1 Jalo Aborama a emelela mo Egepeto a ya ko Negefe, a tsaya mosadi wa gagwe le tsotlhe tse aneng ana le tsone.Lote le ene a tsamaya le bone. 2 Jaanong Aborama one a humile leruo, selefera le gouta. 3 A tswelela ka loeto la gagwe go tswa ko Negefe go ya Bethele, ko lefelo le tante ya gagwe eneng ele teng pele, fa gare ga Bethele le Ai. 4 A ya ko lefelong le aneng a agile aletara teng pele. Gone foo a bitsa leina la Modimo. 5 Jalo Lote, yo o oneng a tsamaya le Aborama le ene one ana le leruo, letsomane le ditante. 6 Lefatshe lene le sa ba letle go aga go bapa ka gore bane ba na le dithoto tse dintsi botlhe, ka jalo gaseka ga kgonafala gore ba nne mmogo. 7 Gape, gone gona le tlhokakutlisisanyo fa gare ga badisa letsomane baga Aborame le ba ga Lote. Ka nako eo Bakanana le Baperisa bane ba nna mo lefatsheng leo. 8 Aborama a raya Lote a re, '' A go se nne ntwa fa gare game le wena, le fa gare ga badisa ba gago le bame ka re le lelwapa. 9 Lefatshe ke le le fa pele ga gago, tsaya tshwetso o kgaogane le nna. Fa o ya kafa molemeng ke tla aya kafa mojeng, kana fao ya kafa mojeng, ketla a ya kafa molemeng'' 10 Lote a leba mme a lemoga fa lebala lotlhe la Jorotane lena le metsi a mantsi, go goroga ko Soare jaaka tshimo ya Modimo Yaweh le lefatshe la Egepeto. Ene ele pele Modimo Yaweh a senyaka Sotoma le Gomora. 11 Jalo Lote a itlhophela lebala la Jorotane, a tsamaela botlhaba, masika a kgaogana. 12 Aborama a nna mo lefatsheng la Kanana mme Lote a nna mo ditoropong tsa lobala, a tlhoma ditante tsa gagwe go bapa le Sotoma. 13 Jaanong banna ba Sotoma bane ba leofela Modimo Yaweh thata. 14 Fa Lote a sena go tlogela Aborama , Modimo a raya Aborama a re, ''Mo lefelong le o emeng mo go lone , lebelela ko bokone, borwa, botlhaba le bophirima. 15 Mme lefatashe lotlhe le o le bonang ke tla a le go neela le kokomane ya gago go ya go ileng. 16 Ke tla dira kokomane ya gago gore e nne ntsi jaaka lerole la mmu mo eleng gore fa ele gore motho o kgona go bala lerole la mmu, o ka bala kokomane ya gago. 17 Emelela o tsamae bophara le boleele jwa lefatshe, ka gore ketla le go neela. 18 Jalo Aborama a tsaya tante ya gagwe a tsamaya a ya go nna ko ditlhareng tsa Mmamere tse di ko Heberone, mme teng koo a agela Modimo aletara.