Kgaolo 4

1 Monna o ne a robala le mosadi wa gagwe Efa. A ima mme a tshola Kaene. O ne a bua a re, ''ke tshotse ngwana ka thuso ya Modimo.'' 2 O ne a mo tsholela monnawe ebong Abele. Jaanong Abele o ne a nna morui, mme Kaene a nna molemi. 3 Ga diragala gore mo tsamaong ya nako Kaene a tlisa bontlha bongwe ja leungo la mmu e le moneelo ba wa ga Jehofa. 4 Abele le ene, a tlisa bontlha bongwe ja se di tsetsweng pele tsa leruo la mahura a tsone. Jehofa o ne a amogela Abele le moneelo wa gagwe. 5 Mme Kaene le moneelo wa gagwe a seke a o amogela. Jaanong Kaene a tala ka bogale mo a neng a mena sefatlhego. 6 Jehofa a raya Kaene, ''ke eng o tetse ka bogale le boitlhobogo? 7 Fa o dira se se siameng, o ka seke o amogelwe? Mme fa o ka seke o dire se se siameng, sebe se go emetse fa kgorong ebile se eletsa go go laola, mme wena o tshwanetse go se busa. 8 Kaene a bua le Abele morwarraagwe. Ganna nako ya gore fa ba ntse ba le mo tshimong, Kaene a kgomogela Abele monnawe mme a mmolaya. 9 Foo Jehofa a raya Kaene, ''Abele morwarraago o kae? A araba a re, ''ga ke itse. A nna ke motlhokomedi wa ga nnake?'' 10 Jehova a re, ''o dirile eng? Ke utlwa selelo sa madi a ga monnao go tswa mo lefatsheng. 11 ''Jaanong o hutsitswe go tswa lefatsheng, le le buletseng molomo madi aga monnao go amogela mo diatleng tsa gago. 12 Fa o lema mo lefatsheng, go simolola gompieno ga le kitla le ungwa go ya ka nonofo ya lone. Mokgarakgatsegi le motshwenyegi ke se o tla nnang sone mo lefatsheng. 13 Kaene a raya Jehova a re, ''katlholo yame e kgolo go na le go ka e emela. 14 Ka boammaruri, o nkobile mo lefatsheng, gompieno, gape ke tlaa bo ke fitlhegile mo sefatlhegong sa gago. Ke mokgarakgatsegi le motshwenyegi mo lefatsheng, le mongwe le mongwe yo o mponang o tla mpolaya. 15 Jehova a mo raya a re, ''fa mongwe a ka bolaya Kaene, o tla neelwa kotlhao ga supa go menagane.'' Foo Jehova a baya letshwao mo go Kaene gore go seka ga nna le ope yo o kareng a mmona a mo tlhabantse. 16 Jaanong Kaene a tswa mo bolengteng ja ga Jehofa a ya gonna kwa lefatsheng la Note, kwa botlhabatsatsi ja Etene. 17 Kaene a robala le mosadi wa gagwe, a bo a tshola Enoko. A aga toropo a e bitsa ka leina la ngwana wa gagwe Enoko. 18 Enoko a tshola Irad. Irad a tshola Mehujael. Mehujael a tshola Methushael. Methushael a tshola Lamech. 19 Lamech a nyala basadi ba babedi. Leina la yo mongwe e ne e le Adah, mme la yo mongwe e ne e le Zillah. 20 Adaha a tshola Jabala. Ene e le rraagwe ba ba neng ba nna mo tanteng ele barui. 21 Monnawe wa mosimane e ne e le Jubale, ene e le rragwe ba ba neng ba tshameka harepa le phala. 22 Zillah ene one a tshola Tuba Kaene ,modiri wa di dirisiwa tsa Boronse le tshipi. Kgaitsadie Tubala Kaene e ne ele Namaha. 23 Lameke a raya basadi wa gagwe a re, "Adah le Zilla, reetsang lentswe lame; lona basadi ba ga Lameke, reetsang se ke se buang. Ka gore ke bolaile monna yo o neng a ntlhabile, monna yo mongwe yo o neng a nkgolafaditse. 24 Fa Kaene a buseleditswe ga supa, Lameke a boselediwa masome a supa le bosupa" . 25 Adamo a robala le mosadi wa gagwe gape mme a tshola mosimane yo mongwe . A mmitsa leina a re Setha a raya gore, "Modimo o mphile mosimane yo mongwe mo boemong jwa ga Abele, ka gore Kaene one a mmolaile". 26 Setha a tsholelwa ngwana wa mosimane a mmitsa Enoko. Ka nako eo batho ba simolola go bitsa leina la Yawe.