Kgaolo 2

1 Jaana monna mongwe wa morafe wa Lefi a nyala mosadi wa Molefi. 2 Mosadi a ithwala a tshola ngwana wa mosimane. Fa a bona gore ngwana o itekanetse, a mo fitlha ka dikgwedi tse tharo. 3 Mme e rile a palelwa ke go tlhola a mo fitlhile, a tsaya tlatlana a e thiba ka mmopa le bonga. A tsenya ngwana mo teng mme a e baya fa gare ga lotlhaka mo metsing mo lotshitshing lwa noka. 4 Kgaitsadie a bo a emetse kgakajana go bona se se tlaa mo dirafalelang. 5 Morwadie Farwe a fologela kwa nokeng go ya go tlhapa fa batlhokomedi ba gagwe ba tsamayatsamaya mo lotshitshing lwa noka. A bona tlatlana mo lotlhakeng mme a roma motlhokomedi gotla ka yone. 6 Fa a e bula, a bona ngwana. Bonang, ngwana a bo a lela. A mo tlhomogela pelo mme a re, ''E le ruri yo ke ngwana mongwe wa Bahebera.'' 7 Mme kgaitsadie ngwana a raya morwadie Farwe a re, ''A keye go go batlela mosadi wa Mohebera yo o ka go amusetsang ngwana?'' 8 Morwadie Farwe a mo raya a re, ''Tsamaya.'' Mosetsanyana a tsamaya a ya go tsaya mmangwana. 9 Morwadie Farwe a raya mmangwana a re, ''Tsaya ngwana yo oye go mo nkamusetsa, ke tlaa go duela.'' Jalo mosadi a tsaya ngwana a mo amusa. 10 Fa ngwana a gola a le motona, a mo tlisa kwa go morwadie Farwe, a nna morwa wa gagwe. A mo raya leina a re ke Moshe mme a re, ''Ka gobo ke mo tsere mo metsing.'' 11 12 Moshe fa a setse a godile, a tswa a ya kwa bathong ba ga bone go sekaseka bokete jwa tiro ya bone. A bona Moegepeto a betsa Mohebera, mongwe wa ga gabo. Mme a leba kafa le kafa, mme erile fa a bona go sena ope foo, a bolaya Moegepeto mme a mo fitlha mo motlhabeng. 13 Kamoso a tswela kwa ntle, mme, bonang, banna ba babedi ba Bahebera ba bo balwa. A raya yoo molato a re, '' Ke eng o betsa wa gaeno?'' 14 Mme monna a re, ''Ke mang yoo go beileng moeteledipele le moatlhodi mo go rona? A o batla go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole.'' Jalo Moshe a boifa mme a re, ''Se ke se dirileng se feletse se itsiwe ke ba bangwe.'' 15 Jaana yare fa Farwe a utlwa ka gone, a leka go bolaya Moshe. Mme Moshe a sia a tswa mo go Farwe a ya go nna mo lefatsheng le Mediane. Gone koo a kotama fa fatshe go bapa le petse. 16 Ka nako eo mo peresiti wa Mediane a bo a na le bana ba basetsana ba le basupa. Ba tla, go ga metsi, ba tlatsa mekoro go nosa letsomane la ga rraabone. 17 Badisa ba tla ba leka go ba koba, mme Moshe a ya go ba thusa. Mme a ba nosetsa letsomane. 18 Basetsana fa ba boela kwa go Ruele rraabo, a ba raya a re, ''Ke eng le boile ka bonako gompieno?'' 19 Ba re, Mo Egepeto o re haloditse mo badiseng. E bile o ne a re gelella metsi le go nosa letsomane.'' 20 A raya basetsanyana ba gagwe a re, ''Jaanong o kae? Le ne le mo tlogelelang? Mmitseng a tle aje dijo le rona.'' 21 Moshe a dumalana go nna le monna, yo le ene a neng a mo neele morwadie Siphora go mo nyala. 22 A tshola ngwana wa mosimane, mme Moshe a mmitsa leina a re Gereshome; ka a re, ''Ke ntse ke le moagedi mo lefatsheng la bojaki.'' 23 Morago ga nako e telele, kgosi ya Egepeto ya aswa. Ba Iseraele ba dumaduma ka lebaka la tiro ya bokgoba. Ba lelela kwa godimo go kopa thuso, mme dikopo tsa bone tsaya kwa Modimong ka lebaka la botshwaro jwa bone. 24 Fa Modimo a utlwa go duma ga bone, Modimo a gakologelwa kgolagano ya gagwe le Aborahama, le Isake, le Jakoba. 25 Modimo a bona ba Iseraele, mme a tlhaloganya seemo sa bone.