1 Morago ga dilo tse, e rile fa bogale jwa kgosi Ahasura bo sena go fokotsega, o ne a akanya ka Basheti le se a se dirileng. O ne a akanya gape ka taolo e a e ntshitseng kgatlhanong le ene. 2 Jalo makolwane a a direlang kgosi a re, ''Mo boemong jwa kgosi a go batliwe makgarejwana a mantle.'' 3 A kgosi e tlhome badiredi mo dikgaolong tsotlhe tsa bogosi jwa gagwe, go phuthela makgarejwana a mantle kwa lefelong la mohumagadi mo kagong ya phemelo mo Susa. A ba nne ka fa tlase ga tlhokomelo ya ga Hegai, modiredi wa kgosi, yo o tlhokometseng basadi, mme a a ba neele ditlolo tsa bone. 4 A lekgarejwana le le tla a itumedisang kgosi le nne mohumagadi mo boemong jwa ga Basheti.'' Kgakololo e ya itumedisa kgosi, mme a dira jalo. 5 Go ne go na le monna mongwe wa Mojuta mo kagong ya phemelo ya Susa yo a neng a bidiwa Motekai morwa Jaire, morwa Kishi, yo a neng e le wa letso la Benjamene. 6 O ne a tserwe go tswa Jerusalema le batshwarwa mmogo le ba bangwe ba ba neng ba tserwe le Jehoakine, kgosi ya Juta, yo kgosi Nebukatenasara a neng a mo gapa. 7 O ne a tlhokometse Hatasa, yo e leng ene Eseta, ngwana wa ga malomaagwe, ka gore o ne a sena rraagwe le mmaagwe. Morweetsana yo o ne a na le tebego e ntle e bile a kgatlhisa. Motekai a mo tsaya jaaka ngwana wa gagwe. 8 E rile fa taelo ya kgosi le taolo di bolelwa phatlalatsa, barweetsana ba ba bantsi ba tsisiwa kwa kagong ya phemelo ya Susa. Ba ne ba bewa ka fa tlase ga tlhokomelo ya ga Hegai. Eseta le ene o ne a isiwa kwa ntlong ya segosi, a nna mo tlhokomelong ya ga Hegai, motlhokomedi wa basadi. 9 Morweetsana a mo itumedisa, a bo a bona botsalano mo go ene. Ka bofefo a mo neela ditlolo tsa gagwe le kabelo ya dijo. O ne a romelela batlhanka ba basetsana ba le supa go tswa kwa ntlong ya kgosi, mme o ne a mo tsaya le basetsana ba batlhanka a ba isa kwa lefelong le lentle mo ntlong ya basadi. 10 Eseta o ne a ise a bolelele ope gore batho ba ga gabo le masika a gagwe ke bomang, gonne Motekai o ne a mo laetse gore a se ka a bolela. 11 Letsatsi le letsatsi Motekai o ne a tsamaela kwa pele le kwa morago fa pele ga lelapa kwa ntle ga ntlo ya basadi, Go utlwa ka botsogo jwa ga Eseta, le gore go tla dirwa eng ka ga gagwe. 12 Fa nako e tsile ya gore mosetsana mongwe le mongwe a ye kwa go kgosi Ahasura- go setswe morago tsamaiso ya basadi, mosetsana mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go fetsa dikgwedi di le 12 tsa go itira montle, dikgwedi tse 6 tsa go itshasa lookwane mera, le tse 6 ka dinkgisa monate le ditlolo - 13 fa morweetsana a ya kwa go kgosi sengwe le sengwe se a neng a se eletsa o ne a se neelwa go tswa mo ntlong ya basadi, gore a tsamae ka sone kwa ntlong ya segosi. 14 Mo maitseboeng one a tsena mo teng, e re phakela a boele morago kwa ntlong ya bobedi ya basadi, le kwa bokaeding jwa ga Shaagaashe, modiredi wa kgosi, yo a leng mo tllhokomelong ya dinyatsi. Ga a kake a boela kwa go kgosi gape kwa ntleng fa a itumetse thata mo go ene a bo a mmitsa gape. 15 Jaanong fa nako ya ga Eseta e goroga [morwadia Abihale, malomaagwe Motekai, yo a mo tsereng jaaka ngwana wa gagwe] gore a ye kwa go kgosi, ga a a ka a kopa sepe fela fa e se se Hegai, modiredi wa kgosi, yo a neng a tlhokometse basadi, a se buileng. Jalo Eseta a amogela botsalano mo go botlhe ba ba neng ba mmone. 16 Eseta o ne a isiwa kwa go kgosi Ahasura, kwa bonnong jwa segosi ka kgwedi ya bo 10, e e leng kgwedi ya Tebetha, mo ngwageng ya bo 7 wa puso ya gagwe. 17 Kgosi a rata Eseta go feta basadi botlhe ba bangwe mme o ne a amogelwa a bo a bona botsalano fa pele ga gagwe, go gaisa makgarejwana otlhe a mangwe. Jalo a baya serwalo sa bogosi mo tlhogong ya gagwe le go mo dira mohumagadi mo boemong jwa ga Basheti. 18 Kgosi a direla badiredi ba ga gagwe le batlhanka ba gagwe moletlo o mogolo, ''Moletlo wa ga Eseta,'' a fa dikgaolo boikhutso mo go ntsheng lekgetho. O ne gape a aba dimpho go tswa mo mo pelong e e bulegileng ya segosi. 19 Jaanong fa makgarejwana a sena go phuthiwa la bobedi, Motekai o ne a ntse kwa kgorong ya kgosi. 20 Eseta o ne a ise a bolelele ope ka masika a gagwe le batho ba ga gabo, jaaka Motekai a ne a mo laetse.O ne a tswelela ka go sala dikgakolo tsaga Motekai morago, jaaka a dirile fa a ne a godisiwa ke ene. 21 Mo malatsing ao, fa Motekai a ntse fa kgorong ya kgosi, bangwe ba babedi ba badiredi ba kgosi, ebong Bikithane leTeresha, ba ba tlhokomelang fa lobating, ba ne ba tenega a bo ba batla go bolaya kgosi. 22 Erile fa kgang e utlwala kwa go Motekai, o ne a bolelela mohumagadi Eseta, mme Eseta a bua le kgosi mo leineng la ga Motekai. 23 Pego e ne ya tlhotlhomisiwa mme ya rurifadiwa, mme banna ba babedi bao ba kalediwa kwa go kalediwang batho teng.Se se ne sa kwadiwa mo bukeng ya Ditiragalo kgosi a le teng.