Kgaolo 5

1 Le, ke lekwalo la tshika ya ga Atame. Ka letsatsi le modimo o tlhodileng motho wa mo dira mo setshwanong sa gagwe. 2 A tlhola monna le mosadi.A ba segofatsa le go ba fa leina a re motho ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone. 3 Atame o tshedile dingwaga di le 130, a tshola ngwana wa mosimane mo tshwanong ya gagwe ka popego ya gagwe, a mo fa leina a re Sethe. 4 Morago ga Atamo a tshola Sethe ,o tshedile dingwaga di le 800 , a tshola bana ba bantsi ba basimane le basetsana . 5 Atame o tshidile dingwaga di le 930, mme a swa. 6 Sethe o tshedile dingwaga di le 105 , a tshola Enoshe. 7 Morago ga go tshola Enoshe ,o tshedile dingwaga di le 807, a tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana. 8 Sethe o tshedile dingwaga di le 912, mme a swa 9 Fa Enoshe a sena go tshela dingwaga di le 90, a tshola ngwana ebong Kenane. 10 Morago ga go tshola Kenane, Enoshe o tshedile dingwaga di le 815. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana 11 .Enoshe o tshidile dingwaga di le 905, mme swa 12 Morago ga gore Kenane a tshele dingwaga di le 70, a tshola Mahalalele. 13 Morago ga go tshola Mahalalele, Kenane o tshedile dingwaga dile 840. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana. 14 Kenane o tshedile dingwaga di le 910 , mme a swa 15 Morago ga Mahalalele a tshedile dingwaga di le 60, a tshola Jarete. 16 Morago ga go tshola Jarete, Mahalalele o tshedile dingwaga di le di le 830. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana. 17 Mahalalele o tshedile dingwaga di le 895, mme a swa. 18 Jarete o tshedile dingwaga di le 162, a tshola Enoke. 19 Fa Jarete a sena go tshola Enoke a tshela dingwaga di le 800. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana. 20 Jareta o tshedile dingwaga di le 962, mme a swa. 21 Enoke o tshedile dingwaga di le 65, a tshola Methusela. 22 Enoke a sepela le modimo dingwaga di le 300 morago ga go tshola Mesuthela. A tshola bana ba bantsi ba basimane le basetsana. 23 Enoke o tshedile dingwaga di le 365. 24 Enoke a sepela le modimo, mme a swa, ka gonne Modimo a mo tshotse. 25 Mesuthela o tshedile dingwaga di le 187, a tshola Lameke. 26 Mesuthela o tshedile dingwaga di le 782 a sena go tshola Lameke. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana. 27 Methusela o tshedile dingwaga di le 969 , mme a swa. 28 Lameke o tshedile dingwaga di le 182, a tshola ngwana wa mosimane. 29 A mo raya leina a re Noa, a re "Yo o tla re lapolosa mo tirong ya rona, le mo letsapeng le le botlhoko la tiro ya diatla tsa rona, e re tshwanetseng go e dira ka lebaka la lefatshe le Modimo o le hutsitseng. 30 Lameke o tshedile dingwaga di le 595, a sena go tshola Noa. A tshola bana ba bantsi ba basimane le basetsana. 31 Lameke o tshedile dingwaga di le 777, mme a swa. 32 Noa o tshedile dingwaga di le 500, a tshola Sheme, Hame le Japhethe.