kgaolo 9

1 Jaanong mo kgweding ya bo 12, e e leng kgwedi ya ga Atara, mo letsatsing la bo 13, fa molao le taolo ya kgosi e le gaufi le go tsena mo tirisong, ka letsatsi le baba ba Bajuta ba ne ba solofetse go ba laola, la busetswa kwa morago. Bajuta ba nna le maatla mo godimo ga bao ba ba ba tlhoileng. 2 Bajuta ba phuthegela kwa ditoropong le go ya gotlhe mo dikgaolong tsa ga Kgosi Ahaserase, go baya diatla mo go bone ba ba lekileng go ba tlisetsa dipetso. Ga gona ope o ka emang kgatlhanong le bone, gonne poifo ya bone e wetse mo bathong botlhe. 3 Badiredi botlhe ba dikgaolo, babusi ba dikgaolo, balaodi, le badiredi ba Kgosi, ba thusa Bajuta ka gore poifo ya ga Modikae e ne e wetse mo go bone. 4 Gonne Modikae o ne a le mogolo mo ntlong ya Kgosi, le tumo ya gagwe ya gasama ntlheng tsotlhe tsa dikgaolo, ka gore monna yo Modikae a ne a simolola go nna mogolo. 5 Bajuta ba tlhasela baba ba bone ka tshaka, ba ba bolaya le go ba senyaka, ba dira gorata ga bone mo go ba ba batlhoileng. 6 Mo Susa ba ne ba itshireleditse, mme Bajuta ba bolaya le go senya banna ba le 500. 7 Ba bolaya Parasantatha, Talafone, Asepata 8 Porata, Atalia, Aritatha, 9 Pamasata, Aresai, Aretai, Faisatha, 10 le barwa ba le 10 ba ga Hamane morwa Hamitatha, mmaba wa Bajuta. Mme ba seke ba tsaya letlotlo lepe la bone. 11 Ka letsatsi leo dipalo tsa batho ba ba bolailweng mo Susa, motse o sireletsegileng, tsa itsesewe Kgosi. 12 Kgosi a raya mohumagadi Eseta a re, Bajuta ba bolaile banna ba le 500 kwa toropong ya Susa, go balelwa le barwa ba ga Hamana ba le 10. Ke eng se ba se dirileng gape mo di kgaolong tsa Kgosi? Jaanong boikuelo jwa gago ke eng? O tla bo direlwa. Kopo ya gago ke eng? O tla e direlwa.'' 13 Eseta a re, '' Fa go kgatlha kgosi, a Bajuta ba ba kwa Susa ba letlelelwe go tsaya letsatsi le ka fa molaong le kamoso gape, le gore mebele ya barwa Hamana e kalediwe mo ditlhomesong.'' 14 Jaanong Kgosi ya laola gore seo se dirwe. Molao wa tlisiwa kwa Susa, ba kaletsa barwa ba ga Hamana ba le 10. 15 Bajuta ba ba neng ba le kwa Susa ba tla ga mmogo mo letsatsing la bo 14 la kgwedi ya ga Atara, ba ne ba bolaya banna ba feta 300 mo Susa, mme ba seka ba tsaya letlotlo la bone. 16 Bajuta botlhe ba ba neng ba le mo dikgaolong tsa ga kgosi ba tla ga mmogo go sireletsa matshelo a bone, ba gololesega go tswa mo babeng ba bone, ba bolaya banna ba le 75 000 bao ba ba neng ba ba tlhoile, mme ba seka ba kgoma sepe se se tlhotlhwa sa batho ba ba ba bolaileng. 17 Ka letsatsi la bo 13 la kgwedi ya ga Atara, ka letsatsi la bo 14, ba iketla mme ba dira letsatsi leo la moletlo wa boitumelo. 18 Mme bajuta ba ba neng ba le kwa Susa ba ne ba phuthana botlhe ka letsatsi la bo 13 le la bo 14. ka letsatsi la bo 15 ba ne ba iketla mme ba dira letsatsi leo la moletlo wa boitumelo. 