1 Jalo Kgosi le Hamana ba ya moletlong le mohumagadi Eseta. 2 Mo letsatsing le la bobedi, ha ba ne ba a nwa mofine, kgosi o ne a raya Eseta a re, ''boikopelo ba gago ke eng mohumagadi Eseta? O tla a bo direlwa. Kopo ya gago ke eng? Go fitlha mo bogareng jwa bogosi, mme o tlaa bo neelwa. 3 Jalo Mohumagadi Eseta a fetola, ''Fa ele gore ke bone botsalano mo matlhong a gago, mme fa bo go kgatlha, tla a ke neelwe botshelo jwa me-mo ke boikopelo jwa me, e bile se ke se kopela le batho ba me. 4 Ka gore re rekisitswe, nna le batho ba me, go senyakiwa, go bolawa le go sotlakiwa. Fa re ne fela re rekiseditswe bokgoba, jaaka banna le basadi ba makgoba, ke kabo ke didimetse, go na le go itshwenya ka se ka gore e tla a be e le go supa go tshwenya kgosi fela.'' 5 Mme kgosi Ahasurase a raya Eseta wa mohumagadi are, ''Ke mang? Motho yo o ka bonwa kae yo o tladitseng pelo ya gagwe ka go dira se?'' 6 Eseta are, ''Sera se sa monna, mmaba yo, ke Hamana yo o bosula yo!'' mme Hamana o ne a tshogile fa pele ga kgosi le mohumagadi. 7 Kgosi one a tsoga ka bogale mo go nweng mofine ko moletlong a ya ko bodulong jwa gagwe jwa bogosi, mme Hamana o ne a sala go rapelela botshelo jwa gagwe mo go mohumagadi Eseta. O ne a bona gore tshenyako e a dirwa kgatlhanong le ene ke kgosi. 8 kgosi a boa go tswa kwa bonnong jwa gagwe jwa segosi a ya kwa kamoreng e mofine o neng o nowa teng.Hamana o ne a wetse mo setilong fa Eseta a neng a le teng. Kgosi a re, ''A o ka tlhapatsa mohumagadi mo bolengteng jwa me mo ntlong ya me?''E rile fela seele se se tswa ka molomo wa kgosi, barongwa ba bipa sefatlhego sa ga Hamana. 9 Jalo Habona, mongwe wa babusi yo o neng a direla kgosi, a re, ''Ditlhomeso tse 50 tse ditelele di eme fa thoko ga ntlo ya ga Hamana. O e direla Modikai, mongwe yo o neng a bua go sireletsa kgosi. ''Kgosi a re, ''Mo kaletseng mo go tsone.'' 10 Mme ba kaletsa Hamana mo ditlhomesong tse a neng a di baakanyeditse Modikai. Mme tshakgalo ya kgosi ya wela tlase.