1 Morago ga dilo tse Modimo a leka Aborahama. A mo raya a re, ''Aborahama!" Aborahama a re, "Ke fano." 2 Foo Modimo a re, "Tsaya morwao yo mongwe fela yo o mo ratang, Isaka, mme o ye kwa lefatsheng la Moria. O mo ntshe e le setlhabelo se se besitsweng mo nngweng ya dithaba koo, e ke tla go bolelelang ka ga yone. 3 Jalo Aborahama a tsoga phakela thata mo mosong, a belesa tonki ya gagwe, a tsaya makawana a gagwe a mabedi., morwae ebong Isaka. A tlatsa dikgong tsa setlhabelo se se besitsweng, foo a simolola mosepele wa gagwe, go ya ko lefelong le Modimo a le mmoleletseng. 4 Mo letsatsing la boraro Aborahama a lebelela kwa godimo mme a bona lefelo kgakalanyana. 5 Aborahama a raya makawana a gagwe a re, ''salang fa le tonki, nna le mosimane e tlaa ya fale. Re tlaa obamela re bo re boela gape kwa go lona.'' 6 Foo Aborahama a tsaya dikgong tsa setlhabelo se se besitsweng a di rwesa Isaka morwawe. A tsaya molelo le thipana mp letsogong la gagwe; ba tsamaya botlhe ga mmogo. 7 Isaka a bua le Aborahama rraagwe a re, ''Ntate,'' a bo are ''ke fano, morwaake.'' A re ''Bona fano go na le molelo le dikgong, mme jaanong kwana ya setlhabelo e kae?'' 8 Aborahama a re, ''Modimo ka sebele ke ene a tla neelang kwana ya setlhabelo se se besiwang, morwaaka.'' Botlhe ba tsamaya mmogo. 9 Fa ba goroga kwa lefelong le Modimo a mmoleletseng ka lone, Aborahama a aga aletara gone foo mme a ala dikgong mo go yone. Foo a bofa morwae Isaka, a mmaya mo aletareng, fa godimo ga dikgong. 10 Aborahama a thapololela letsogo la gagwe a tsaya thipa go bolaya morwae. 11 Foo moengele wa Modimo a le kwa legodimong a re, ''Aborahama, Aborahama!'' a re, ''ke fano'' 12 A re, ''O seka wa dira mosimane yo sepe kana wa mo utlwisa botlhoko ka gope, go nne jaanong ke a itse gore o boifa Modimo, ka gore ga oa ka wa gana ka morwao yo ebileng eleng morwao a le nosi. 13 Aborahama a lebelela kwa godimo , bonang, kwa morago ga gagwe ga bo go le phelefu e e neng e tshwerwe ke ditlhare mo dinakeng. Aborahama a tswa a ya go tsaya phelefu , a e neela e le setlhabelo se se besitsweng mo boemong jwa morwae. 14 Jalo Aborahama a bitsa lefelo leo,'' Modimo o tla neela ''Ga buega jalo go fitlhela letsatsi le, Mo thabeng ya Modimo Yahweh go tla nna le neo.'' 15 Moengele wa ga modimo Yahweh a bitsa Aborahama gape labobedi go tswa kwa legodimong. A re 16 -A ke mafoko a Modimo Yahweh , ''ke ikanne ka bo nna gore o dirile selo se , ga wa gana ka morwao , ebile e le morwao a le mongwefela. 17 Ke tla go segofatsa e le ruri ebile ke tla ntsifatsa dikokomane tsa gago jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka motlhaba o o fa tlhoko ga lewatle ; gape ebile dikokomane tsa gago di tla fenya baba ba tsone. 18 Ka bana ba gago ,merafe yotlhe e tla segofadiwa, ka gore o ikobetse lentswe la me . 19 Jalo Aborahama a boela kwa makawaneng a gagwe, ba tsamaya botlhe kwa Bosheba, a nna teng. 20 Morago ga dilo tseo, Aborahamao ne a bolelelwa. ''Malika o tsotse bana le morwa rraago Nahore . '' 21 E ne e le Uzi ngwana wa gagwe ntlha, Basi morwa rraagwe, Kemuel rragwe Arama. 22 Kesedi, Hasao, Pilidashe, Jedilapo le Bethuele. 23 Bethuele a nna rraagwe Rebeka. Ba e ne e le bana ba Malika a ba tsholetseng Nohare ka bo 8, morwa raagwe Aborahama. 24 Mosadi wa gagwe wa bobedi , yo leina la gagwe e neng e le Reuma, yo gape a tshotseng Tebafo, Gafame, Tefase le Makafa.