Kgaolo 27

1 E rile Isaka a tsofetse, matlho a gagwe a sa bone sentle, a bitsa morwae yo motona e bong Esau, a mo raya a re, ''morwaaka''!. 2 Esau a mo raya are, ''ke fano,'' Isaka a re ,'' Bona fa, ke tsofetse . Jalo ga ke itse letsatsi le tla swang ka lone. 3 Jalo he! tsaya dibetsa tsa gago , kgetsana ya metswi le bora o tsamaele kwa nageng o ye go ntsomela phologolo. 4 Jalo, o ntirele dijo tse di monate , mofuta wa tse ke di ratang, o bo o di ntisetsa gore ke je, morago ke bo ke go segofatsa pele fa ke swa. 5 Jalo , Rebeka a bo a utlwile Isaka jaaka a ne a bua le morwa wa gagwe Esau. Esau o ne a tsamaya , a ya kwa nageng , go ya go tsoma phologolo a bo a e tsisa. 6 Rebeka a bua le Jakobe morwa wa gagwe a re, '' Bona fa , ke utlwile rraago a bua le Esau morwa rrago. A re,'' 7 Tsisa phologolo o bo o ntisetsa dijo tse di monate, gore ke di je e be ke go segofatsa mo bolengteng ja Modimo, pele ke swa.'' 8 Ka jalo. morwaake , reetsa kgalokolo ya lentswe la me, e ke e go laolelang. 9 Tsamaya o ye kwa letsomaneng o tlise dipotsane tse 2, jalo ke tla dira dijo tse di monate ka tsone ke direle rrago , fela jaaka a di rata. 10 O tla tsaya o di isa kwa go rre rrago , gore a di je a bo a go segofatsa pele a swa.'' 11 Jakoba a ra ya Rebeka ,mmaagwe are ,'' Bona, Esau nkgonne ke monna yo o bobowa, nna ke monna yo o borethe . 12 E se re gongwe a ntshwara ntshwara , mme ke nne motsietsi mo go ene. Jalo ke tlaa tsisa phutso mo botselong jwame eseng tshegofatso.'' 13 Maagwe a mo raya a re , ''Morwaake , a phutso nngwe le nngwe e boele kwa go nna. Jalo diragatsa kgakololo ya lentswe lame , tswa o ye go di tshwara o di ntsisetse .'' 14 Jalo Jakoba a tsamaya a ya go tsaya dipotsane a di tsisa kwa go ene, maagwe a apaya dijo tse di monate, jaaka tse rraagwe a di ratang. 15 Rebeka a tsaya diaparo tse di gaisang tsa ga Esau ,morwae yo o motona, tse di neng di le mo ntlong ya gagwe, a di apesa Jakoba , morwae o o monnye. 16 Maagwe a tsaya matlalo a dipotsane a apesa matsogo a ga Jakoba le kwa karolong e e borethe ya molala wa gagwe. 17 Jalo a tsaya dijo tse di monate le borotho tse a neng a di apeile , a di neela morwae Jakoba. 18 Jakobe a ya kwa go raagwe a mo raya a re ;''Ntate.'' Rraagwe a re, ''ke fano ;morwaake o mang ?'' 19 Jakobe a bua a re, ''Ke Esau morwao yo o motona. Ke dirile ka fa o mpoleletseng ka teng. Jalo ipaakanye o je dijo, gore o tle o ntshegofatse.'' 20 Isaka a raya morwae a re, ''Go tsile jang gore o bone phologolo ka bofefo morwaake?'' A bua a re, ''ke ka gore Morena Modimo wa gago o e nneetse''. 21 Jalo Isaka a raya Jakoba a re, ''Atamela fa go nna morwaake ke tle ke go tshware tshware gore ke lemoge fa ka boammaruri o le morwaake Esau kana nnyaa.'' 22 Jakoba a ya kwa go Isaka rraagwe, jalo a mo tshwara tshwara a bo a re, ''lentswe ke la ga Jakoba mme matsogo ke a ga Esau.'' 23 Jalo Isaka o ne a sa lemoge Jakoba, ka go bo matsogo a gagwe a ne a le mabowa jaaka a ga mogolowe Esau, jalo Isaka a segofatsa Jakoba. 24 A mo raya a re, ''A mme o morwaake Esau?'' A mo fetola a re, ''ke nna''. 25 Isaka a mo raya a re, ''Tsisa dijo kwa go nna ke je, ke bo ke go segofatsa.'' Jakoba a tsisa dijo kwa go ene. Jalo Isaka a ja, Jakoba a mo tsisetsa mofine a nwa. 26 Jalo Isaka rraagwe a mo raya a re, ''Atamela o nkatle morwaake. 