1 Jaanong lefatshe lotlhe la bo le dirisa puo e le nngwe e na le mafoko a a tshwanang. 2 Jaaka ba le mo mosepeleng ba ya botlhabatsatsi, ba bona lebatla mme ba aga gone. 3 Ba raana ba re, ''Tlayang , are direng ditena ebe re di apaa mo go tseneletseng.'' Ba ne ba na le ditena eseng matlapa le mmu o o agang. 4 Ba re, ''Tlayang, re ikagele motse le kago ee kwa godimo e e ka kgomang loapi, re itirele leina , fa go sa nne jalo , re tlile go phatlalala lefatshe ka bophara.'' 5 Mme Modimo Yahweh a fologa go ya go bona motse le kago e dikokomane tsa ga Atamo di e agileng. 6 Modimo Yahweh a re, ''Bona ,ke batho ba le bangwe ebile ba na le puo ele nngwe, bona gore ba simolola go dira eng! Mo lobakeng lo lo khutshwane tsotlhe tse ba ikaelelang go di dira ga di kake tsa kgonagala. 7 A re fologeleng kwa tlase re ye go tlhakatlhakanya puo ya bone gore ba seka ba tlhaloganyana.'' 8 Mme Modimo a ba phatlalatsa lefatshe ka bophara mme ba emisa go aga motse. 9 Le fa go ntse jalo leina la one e ne e le Babele, ka gore Modimo Yahweh o tlhakatlhakantse puo ya bone mo lefatsheng lotlhe gone foo, gotsweng foo a bo a ba phatlalatsa mo lefatsheng lotlhe. 10 Ba e ne e le dikokomane tsa ga Sheme. Sheme o ne a na le dingwaga di le 100 fa a tsala Arephasate dingwaga di le pedi morago ga morwalela. 11 Morago ga go tsala Arephasate , Sheme o tshedile dingwaga di le 500. Gape a tsala bana ba bangwe, basimane le basetsana. 12 Arephasat o tshedile dingwaga di le 35, morago a tsala Shela. Morago ga go tsala Shela, 13 Arephasate o tshedile dingwaga di le 403. Gape a tsala bana , basimane le basetsana. 14 Shela o tshedile dingwaga di le 30, morago a tsala Ebere. 15 Morago ga go tsala Ebere, Shela o tshedile dingwaga di le 403. Gape a tsala bana ba bnagwe, basimane le basetsana. 16 Ebere o tshedile dingwaga di le 34, a bo a tsala Pelege. 17 Morago ga go tsala Pelege , Ebere o tshedile dingwaga di le 430. Gape a tsala bana ba bangwe, basimane le basetsana. 18 Pelege o tshedile dingwaga di le 30, morago a tsala Reu. 19 Morago ga go tsala Reu , Pelege o tshedile dingwaga di le 209. Gape a tsala bana ba bangwe, basimane le basetsana. 20 Reu o tshedile dingwaga di le 32, morago a tsala Seruge. 21 Morago ga go tsala Seruge, Reu o tshedile dingwaga di le 207. Gape a tsala bana ba bangwe, basimane le basetsana. 22 Seruge o tshedile dingwaga di le 30 , morago a tsala Nahora. 23 Morago ga go tsala Nahora, Seruge o tshedile dingwaga di le 200. Gape a tsala bana ba bangwe, basimane le basetsana. 24 Nahora o tshedile dingwaga di le 27, morago a tsala Terah. 25 Morago ga go tsala Tera , Nahora o tshedile dingwaga di le 119. Gape a tsala bana ba bangwe, basimane le basetsana. 26 Tera o tshedile dingwaga di le 70, morago a tsala Aborama, Nahora le Harane. 27 Jaanong ba e ne e le dikokomane tsa ga Tera. Tera o tsetse Aborama, Nahora le Harane mme Harane a tsala Lote. 28 Harane o setswe ha pele ga ga rragwe, kwa a tsholetsweng teng, kwa Ure wa Bakalediane. 29 Aborama le Nahora ba nyala. Leina la mosadi wa ga Aborama e ne e le Serai mme fa leina la mosadi wa ga Nahora e le Milika yo e ne e le morwadie Harane, rragwe Milika le Isaka. 30 Jaanong Serai e ne e le moopa, a sena ngwana. 31 Tera a tsaya ngwana wa gagwe wa mosimane ebong Aborama, Lote ngwana wa ngwana wa gagwe wa ga Harane le Serai ngwetsi ya gagwe yo e leng mosadi wa ga Aborama , ba fuduga mo Ure wa Bakalediane ba ya kwa lefatsheng la Kanana. Mme fa ba fitlha ko Harane ba thibelela teng. 32 Tera o tshedile dingwaga di le 205 a bo a swela teng.