Kgaolo 16

1 Jaanong Serai, mosadi wa ga Aborama , o ne a ise a mo tsholele bana, mme o ne a na le lelata la mosadi, wa moegepeto, yo leina la gagwe e neng e le Hagare. 2 Jalo Serai a raya Aborama a re '' bona, Modimo Yahweh o nthibetse go nna le bana. Ya o robalane le motlhanka wame, gongwe nka nna le bana ka ene''. Aborama a utlwa se Serai a neng a se bua . 3 Morago ga dingwaga di le lesome Aborama le lefatsheng la Kanana, Serai mosadi wa gagwe a tsaya Hagare, motlhankana wa gagwe wa moegepeto a mo neela Aborama go nna mosadi wa gagwe. 4 Jalo a robalana le Hagare, a ima mme fa a lemoga gore o imile, a lebelela mohumagadi wa gagwe ka lenyatso. 5 Ke fa Serai a raa Aborama a re ''ke dirile phoso ka lebaka la gago. Ke neetse lelata la mosadi mo sehubeng sa gago, mme ya re a lemoga gore o imile a ka nyadiwa mo mathong a gagwe. A modimo Yahweh e nne moatlhodi mo gare ga me le wena . 6 Mme Aborama a raya Serai a re, ''bona fa ,motlhankana wa gago wa mosadi o mo thateng ya gago, mo dire se o se bonang se go tshwanetse, mme ene a sia. 7 Moengele wa Modimo Yahweh a mo fitlhela fa motsweding wa metsi kwa sekgweng. Ke motswedi o o leng mo tseleng fa o ya Shure. 8 A re ''Hagari motlhanka wa ga Serai o tswa kae le gone o ya kae?'' Mme e ne a re ''ke tshabile mongame Serai''. 9 Moengele wa Modimo Yahweh a mo raya a re''boela ko mong wa gago, mme o ineele mo taolong ya gagwe.'' 10 Mme moengele wa Modimo Yahweh a mo raya a re ''ke tla ntsifatsa lesika la gago thata, ba ta nna bantsi mo ba ka sekeng ba balwe. 11 Moengele wa modimo Yahweh a mo raya gape a re ''Bona o moimana o tlaa tshola ngwana wa mosimane, jalo o tla mmitsa leina o re Ishimaele ,ka gore Modimo Yahweh o utule tlhokofatso ya gago. 12 O tlaa nna monna wa tonki ya naga. O tlaa nna kgatlhanong le monna mongwe ,le mongwe o tla nnang kgatlhanong le ene, o tlaa nna a ikgaogantse le barwa rragwe 13 Ke fa Hagai a neela Modimo Yahweh yo o neng a bua le ene leina a re ''O modimo o o mponang,'' a ba a ''A re ke tla tswelela ke bona le morago fa a sena go mpona?'' 14 Ka jalo sediba sa bidiwa Beer Lenai; se se magareng ga Kadesh le Bered. 15 Hagare a tsholela Aborama ngwana wa mosimane mme Aborama a bitsa ngwana wa gagwe wa mosimane yo a mo tsholetsweng ke Hagare a re Ishimaele. 16 Aborama o ne a na le dingwaga di le 86 fa Hagare a mo tsholela Ishemaele.