a khurumela le dithaba tsotlhe tse di kwa tlase ga loapi. 20 Metsi a tsholetsega selekanyo sa lesome le botlhano fa godimo ga dithaba. 21 Ditshedi tsotlhe tse di neng di tsamaya mo lefatsheng di ne tsa swa: dinonyane, diruiwa, diphologolo tsa naga, le tsotlhe ditshedi tse di neng di nna mo lefatsheng ka bontsi jwa dipalo tsa tsone le batho botlhe. 22 Ditshedi tsotlhe tse di tshedileng mo lefatsheng, tse di hemileng mowa wa botshelo ka dinko tsa tsone, tsa swa. 23 Ka jalo setshedi sengwe le sengwe se se neng se le mo lefatsheng sa nyelediwa, batho botlhe, diphologolo, digagabi tsotlhe le dinonyane tsotlhe tsa loapi. Tsotlhe tsa nyelediwa mo lefatsheng. Noa le ba a neng a nale bone mo mokorong ba sala. 24 Metsi a nna mo lefatsheng malatsi a a lekgolo le masome a matlhano.