1 Ya re Motekai a lemoga tsotlhe tse di dirilweng, a ikgagolela diaparo mme a apara letsela la kgetse le go itshasa molora wa leiso. a tsamaela mo bogare jwa toropo, mme a goela kwa godimo a lela selelo sa kutlobotlhoko. 2 A tsamaela fa kgorong ya kgosi, ka gore go ne go sa letlelelwe ope go tsena mo teng a apere letsela la kgetse. 3 Mo dikgaolong tsotlhe, gongwe le gongwe kwa taolo le molao o o beilweng ke kgosi o gorogang teng, ga nna selelo mo Bajuteng, ka go itima dijo, go lela le khutsafalo e kgolo. Bontsi jwa bone ja apara letsela la kgetse ba robala fatshe mo molereng. 4 Ya re batlhanka ba ga Eseta ba basadi tla go mmolelela, Mohumagadi a tsena mo pitlaganong e kgolo. A romela diaparo go apesa Motekai (Go re a apole letsela la kgetse la gagwe), mme ene a di gana. 5 Foo Eseta a bitsa Hathaki, mongwe wa babereki ba ga kgosi yo o neng a mo neetswe go mo direla. A mo laela gore a ye kwa go Motekai go utlwa se se diragetseng le gore se raya eng . 6 Ka jalo Hathaki a ya kwa go Motekai mo gare ga toropo fa pele ga kgoro ya kgosi. 7 Motekai a mmolelela tsotlhe tse di mo diragaletseng, le selekanyo sa selefera se Hamane a se solofeditseng go se kala a bo a se a tsenya mo mabolokelong a ga kgosi gore a tle bolaye Bajuta. 8 A mo neela moriti wa molao o o neng o ntshitswe kwa Susa o o senyang Bajuta. A dira seo e le gore Hathaki a a kgone go bontsha Eseta, le go mo fa boikarabelo jwa go ya kwa kgosing go kopa lesego, le go rapela mo boemong jwa batho ba gagabo . 9 Ka jalo Hathaki a ya go bolelela Eseta se Motekai a se buileng. 10 Jalo Eseta a bua le Hataki a mmolelela gore a boele gape kwa go Motekai. 11 A re, ''Batlhanka botlhe ba kgosi le batho ba dikgaolo tsa kgosi ba itse gore fa monna kana mosadi a ka tsena mo lelwapaneng la ka fa teng a sa bidiwa, go na le molao o le mongwe fela: gore a bolaiwe- kwa ntle ga yo kgosi a mo otlololelang thobane ya gouta ya bogosi go re a tshele. Ga ke ise ke bidiwe go tla fa pele ga kgosi mo malatsing a 30''. 12 Hathaki a bega mafoko a ga Eseta kwa go Motekai. 13 Motekai a romela molaetsa o: ''O se ka wa akanya gore mo ntlong ya kgosi, o tlaa falola go feta Bajuta botlhe ba bangwe. 14 Fa o ka didimala mo nakong e, kgololo le namolo di tlaa tswela Bajuta golo gongwe, mme wena le ba ntlo ya ga rraago le tlaa nyelela. Ke mang yo o itseng gore o tsile mo maemong a segosi ka lebaka le?'' 15 Jalo Eseta a romela molaetsa kwa go Motekai , 16 Ya o phuthe Bajuta botlhe ba ba nnang mo Susa, mme le itime dijo ka lebaka lame. Lo seka lwa ja kana lwa nwa ka malatsi a le mararo, bosigo kana motshegare. Nna le batlhanka ba me ba basetsana re tlaa itima dijo jaaka lona. Foo ke tlaa ya kwa kgosing, le fa go le kgatlhanong le molao, fa e le gore ke tlaa swa, ke tlaa swa.'' 17 Motekai a ya go dira jaaka Eseta a mo laetse.