1 Ka letsatsi leo Kgosi Ahasera a fa mohumagadi Eseta dithoto tsa ga Hamana, mmaba wa bajuta, mme Motekai a simolola go thusa fa pele ga Kgosi, ka gore Eseta o ne a boleletse Kgosi ka fa ene le Matekai ba tsalaanang ka teng. 2 Kgosi a ntsha tshitswana ya palamonwana ya gagwe, e aneng a e tsere mo go Hamana, mme a e neela Modekai. Eseta a tlhoma Motekai go nna mo taolong ya ga Hamana ya bogosi. 3 Ka jalo Eseta a bua gape le Kgosi. A obamisa sefatlhego fa fatshe a kopa a ikokobeditse mo go ene go emisa dikakanyo tsa mowa yo o maswe tsa ga Hamana wa Agagite, mo lekokong le a le tlhamile kgatlhanong le Bajuta. 4 Jalo Kgosi a tshegeletsa Eseta gauta ya tlotlo , a nanoga a ema fa pele ga Kgosi. 5 A bua a re, '' Fa se se itumedisa Kgosi, le fa ke bone letlhogonolo fa pele gago, fa go lebega go siame fa pele ga Kgosi, mme ke kgatlhisa mo matlhong a gago, a polelelo e kwalwe go sutisa semmuso se se kwadilweng ke Hamana morwa Hametatha wa Agagite, makwalo a a neng a kwadilwe go senya Bajuta botlhe ba ba mo diteropong tsa ga Kgosi. 6 Ke ka kgona go itshoka jang go emela go bona tshenyego e wela batho bame? Ke ka itshokela jang go lebelela tshenyo e wela ba ga rona?'' 7 Kgosi Ahasera a bua le mohumagadi Eseta le Modekai wa Mojuta, '' Bona, ke file Eseta ntlo ya ga Hamana, mme ba mo kaleditse mo ditlhomesong, ka a ne a ba tla go ya go tlhasela Bajuta. 8 Kwala gape taolo e nngwe ya Bajuta mo leineng la Kgosi le go e tswalela ka palamonwana ya Kgosi. Ka molao yo o neng o kwadilwe mo leineng la ga Kgosi o bo o tswalelwa ka palamonwana ya ga Kgosi o ka se sutlhiwe.'' 9 Jalo ba busi ba ga Kgosi ba bitswa ka nako eo, mo kgwedi ya boraro, mo kgweding ya ga Sifana, mo letsatsi la bo 23 la kgwedi. Molao o ne o kwadilwe o tsentse gotlhe mo Matekani a neng a go laotse kgatlhanong le Bajuta. Le ne le kwaletswe diteropo tsotlhe tsa bagokaganyi, babusi le baeteledipele ba mo diteropo tsa bogokaganyi tsa Intia go ya Etopia, 127 ya diteropo tsa bogokaganyi, go ya diteropong tsotlhe tsa bogokaganyi mo mokwalong wa bone, le go ya ko bathong botlhe mo puong ya bone, go ya Bajuteng ka mokwalo wa bone le puo. 10 Motekani o kwadile mo leineng la Kgosi Ahasera mme a tswalela ka tshipi ya palamonwana ya ga Kgosi. A romela mephuthelwana ka mopalami wa dipitse tse di lebelo tse di neng di dirisiwa ka tiro ya Kgosi, tse di nang le boleng go direla Kgosi. 11 Kgosi o neela Bajuta ba ba neng ba le mo diteropong tshotlhe tetla ya go nna mmogo le go ema go itshireletsa mo matshelong a bone: go tlhasela, le go bolaya, le go senyaka motlhabani mo mongwe le mongweng yo o tshotseng dibetsa go tswa mo merafeng yotlhe kana teropong e e ka tlhabang le bone, bana le bomme ba le mo teng, go gapa dithoto tsa bone. 12 Se se ne se dirwa mo diteropong tsotlhe tsa ga Kgosi Ahasera, ka letsasti la bo 13 ka kgwedi ya bo 12, e e leng kgwedi ya ga Atara. 13 Moriti wa taolo o oneng o tshwanetse go ntshiwa jaaka molao mo phatlalatseng mo bathong botlhe. Bajuta ba ne ba tshwanetse go ipaakanya ka letsatsi leo go ipusolosetsa mo babeng ba bone. 14 Ka jalo moromedi wa mophuthelwanwa a palama dipitse tsa segosi tse di neng di dirisiwa go direla Kgosi. Ba ne ba sena tiego epe. Sesupo sa molao wa Kgosi sa ntshiwa go tswa mo ntlong ya bogosi go isiwa kwa Susa. 15 Jalo Motekai a tswa fa pele ga ga Kgosi a aperere diaparo tsa ntlo ya bogosi tsa mmala yo o motala le bosweu, ka serwalo sa korone ya gauta le moitlamo wa mmala wa segosi a apere seaparo sa matsela a masweu, mme teropo ya Susa ya goeletsa ka boitumelo. 16 Bajuta ba nna le lesedi le boitumelo,le boipelo le tlhompho. 17 Mo metseng yo tsotlhe le diteropo tsotlhe, gongwe le gongwe mo melaong ya Kgosi e gorogileng teng, go tlala ka boitumelo mo Bajuteng, ga nna moletlo le letsatsi la boitapoloso. Ba le bantsi go tswa mo mefuteng ya batho ba lefatshe ba nna Bajuta, ka gore letshogo la Bajuta le wetse mo go bone.