Kgaolo 6

1 Bosigo joo kgosi ya palelwa ke go robala. O ne a laola batlhanka go tlisa mekwalo ya ditiragalo tse di dirilweng mo bogosing jwa gagwe, mme dine tsa balelwa kgosi kwa godimo. 2 Go ne ga fitlhelwa go kwadilwe gore Modikai o boletse ka ga Bikithana le Terese, babereki ba kgosi ba babedi ba ba neng ba tlhokomela kgoro,ba ba neng ba leka go gobatsa kgosi Ahasurase. 3 Kgosi ya botsa, ''Ke eng se se diretsweng Modikai go mo fa tlotlo le go mo lemoga ka se a se dirileng?'' Janong Makawana a kgosi ba ne ba re , ''Ga gona sepe se a se diretsweng''. 4 Kgosi a re, '' Ke mang yo mo lwapaneng ?''Mme Hamane a ba setse a tsene ka lelwapana le le kwa ntle la ntlo ya kgosi go ya go bua ka go kaletsa Modikai mo ditlhomesong tse a neng a di mmaakanyeditse. 5 Batlhanka ba kgosi ba moraya ba re , ''Hamane o eme mo lelwapaneng. ''Kgosi a re, ''Mo letleleleng a tsene.'' 6 ''Fa Hamane a tsena, kgosi a mo raya a re, ''Go ka direlwang monna yo kgosi e natefelelwang ke go motlotla?'' Janong Hamane a ipotsa mo pelong, ''Ke mang yo kgosi e tla natefelwang ke go motlotla go feta nna?'' 7 Hamane a raya kgosi a re, ''Ka monna yo kgosi e tla natefelelwang ke go mo tlotla, 8 letla gore diaparo tsa segosi di tlisiwe, diaparo tse kgosi e di apereng, le pitse e kgosi a e pagameng e e rwesitsweng tlotla ya segosi . 9 Janong letla diaparo le pitse di neelwe yo botlhokwa thata mo babereking. Ba letle ba apese monna yo kgosi a natefelelwang ke go mo tlotla , mme o ba letle go mo etelela pele gotswa mo ntlung go ya mo mekgwatheng ya toropo. O ba letle ba goeletse kwa godimo fa pele ga gagwe bare, 'Se ke se se direlwang yo kgosi a natefelelwang ke go mo tlotla!''' 10 Jalo kgosi a raya Hamane a re, "Itlhaganele, tsaya diaparo le pitse, jaaka o buile, mme o direle seo Modikai wa Mojuta yo o emeng kwa kgorong ya kgosi. O seka wa palelwa ke sepe sa tse o di buileng.'' 11 Jaanong Hamane a tsaya seaparo le pitse. A apesa Modikai le go mo pega mo pitsing a mo isa mo mekgwatheng ya toropo. A goa fa pele ga gagwe a re, "Se ke se se direlwang monna yo kgosi a natefelelwang ke go mo tlotla!'' 12 Modikai a boela kwa kgorong ya kgosi. Mme Hamane a itlhaganela kwa ntlung ya gagwe, a hutsafetse, a bipile sefatlhego. 13 Hamane a bolelela mosadi wa gagwe Serese le ditsala tsa gagwe tsotlhe ka se se mo diragaletseng. Jalo banna ba gagwe ba ba neng ba itsiwe ka botlhale jwa bone le Serese mosadi wa gagwe, ba mo raya bare, ''Fa Modikai, yo a simolotseng go go fenya, ele Mojuta, Ga o kitla o mo fenya, mme o tla wela fa pele ga gagwe.'' 14 Yare ba santse ba bua le ene, babereki ba kgosi ba goroga. Ba itlhaganelela go tlisa Hamani kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke Eseta.