Kgaolo 15

1 Morago ga dilo tse lefoko la Modimo Yawe la tla kwa go Aborama mo ponatshegelong, le re, '' o seka wa boifa Aborama! ke nna thebe ya gago le tuelo ya gago.'' 2 Aborama a re , '' Morena Yahweh, o tlaa mpha eng,ka ke tsweletse ke sena ngwana le moja boswa wa ntlo yame ke Eliesa wa Damaseko?'' 3 Aborama a re , ''ka ga o a mpha dikokomane, bona yo o tshotsweng mo ntlong yame o tla nna mojaboswa!'' 4 Jaanong bonang , lefoko la Modimo Yawe la tla kwa go ene le re, ''Monna yo ga e ka ke ya nna mojaboswa wa gago,mme ene yo o tswang mo mmeleng wa gago e tla nna ene mojaboswa ja gago.'' 5 Jalo a mo ntshetsa kwa ntle , a re, ''Lelala kwa legodimong mme o bale dinaledi , fa o ka kgona go di bala''. Jalo a mo raa a re, ''ke ka fa kokomane ya gago e tla nnang ka teng.'' 6 Aborama a dumela Modimo Yawe, jalo ene a go mmalela e le tshiamo. 7 A mo raya a re '' ke nna Modimo Yawe yo o go ntshitseng kwa Ure wa Bakalathea go go fa lefatshe le gore o le je boswa'' 8 A re Morena Yahweh, ke tla itse jang gore ke tla le ja boswa. 9 Jalo a mo raya a re, ''ntisetse kgomo ya moroba e e dingwaga tse 3, podi e e namagadi e e dingwaga tse 3 ,phelefu ya dingwaga tse 3, lephoi le leebana.'' 10 A tlisa dilo tse tsotlhe, a di kgaogana ka bogare , a baa bontlha bo bongwe go lebagana le bo bongwe, mme a seka a kgaoganya dinonyane. 11 Fa dinonyane tse di jang nama di fologela mo ditopong tseo, Aborahama a di koba. 12 Ya re letsatsi le phirima, Aborama a otsela a robala boroko jo bogolo, a khurumediwa ke lefifi le lentsho le le tshosang. 13 Jaanong Modimo Yawe a raya Aborama a re, ''itse se gore kokomane ya gago e tla nna baeng mo lefatsheng le eseng la bone, ba tla nna makgoba ba gatelelwa mo dingwageng di le 400. 14 Ke tla atlhola morafe o ba tla o direlang, morago ba tlaa tswa mo lefatsheng leo ka lehumo le lentsi. 15 Mme wena o robala le bo rrago ka kagiso, o tlaa bolokwa mo dingwageng tsa gago tsa botsofe. 16 Kokomane ya gago ya bone e tla a boela fano gape, ka gore maleo a Baamone ga ise a gole mo go kalo. 17 Yare letsatsi le sena go phirima go le lefifi ,bona, pitsa ee tukang ka kgabo ya molelo le lebone lele tukang tsa feta mo gare ga maphatlo. 18 Mo letsatsing leo Modimo Yawe a dira kgolagano le Aborame, a re,'' ke neela dikokomane tsa gago lefatshe le, go tswa mo nokeng ya Egepeto go ya kwa nokeng e kgolo ya Eupherathe e le lefatshe la 19 Bakeni, Bakenisi, Bakathemone, 20 Bahite, Baperesi, Barephari, 21 Baamoni, Bakanana, Bagirigase le Bajebusi.