1 Tse ke tsone dikokomana tsa ga Noa, e leng Sheme, Hame le Jafete. Morago ga morwalela ba tshola bana ba basimane. 2 Bo morwa Jafete ke Gomere le Magoge, le Matai, le Jafane le Tubale, le Mesheke le Tirase. 3 Bo morwa Gomere ke Ashekenase, Ruphathe le Togarama. 4 Bo morwa Jafane ke Elishaba, Tarashishi, Kitime, le Totanimi. 5 Batho ba letshitshi la lewatle ba kgaogana ka mafatshe, lengwe le lengwe lena le puo ya lone , go ya ka fa dikgotlaneng le ka fa ditshabeng tsa bone. 6 Bo morwa Hame ke Kushe le Miseraime le Pute le Kanana. 7 Bo morwa Kushe ke Seba, le Hafila, le Sabeta, le Raama, le Sabeteka. Bo morwa Raame ke Sheba le Tetane. 9 Kushe a tshola Nimirote, a simolola go nna mofenyi wa ntlha mo lefatsheng. 8 Ene ele motsumi o nonofileng wa Modimo. Ke sone se go buiwang gotwe, '' Jaaka Nimerote motsumi yoo nonofileng fa pele ga Modimo''. 10 Tshimologo ya bogosi jwa gagwe e ne e le Babilone, le Uruku, le Akate, le Kalene, mo lefatsheng la Shinare. 11 A tswa mo lefatsheng leo a ya kwa Asiria , a aga Ninefe le Rehobotheire, le Kala, 12 le Resene fa gare ga Ninife le Kala. O e leng motse o mogolo. 13 Mosarime ya rragwe Baludi, le Baaname,le Balehabi,le 14 Banafetuhi, ba Phatharusi, Bakaseluni ( ba go duleng Bafilisitia mo go bone) le Bakefetori. 15 Kanana a tshola Sitone , ngwana wa gagwe wa ntlha, le Hethe, le 16 Bajebusi le Baamone le Bagirigase, le 17 Bahife le Baarika le Basini, le 18 Baarafadi le Basemari le Bahathi. Morago dikgotlana tsa Bakanana tsa anama. 19 Molelwane wa Bakanana one o simolola ko Sitone, mo ntlheng ya Gerara go wela ko Gasa jaaka o tsamaela ko Sotoma le Gomora, le Atema, le Seboime go fitlha kwa Lasha. 20 Bao ke bo morwa Hame ka dikgotlana tsa bone, le diteme tsa bone mo mafatsheng a bone, mo ditshabeng tsa bone. 21 Sheme, mogolowe Japhete a tsholelwa barwa. Gape Sheme e ne e le rragwe batho botlhe ba Ebere. 22 Barwa Sheme e ne e le Elama, Ashure, Arafasate, Ludi le Arama. 23 Barwa Arama e ne ele Usa, Hula, Gethare le Mesheke. 24 Arafasate ya nna rragwe Shela, Shela a tshola Ebera. 25 Ebera a tshola barwa ba babedi. Leina la ngwana yo mongwe wa ga Ebera e ne e le Pelege, gonne lefatshe le ne la kgaoganngwa mo metlheng ya gagwe. Leina la morwa rraagwe e ne e le Jokotane. 26 Jokane ya nna rraagwe Alemotate, Shelepa, Hasaremafethe, Jera, 27 Hatorama, Usale, Dikalai, 28 Obale, Abimaele, Sheba, 29 Ophira, Hafila le Jobabo. Bao botlhe e ne e le bana ba ga Jokotane. 30 Boago jwa bone bo ne bo simologa kwa Mesha, go ya go tsena kwa Sephare, thaba ya botlhaba tsatsi. 31 Bao ke bo morwa Sheme ka fa dikgotlaneng tsa bone le ka fa puong ya bone, mo ditshabeng le mo nageng ya bone. 32 Tse, ke dikgotlana tsa barwa Noa, go ya ka fa lesikeng la bone, ka ditshaba tsa bone. Mme merafe ya kgaogana mo lefatsheng morago ga morwalela.