1 Jaana Moshe a bo a santse a disa letsomane la ga Jethero mogwagwadiagwe, moperesiti wa Mediane. Moshe a isa letsomane kwa nageng e e kgakajana mme a goroga kwa Horeba, thaba ya Modimo. 2 Gone koo moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go ene a le mo kgabung ya molelo e le mo setlhareng. Moshe a leba, mme bonang, setlhare se bo se tuka, mme setlhare se bo se sashe. 3 Moshe a ithaya a re, Ke tlaa fapoga mme ke bone selo se se gakgamatsang se, gore ke eng setlhare se sashe.'' 4 Mme ya re Jehofa a bona a fapogile goya go bona, Modimo a mmitsa a le mo setlhareng a re, Moshe, Moshe.'' Moshe a re, ''Ke fano.'' 5 Modimo a re, '' O seka wa atamela thata kwano! Rola ditlhako mo dinaong tsa gago, ka gore lefelo le o emeng mo go ke lefelo le ke le tlhaoletsweng.'' 6 A tswelela a re, ''Ke nna Modimo wa ga rrago, Modimo wa ga Aborahama, Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe.'' Jalo Moshe a ithiba sefatlhogo, ka gobo a ne a boifa go lebagana le Modimo. 7 Jehofa a re, ''Ruri ke bonye matshwenyego a batho bame ba ba kwa Egepeto. Ke utlwile go goa ga bone ka lebaka la bagateledi ba bone, ka gore ke itse ka pogisego tsa bone. 8 Ke fologetse tlase go tla go ba golola mo maatleng a Baegepeto' le go ba ntsha mo lefatsheng leo go ba isa kwa lefatsheng le le molemo, le legolo, go ba isa kwa lefatsheng le le elang mashi le dinotshe; kwa kgaolong ya Bakanana, Bahite, Baamora, Baperise, Bahifi, le Bajebusi. 9 Jaanong go goa ga bana ba Iseraele di tsile kwa go nna. Mo godimo ga moo, Ke bonye kgatelelo e e dirilweng ke Baegepeto. 10 Mme jaanong, Ke tlaa go romela kwa go Farwe gore o tle o tlise batho bame, BaIseraele, go tswa mo Egepeto.'' 11 12 Mme Moshe a raya Modimo a re, ''Kmang nna, ke ka yang kwa go Farwe keya go ntsha bana ba Iseraele kwa Egepeto?'' Modimo a mo fetola a re, '' e le ruri ke tlaabo kena le wena.