Kgaolo 12

1 Modimo a bua le Aboram ware ''Tswaya mo lefatsheng la gaeno, le mo masieng a gago, le mo ntlung ya ga rrago o ye kwa lefatsheng le ke tla le go bontshang. 2 Ke tla go dira morafe o mogolo, ke tla go segofatsa, ke tla dira leina la gago legolo, mme o tla nna tshegofatso. 3 Ke tlaa segofatsa ba ba go segofatsang, mme ba ba go hutsang ke tla ba hutsa. Ka wena merafe yotlhe ya lefatshe e tla segofadiwa.'' 4 Jalo fa Aborama a tsamaya, jaaka Modimo a mo laetse go dira, mme Lote a tsamaya le ene. Aborama one a na le dingwaga di le masome a supa le botlhano ha a tswamo Harana. 5 Aborama a tsaya Sara, mosadi wa gagwe, Lote ngwana wa ga kgaitsadie, le dithoto tsotlhe tse ba di bapetseng, le malata otlhe a a neng a nna le one mo Harana. Ba tsamaya ba ya ko lefatsheng la Kanana. 6 Aborama a ralala lefatshe la Shekhema. Ka nako eo morafe wa Kanana o ne o nna gone mo felong leo la Morea. 7 Modimo a tla kwa go Aborama, a mo raya are ''lefashe le ke tla neela kokomane ya gago lefatshe le'' Aborama a agela Modimo yo o tsileng kwa go ene Aletara mo efelong leo. 8 Morago Aborama a ya go nna ko thabeng e e ko botlhabatsatsi jwa Bethele mme a aga tante teng, Bethele a le ka fa bophirima le Ai ale ka fa botlhabatsatsi. 9 Aborama a tswelela le loeto go ya kwa Negofa. 10 Ga nna leuba mo lefatsheng, mme Aborama a ya kwa Egepeto go ya go nna teng ka leuba le ne le le legolo thata. 11 Fa a tloga a tsena mo Egepeto a raya mosadi wa gagwe Sara are ''bona fa, kea itse gore o mosadi o montle thata. 12 Fa Baegepeto ba go bona ba tla re ''yo mosadi ke wa gagwe, mme ba tla mpolaya, mme wena ba tla go lesa o tshela. 13 O ba reye o re o kgaitsadiake, go re go tle go nne sentle kan nna ka lebaka la gago, le gore botshelo jwame bo babablesege ka lebaka la gago.'' 14 Ga diragala ya re Aborama a tsena mo Egepeto, Baegepeto ba lemoga fa Sara a le montle thata. 15 Bo morwadia Faro ba mmona, mme ba mo galaletsa ko go Faro, mme Sara a isiwa kwa ntlung ya ga Faroh. 16 Faro a tsaa Aborama sentle ka lebaka la gagwe, a mo neela dinku, le dipholo tse di lemang, ditonki tse di tonanyana, batlhanka ba borre le ba basadi, ditonki tse di namagadi le dikamela. 17 Modimo a otlhaya Faro le ba ntlo ya gagwe ka dipetso tse di kgolo ka lebaka la ga Sara, mosadi wa ga Aborama. 18 Faro a bitsa Aborama, a mo raya are "ke eng se, se o se ntirileng? Ke eng o ne o sa mpolelele gore Sara ke mosadi wa gago? 19 Ke ka goreng o rile ke kgaitsadio,' ka ba ka mo tsaya ka mo dira mosadi wame? Jaanong mosadi wa gago ke yo mo tseye o tsamaye ka ene." 20 Jalo Faro a neela banna ba gagwe ditaelo ka ene le mosadi wa gagwe, le dilo tsotlhe tse a nang le tsone, mme ba ntshetsa kwa ntle.