27 Jakoba a atamela gaufi le ene, a mo atla, a utlwa monko wa ga Esau mo diaparong, jalo a mo segofatsa. A re, ''Bona, monko wa morwaake o tshwana le tshimo e e segofaditsweng ke Modimo. 28 A Modimo a go fe karolo ya monyo wa legodimo, karolo ya mafura a lefatshe, le mabele a mantsi le mofine o mosha. 29 ''A batho ba go direle le merafe e go tlotle. O nne mong wa barwaraago, a barwa mmaago ba go tlotle. A mongwe le mongwe yo o go futsang a futsege; a mongwe le mongwe yo o go segofatsang a segofadiwe. 30 Fela jaaka Isaka a fetsa go segofatsa Jakoba, le Jakoba a sena go tswa fa go Isaka rraagwe, Esau morwa rraagwe a goroga a tswa go tsoma. 31 A apaya dijo tse di monate tse di a di laoletsweng ke rraagwe Isake. A raya rraagwe a re, ''ntate tsoga o je dijo tsa morwao, o bo o ntshegofatsa.'' 32 Isaka rraagwe a re, ''O mang?'' Jalo a re, ''Ke morwao wa ntlha, Esau.'' 33 Jalo Isaka rraagwe a roroma, a bo a re, ''Fa e le gore ke wena, ke mang yo o tsomileng phologolo ka bofefo, a bo a e tsisa kwa go nna? Ebile ke jele dijo pele o goroga, ke mo segofaditse. Ka boammaaruri, o tlaa segofala. 34 Erile Esau a utlwa mafoko a ga rraagwe, o ne a lela selelo se se botlhoko kwa godimo, a raya rraagwe a re, ''ntshegofatse le nna'' 35 Isaka a re, ''monnao o tsile ka tsietso a bo a tsaya tshegofatso ya gago.'' 36 Esau a re, ''A ga a bidiwa leina sentle gotwe Jakoba? Ka go bo a ntsieditse ga bedi. A tsaya tshwanelo ya botsalo; bona, gompieno o tsere tshegofatso yame.'' 37 Isaka a fetola a re, ''A ga wa ntshadisetsa tshegofatso yame?'' Isaka a fetola Esau a re, ''Leba, ke mo dirile morena wa gago, ke mo neetse barwarraagwe go nna batlhanka ba gagwe, ke bo ke mo neela mabele le mofine o mosha. Mme morwaake nka go direlang go feta fa? 38 Esau a raya rraagwe a re, ''Rra, a ga o na le tshegofatso e le nngwe fela? ''Rra ntshegofatse lenna'' Jalo Esau a lela selelo se se kwa godimo. 39 Rraagwe Isakaa araba a re, ''Bona, lefelo le o nnang kwa go lone le tlaa katologana le dikhumo tsa monyo wa legodimo. 40 O tlaa tshela ka tshaka ya gago, o tlaa direla bo monnao. Mme fela fa o mo tsoulola, o tlaa tshikinya jokwe ya gagwe go e ntsha mo molaleng wa gago.'' 41 Jalo Esau o ila Jakoba ka ntlha ya tshegofatso e rraagwe a e mo abetseng. Esau a bua mo pelong a re, ''Malatsi a go lelela ntate a gaufi; foo ke tlaa bolaya Jakoba nnake.'' 42 Mafoko a morwao yo motona Esau a bolelelwa Rebeka. Jalo a tsamaya, a bitsa morwae o monnye Jakoba a mo raya, ''Bona, mogoloo Esau o ikgomotsa ka ga gago, o ikaelela go go bolaya. 43 Ke gone morwaaka, utlwa lentswe lame, o tshabele kwa go Labane, kgaitsadiake kwa Harane. 44 Jalo nna le ene lobakanyana, 45 go fitlhela go tenega ga ga mogoloo go feta, go tenega ga ga mogoloo go tswa mo go ene, a bo a lebale se o se mo dirileng. Foo ke tlaa romela molaetsa wa gore o bowe koo. Ke ka goreng ke tshwanetse go latlhegelwa ke batho ba babedi ka letsatsi le lengwe?'' 46 Rebeka a raya Isaka a re, ''Ke lapisitswe ke botshelo ka ntlha ya barwadie ba ga Hethe. Fa Jakoba a ka nyala mongwe wa barwadie Hethe e le mosadi wa gagwe, ba ba tshwanang le mosadi yo, bangwe ba barwadie ba ba mo lefatsheng, botshelo jwame bo ka nna molemo jang?''