Kgaolo 5

1 Morago ga malatsi a mararo, Eseta a apara diaparo tsa bogosi mme a ya go ema mo lapeng le le kwa teng la dikago tsa segosi , fa pele ga ntlo ya kgosi. Kgosi a bo a ntse mo setilong sa bogosi mo ntlong ya segosi, a lebile kwa mojakong wa ntlo. 2 Fa kgosi a bona Eseta a eme fa lapeng, Eseta a amogela botsalano mo matlhong a yone. Kgosi a otlololela thobane ya segosi ya gauta kwa go Eseta e e mo letsogong la gagwe. Jalo Eseta a atumela a kgoma ntlha ya thobane ya segosi. 3 Kgosi ya mo raya ya re, ''O batla eng, Mohumagadi Eseta? Kopo ya gago ke eng? O ka neelwa go fitlha ka sephatlo sa bogosi jwame.'' 4 Eseta a re ''Fa go itumedisa kgosi, a kgosi le Hamane ba tle moletlong o ke o mmaakanyeditseng.'' 5 Kgosi a re, ''Tsisa Hamane ka bofefo, go dira se Eseta a se buileng.'' Jalo kgosi le Hamane ba ya kwa moletlong o Eseta a o baakantseng. 6 Fa mofine o tshelwa kwa moletlong, kgosi a re mo go Eseta, ''Thapelo ya gago ke eng? O tlaa neelwa. Kopo ya gago ke eng? Go fitlha ka sephatlo sa bogosi o tlaa se neelwa.'' 7 Eseta a araba, ''Thapelo le kopo yame ke e, 8 fa ke bone botsalano mo matlhong a kgosi gape fa go itumedisa kgosi go araba thapelo yame le go tlotla kopo yame, a kgosi le Hamane ba tle moletlong o ke tlaa o go baakanyatseng kamoso mme ke tlaa araba potso ya kgosi.'' 9 Hamane a tsamaya ka boitumelo le lethamo mo pelong tsatsi leo. Erile fa Hamane a bona Motekai fa kgorong ya kgosi, le gore Motekai a seka a emelela le fa ele go roroma ka poifo, a tlala ka bogale kgatlhanong le Motekai. 10 Le fa go ntse jalo Hamane a itshwara a ya kwa ntlong ya gagwe. A laletsa ditsala tsa gagwe mme a ba phutha, ga mmogo le Sereshe mosadi wa gagwe. 11 Hamane a ba balolela kgalalelo ya khumo ya gagwe, palo ya barwa ba gagwe ba bantsi, ditlotla tsotlhe tse kgosi e mo tlotlileng ka tsone, le ka fa a tsholetsegileng go feta badiredi le batlhanka botlhe ba kgosi. 12 Hamane a re, ''Mohumagadi Eseta ga a laletsa ope kwa ntleng game go tla le kgosi kwa moletlong o a o baakantseng. Le kamoso ke laleditswe ke ene ga mmogo le kgosi. 13 Mme se ga se reye sepe mo go nna fa ke sa ntse ke bona Motekai wa Mojuta a ntse fa kgorong ya kgosi.'' 14 Sereshe mosadi wa ga Hamane a raya Hamane le ditsala tsa gagwe a re, ''A ba dire lefelo la go kaletsa batho bogodimo jwa 50 kubitse. Mo mosong o bue le kgosi go kaletsa Motekai teng. Mme o tsamaye le kgosi ka boitumelo go ya moletlong.'' Se sa itumedisa Hamane mme a dira gore lefelo la go kaletsa batho le dirwe.