1 Aborahama a nyala ,mosadi yo mongwe; leina la gagwe e ne le Ketura. 2 A mo tsholela Simerane, Jokoshane, Medane, Midiane, Ishibake le Shua. 3 Jokoshane a tsala Sheba le Titane.Dikokomane tsa ga Titane e ne e le batho ba Asiria, Letushime le Leumeme. 4 Barwa Midiane e ne e le Ifa, Efere, Hanoke, Abita le Elataa. Ba botlhe ya bo ele dikokomane tsa ga Ketura. 5 Aborahama a abela Isake sengwe le sengwe se a neng a na le sone. 6 Le fa go ntse jalo e rile a santse a tshela a abela bo morwae ba basadi ba ba botlana dimpho ,mme a ba romela kwa botlhabatsatsi, kgakala le Isake, ngwana wa gagwe wa mosimane 7 Aborahama o tshedile dingwaga di le 175. 8 Aborahama o ne a hema la bofelo , mme a swa a le mo dingwageng tsa bogodi, e le monnamogolo, a tshedile lobaka, mme a isiwa ko ga gabo. 9 Bana ba gagwe Isake le Ishimaele ba ne na mo bolokela mo legageng la Makapela, mo tshimong ya ga Eferone morwa Sohare wa mohiti, go bapa le Mamare. 10 Tshimo e Aborahama a ne a e rekile mo baneng ba ga Hethe. Aborahame o ne a bolokelwa teng le Sara mosadi wa gagwe. 11 Morago ga loso la ga Aborahama Modimo o ne a segofatsa Isake morwae , mme Isake a aga gaufi le Beerelahairoi. 12 Ba e ne ele Dikokomane tsa ga Ishimaele,morwa Aborahama yo a mo tsetseng le Hagare motlhanka wa ga Sara. 13 A ke maina a bana ba ga Ishimaele , go latelana ka go tsalwa ga bone. Nebaiothe-ngwana wa ntlha wa ga Ishimaele , Ketare, Atabaeele, Mibisame, 14 Mishima, Tumaha, Masa, 15 Hatati , Tema ,Jeture, Nafishi le ketema. 16 Ba ke bana ba ga Ishimaele ba basimane mme a ke maina a bone go ya metse ya dikgotla tsa bone. 17 Tse ke dingwaga tsa botshelo jwa ga Ishimaele, 137. A hema la bofelo mme a swa, a isiwa kwa go ba ga bone. 18 Ba ne ba agile mo Hafila go tsena ko Ashure, go bapa le Egepeto , fa o tsamaela ko Asiria.Ba ne ba tshela ka go kubetsanya le ba bangwe. 19 Tse e ne e le ditiragalo ka ga Isake , morwa Aborahama. Aborahama e ne e le rragwe Isake 20 .Isake o ne a le dingwaga di le 40 fa a nyala Rebeka,ngwana wa ga Bethuele wa mosetsana , wa mo Aramena wa Patane Arama , kgaitsadie Labane wa mo Aramena. 21 Isake o ne a rapela modimo a rapelela mosadi wa gagwe ka o ne a sena ngwana, modimo a araba thapelo ya gagwe, mme Rebeka mosadi wa gagwe a ima. 22 Bana ba ne ba ragana mo go ene mme a re , ''Ke eng ke diragalelwa ke selo se ?'' mme a ya go botsa Modimo ka selo se. 23 Modimo a mo raya a re , ''Ditshaba tse pedi di mo sebopelong sa gago, le mefare e mebedi e tla tswa mo go wena. Morafe o mongwe o ta feta ya o mongwe ka thata, mme yo motona o tla direla yo monnye.'' 24 Mme ya re nako ya gagwe ya go belega e goroga , ga bo go le mawelana mo sebopelong sa gagwe. 25 Ngwana wa ntlha a tswa a le mohibidu gongwe le gongwe jaaka seaparo se se boboa. Ba mo raya leina ba re Esau. 26 Morago ga moo monnawe a tswa . Seatla sa gagwe se ne se tshwere serethe sa ga Esau.A bidiwa Jakobe.Isake o ne a le dingwaga di le 60 fa mosadi wa gagwe a ne a ba tshola. 27 Basimane ba gola, mme Esau ya nna motsomi wa tlhwatlhwa, monna wa naga; Mme Jakobe ene yabo e le monna yo o didimetseng , yo o neng a tsaya nako e ntsi mo lapeng . 28 Ka jalo Isake o ne a rata Esau ka o ne a ja diphologolo tse a di tsomileng, fa Rebeke ene a rata Jakobe. 29 Jakobe o ne a apeile dinawa. Esau a goroga a tswa nageng a tla a tlhaeditswe ke tlala. 30 Esau a raya Jakobe a re , ''Ke a kopa , ntsenyetsa dinawa tse di khibidu tseo, ke thaetse !'' ke sone se leina la gagwe e ne e le Etoma. 31 Jakobe a mo fetola a re ,''Nthekisetsa tshwanelo ya gago ya matsalo pele.'' 32 Esau a araba a re , ''Bona, ke gaufi le go swa. Mosola wa tshwanelo ya matsalo ke eng mo go nna?'' 33 Jakobe a re '' Ikane pele,'' Jalo Esau a ikana mme ka tsela eo a rekisetsa Jakobe tshwanelo ya matsalo. 34 Jakobe a tsenyetsa Esau borotho le kgodu ya dinawa . Esau a ja le go nwa, mme a ema a tsamaya . Ke ka fa Esau a nyaditseng tshwanelo ya gagwe ka teng.