Kgaolo 23

1 Sara o ne a tshedile dingwaga di le 127.Tse ene e le dingwaga tsa botshela jwa ga Sara. 2 Sara o swetse kwa Kiriathe Araba , ke gore Heborone, mo lefatsheng la Kanana. Aborahama a hutsafalela a bo a lelela Sara. 3 Foo Aborahama a nanoga a tswa fa mosading wa gagwe yo o suleng, mme a bua le barwa Hethe, a re, 4 ''Ke motswakwa fa gare ga lona. Tsweetswee neeleng lefatshe go le dirisa go boloka fa gare ga lona, gore ke boloke baswi bame.'' 5 Barwa Hethe ba araba Aborahama ba re, '' 6 Re reetse mong wame, o kgosana ya modimo fa gare ga rona. Boloka baswi ba gago mo mabitleng a rona a a gaisang.Ga gona ope wa rona yo o tla go timang lebitla la gagwe, gore o boloke baswe ba gagwe.'' 7 Aborahama a ema a bo a ikobela batho ba lefatshe, barwa Hethe. 8 A bua le bone a re ,'' Fa le dumela gre ke boloke baswi ba me , foo nkutlweng mme le pueleleng le Eferone morwa Sohare. 9 Mo kopeng gore a nthekisetse legaga la Makepela, le e leng la gagwe, le le leng kwa bofelong jwa tshimo ya gagwe. A a e nthekisetse ka tlhwatlhwa ee tletseng fa gare ga batho go nna lefatshe le ke bolokelang mo go lone.'' 10 Jaanong Eforone o ne a ntse fa gare ga barwa Hethe,mme Eforone wa mohiti a araba Aborahama a utlwiwa ke barwa Hethe, gareng ga botlhe ba ba neng ba tsene mo teng ga dikgoro tsa toropokgolo ya gagabo, a re , 11 ''Nyaa, mong wame, nkutlwe. Ke go neela tshimo , le legaga le le leng mo go yone. Ke go e neela mo boleng teng jwa barwa ba batho ba me. Ke e go neela gore o boloke baswi ba gago.'' 12 Foo Aborahama a khubamela kwa tlase fa pele ga batho ba lefatshe. 13 A bua le Eferone a utlwiwa ke batho ba lefatshe , a re, '' Mme fa o rata, tweetswee nkutlwe. Ke tla duela tshimo. Tsaya madi mo go nna, mme ke tla boloka baswi ba me teng.'' 14 Eferone a araba Abrorahama a re, '' 15 Tsweetswee mong wame, ntheetse. Lefatshe la tlhwatlhwa ya dishekele tsa selefera di le makgolo a mane, seo ke eng gare ga me le wena? Boloka baswi ba gago.'' 16 Aborahama a reetsa Eferone mme a kalela Eferone selekanyo sa selefera se a se buileng a utlwiwa ke barwa Hethe, dishekele tsa selefera di le makgolo a mane , go ya ka selekhanyo sa tlwaelo sa barekisi. 17 Jaanong tshimo ya ga Eferone e e neng e le kwa Makapela, e e neng e bapile le Mamore, ke gore ,tshimo, legaga le le neng le le mo go yone le ditlhare tsotlhe tse di neng di le mo tshimong le go dikologa molelwane wa yone, tsa fetela 18 kwa go Aborahama ka theko mo boleng teng jwa barwa Hethe, fa pele ga botlhe ba ba neng ba tsena mo dikgorong tsa toropokgolo ya gagabo. 19 Morago ga se, Aborahama a boloka Sara mosadi wa gagwe mo legageng la tshimo ya Makapela, e e bapileng le Mamore, ke gore, Heberone, mo lefatsheng la Kanana. 20 Jalo tshimo le legaga le le mo go yone tsa fetela kwa go Aborahama go tswa barwa Hethe go nna lefatshe le a bolokelang mo go lone.