19 Ke ka moo Bajuta ba metse ba ba dirileng malapa a bone kwa metse se toropo, ba lebelela letsatsi la bo 14 la kgwedi ya ga Atara e le letsatsi la boitumelo le moletlo, ebile e le letsatsi la go romelelana dimpho tsa tsa dijo. 20 Modikae a gatisa dilo tse tsotlhe le go romela dikwalo kwa Bajuteng botlhe ba ba mo dikgaolong tsa ga Kgosi Ahaserase, ba ba gaufi le ba ba kgakala, 21 ba tlamega go tshegetsa letsatsi la bo 14 le la bo 15 la ga Atara ngwaga le ngwaga. 22 Ao e ne e le malatsi a Bajuta ba neng ba gololwa mo babeng ba bone, le nako e e neng kutlobotlhoko ya bone ya fetolelwa mo boitumelong, go tswa mo khutsafalong go tla mo boikhutso. Ba ne ba tshwanetse go dira malatsi ao a meletlo le go itumela, le go romela dimpho tsa dijo kwa go mongwe le mongwe le dimpho ko batlhoking. 23 Jaanong Bajuta ba tsweledisa boipelo jo ba neng ba bo simolotse, ba diragatsa se Modikae a neng a se ba kwaletse. 24 Ka nako eo Hamana morwa Hametatha wa Gagite, mmaba wa Bajuta botlhe, a dira maretshwa a go senyaka Bajuta, a latlhela pure( ke gore go latlhela ditaola), go ba thubakanya le go ba senyaka. 25 Mme fa kgang e tla fa pele ga Kgosi, a fa ditaelo ka makwalo gore bosula jo Hamana a bo dirang kgatlhanong le Bajuta bo tshwanetse go boela ko go ene mo tlhogong ya gagwe, gore ene le barwa ba gagwe ba kalediwe mo ditlhomesong. 26 Ka jalo ba biditse matsatsi ao Purimo, morago ga leina la Pure. Ka lebaka la sengwe le sengwe se ne se kwadilwe mo lekwalong, le sengwe le sengwe se ba se boneng le se se ba diragaletseng, 27 Bajuta ba amogetse ngwao e ntsha le tirelo. Ngwao e e tla nna ya bone, ya dikokomane, le mongwe le mongwe yo kopaneng le bone. Go tla nna jalo ba tla ipela malatsi a mabedi ao ngwaga le ngwaga. Ba tla ipela ka tsela e kgethegileng ka nako e le nngwe ngwaga le ngwaga. 28 Malatsi ao a tshwanetse go ipelelwa le go elwatlhoko ke kokomane nngwe le nngwe, lesika lengwe le lengwe, kgaolo nngwe le nngwe le toropo nngwe le nngwe. Bajuta ba le dikokomane tsa bone ga ba kitla ba emisa go ikanyega mo go lemogeng matsatsi a Purimo, gore ba seka ba tlhola ba a lebala. 29 Mohumagadi Eseta morwadia Abihele le Modikae mojuta yo o kwadileng ka taolo e tletseng o rurifatsa lekwalo la bobedi ka Purimo. 30 Makwalo a ne a romelelwa Bajuta mo dikgaolong di le 127 tsa bogosi jwa ga Ahaserase, a eleletsa Bajuta tshireletsego le boamaaruri. 31 Makwalo ao a rurifaditse malatsi a ga Purimo a neng a beilwe di nako tseo, ka Modikae wa Mojuta le Mohumagadi Eseta ba tlamile Bajuta. Bajuta ba amogela taolo e le dikokomane tsa bone, sentle fela jaaka ba amogetse ka nako ya go itima dijo le go lela. 32 Taolo ya ga Eseta ya rurifatsa melawana ya Purimo, mme ya kwalwa mo bukeng.