Kgaolo 10

1 Jalo kgosi Afeserase a tlhoma lekgetho mo lefatsheng mo letshitshing la lewatlwe. 2 Ditiro tsotlhe tsa maatla le bonatla, gotlhe le polelo ee e tletseng ya ga Motekai e kgosi a mo godiseditseng ene, di kwadilwe mo bukeng ya Ditiragalo ya kgosi ya Media le Peresia. 3 Motekai wa Mojuta o ne a le mo maemong a bobedi go latelela kgosi Afeserase.O ne a le mogolo mo Bajuteng a itsege thata le bo bo morwarragwe ba bantsi ba Bajuta, one a batlela batho ba gagwe tshiamo le go bua kagiso mo bathong ba gagwe botlhe.