KGAOLO 8

1 Jehofa a bua le Moshe a re, ''Tsamaya kwa go Faro, o mo reye o re; 'Jehofa o bua jaana a re; ''Lesa batho bame ba tsamaye gore batle ba nkobamele. 2 Fa o gana go ba lesa ba tsamaya, ke tlaa itaya lefatshe lotlhe la gago ka digogwane. 3 Noka e tlaa tlala ka digogwane. Di tlaa tswa di ya go tsena mo ntlong ya gago, mo ntlwaneng ya gago ya borobalo, le mo bolaong ba gago. Di tlaa tsena mo bathong ba gago, mo maapeelong a gago, le mo dijaneng tsa gago. 4 Digogwane di tlaa go tlhasela, batho ba gago, le batlhanka ba gago botlhe.'''' 5 Jehofa a raya Moshe a re, "Raya Arone o re, 'Tsholeletsa lebogo la gago le thobane mo godimo ga dinoka, metswedi, le megobe, o ntshetse digogwane mo lefatsheng la Egepeto."" 6 Arone a tsholeletsa metsi a Egepeto letsogo la gagwe, mme digogwane tsatswa tsa apesa lefatshe la Egepeto. 7 Mme dingaka le tsone tsa dira jalo ka maselamose a bone: ba ntshetsa digogwane mo lefatsheng lefatsheng la Egepeto. 8 Jalo Farwe a ikuela kwa go Moshe le Arone a re, "Rapelang Modimo gore a ntshe digogwane mo go nna le batho bame. Ke gone ke tlaa lesang batho ba tsamaya, gore batle ba mo obamele." 9 Moshe a raya Farwe a re, "Ke wena o ka nnang le taolo ya go mpolelela gore ke rapelele wena, batlhanka ba gago, le batho ba gago, gore digogwane di tle di ntshiwe mo go lona le mo matlong a lona mme di nne fela mo nokeng." 10 Farwe a re, "Kamoso." Moshe a re, "A go nne jaaka o bua, gore o tle o itse fa go sena ope yoo tshwanang le Jehofa, Modimo wa rona. 11 Digogwane di tlaa tswa mo go wena, mo matlong a lona, mo batlhankeng ba gago, le mo bathong ba gago. Di tlaa nna fela mo nokeng." 12 Moshe le Arone ba tlogela Farwe. Jalo Moshe a kuela kwa go Jehofa ka digogwane tse a di rometseng mo go Farwe. 13 Jehofa a dira se Moshe a kopileng: digogwane tsa swela mo matlong, mo malwapeng, le mo masimong. 14 Batho ba di phutha tsa nna mekoa, mme lefatshe la nkga. 15 Mme ya re Farwe a bona fa ba gololesegile, a thatafatsa pelo ya gagwe a seka a reetsa Moshe le Arone, fela jaaka Jehofa a ne a buile gore o tlaa dira. 16 Jehofa a raya Moshe a re, "Raya Arone o re, "Tsholetsa letsogo la gago le thobane o iteye fa fatshe, gore lerole le fetoge dinta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto."" 17 Ba dira jalo: Arone a ntsha letsogo la gagwe le thobane. A itaya lerole fa fatshe. Dinta tsa tla mo bathong le mo diphologolong. Lerole lotlhe mo lefatsheng la fetoga dinta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. 18 Ba maselamose ba leka ka maselamose a bone go dira dinta, ba palelwa. Dinta di ne di le mo bathong le mo diphologolong. 19 Ba maselamose ba raya Farwe ba re, "Mo ke monwana wa Modimo." Mme pelo ya ga Farwe ya bo e thatafetse, a gana go ba reetsa. Gone go ntse jaaka fa Jehofa a ne a rile Farwe o tlaa dira. 20 21 Jehofa a raya Moshe a re, ''Tsoga go santse go le phakela o ye kwa go Farwe jaaka a tlaabo a ya kwa nokeng. O mo reye o re, 'Jehofa o bua jaana: ''Tlogela batho bame ba tsamae ba tle ba nkobamele. 21 Mme fa o sa tlogele batho bame ba tsamaya, ke tlaa romela motshitshi wa dintsi mo go wena, mo batlhankeng ba gago, le mo bathong ba gago, le mo matlong a lona. Matlo a Baegepeto a tlaa tlala ka metshitshi ya dintsi, le mafelo a ba nnang mo go one a tlaa tlala ka dintsi. 22 Mme e tlaare mo letsatsing leo ke tlaa direla lefatshe la Goshene ka go sele, lefatshe le batho bame ba nnang mo go lone, gore go seka ga nna le metshitshi epe ya dintsi teng. Se se tlaa diragala gore o tle o itse fa ke le Modimo yoo mo gare ga lefatshe le. 23 Ke tlaa dira pharologanyo fa gare ga batho ba gago le batho bame. Sesupo se se tlaa diragala kamoso.'''' 24 Jehofa a dira jalo, ga tla metshitshi e metona ya dintsi mo ntlong ya ga Farwe le mo matlong a batlhanka ba gagwe. Lefatshe lotlhe la Egepeto la senyega ka lebaka la metshitshi ya dintsi. 25 Farwe a bitsa Moshe le Arone a ba raya a re, Tsamayang, lo obamele Modimo wa lona mo lefatsheng la rona.'' 26 Moshe a re, ''Ga go a re siamela go dira jalo, ka gore kobamelo e re e direlang Jehofa Modimo wa rona ke selo se se boifisang mo Baegepetong. Fa re dira sengwe se se boifisang fa pele ga matlho a bone, ga ba nke ba re kgobotletse? 27 Nyaa, ke loeto la malatsi a mararo fela a re tshwanetseng go a tsaya mo nageng, gore retle re obamele Jehofa Modimo wa rona, jaaka a batla.'' 28 Farwe a re, ''Ke tlaa lo letlelela go ya go obamela Jehofa Modimo wa lona mo nageng. Fela le seka la tsamaela kwa kgakala. Gape lo nthapelele.'' 29 Moshe a re, ''Fela jaaka ke tlaabo ketswa fa go wena, ke tlaa rapela Jehofa gore metshitshi ya dintsi e tswe mo go wena, Farwe, le mo batlhankeng ba gago le batho kamoso. Mme o seka wa tlhola o tsietsa ka go tlhoka go letlelela batho ba rona go tswa baya go obamela Jehofa.'' 30 Moshe a tsamaya a tswa mo go Farwe a rapela Jehofa. 31 Jehofa a dira jaaka Moshe a kopile: a ntshaa metshitshi ya dintsi mo go Farwe, mo batlhankeng ba gagwe,le mo bathong ba gagwe. Ga go aka ga tlogelwa ope. 32 Mme Farwe a boa a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a seka a lesa batho gore ba tsamae.