1 Morago ga dilo tse, kgosi Ahasurase a tlhatlhosa Hamane morwa Hametathe wa Agagite, a baya setilo sa gagwe mo taolong ya bagolwane ba molao ba ba neng ba nale ene. 2 Batlhanka botlhe ba ba neng ba le ko kgorong ba khubama ba ikobela Hamane, jaaka fa kgosi a ba laotse. Mme Motekai a seka a mo khubamela le go mo ikobela. 3 Foo batlhanka botlhe ba kgosi ba ba neng ba le ko kgorong ya kgosi ba raya Motekai bare, ''Ke eng o tlola taolo ya kgosi?'' 4 Ba bua le ene letsatsi morago ga letsatsi, mme ba gana go dumalana le kopo ya bone. Jalo a bua le Hamane gore ba bone gore kgang ya ga Motekai e tla tswelela e ntse jaang, ka gore o ne a ba boleletse gore ke Mojuta. 5 Fa Hamane a bona gore Motekai ga mo khubamela le go mo obamela, Hamane a tlala ka bogale. 6 O ne a nna le moila wa go tlhoka go bolaya Motekai fela, ka gore batlhanka ba kgosi ba ne ba mmoleletse ko batho ba ga Motekai e leng teng. Hamane o ne a batla go bolaya Bajuta botlhe, batho ba ga Motekai ba ba neng ba le mo bogosing jwa Afaserase. 7 Mo kgweding ya ntlha (e le kgwedi ya Nisane), mo nwageng wa bo 12 wa kgosi ya Afeserase, wa Pure - ke gore go latlhela - wa latlhelwa fa pele ga ga Hamane, go tlhoma letsatsi le kgwedi. Ba latlha ba ba bo ba latlhela kgapetsa kgapetsa go fitlhelela go latlhela go wela mo kgweding ya bo 12 (e le kgwedi ya Atare). 8 Jalo Hamane a raya kgosi Afeserase are,'' Go nale batho bangwe ba ba phatlhaletseng ba gasame gare ga bogosi jwa gago. Molao wa bone o a farologana le wa batho ba ba bangwe, gape ga ba tshegetsa molao wa kgosi ya bone, ka jalo go ne go se tshwanela gore kgosi a ba letlele go nna. 9 Fa go itumedisa kgosi, ntsha taolo go ba bolaya, ke tla lekanya gotwa 10 000 talente ya selefera mo matsogong a ba ba laolang tiro ya kgosi, gore ba tle ba e bee mo dikhumong tsa kgosi.'' 10 Jalo kgosi ya ntsha mohitshwana o kgethegileng mo monwaneng wa gagwe a o neela Hamane morwa wa Hametate wa Agatite, mmaba wa ba Juta. 11 Kgosi a raya Hamane a re, ''Ke tla rurifatsa gore madi a busediwa gape mo go wena le batho ba gago. O tla dira ka one ka fa o ratang ka teng.'' 12 Mme bakwaledi botlhe ba kgosi ba bidiwa ka 13 letsatsi la kgwedi ya ntlha, mme ga bolelwa gotlhe mo ne Hamane a go laoletse gore go kwalelwe balaodise ba kgosi, le balaodi ba batho botlhe ba dikgaolo, go balaodi jwa batho ba ba farologanyeng, mo kgaolong nngwe le nngwe ka mokwalo wa bone, le mongwe le mongwe ka puo ya bone. Go ne go kwadilwe ka leina la kgosi Afeserase e be go kanelwa ka mohitshwana wa gagwe. 13 Dikwalo di ne tsa isiwa ke batsamaisi ba dikwalo mo dikgaolong tsotlhe tsa dikgosi, go senya, go bolaya, le go nyeletsa Bajuta botlhe, go tswa baneng go ya bagoding, bana le basadi, letsasi le le lengwe -go le di 13 mo kgweding ya bo 13 (e leng kgwedi ya Afare) le go gapa ditlhoto tsa bone. 14 Moriti wa lekwalo o ne o dirwa molao mo kgaolong nngwe le nngwe. Mo kgaolong ngwe le nngwe go ne go itsisiwe batho botlhe go ipaakanyetsa letsatsi le. 15 Batsamaisi ba dikwalo ba ne ba tswa ba itlhaganela ka taolo ya kgosi. Go ne go boiwa le go phatlhaladimo mo lefelong la tshireletseng la Susa. Kgosi le Hamane ba nna go nwa, mme lefelo la Susa le ne le tlhakatlhakane.