Kgaolo 4

1 Ke ne ka akanya gape ka kgatelelo yotlhe e e dirwang ka fa tlase ga letsatsi. Lebelela dikeledi tsa batho ba ba gateletsweng. Ga bana mogomotsi. Maatla a mo seatleng sa bagateledi ba bone, mme batho ba ba gateletsweng ga ba na mogomotsi. 2 Jaanong ke akgola baswi, bao ba ba setseng ba tlhokafetse,e seng batshedi, bao ba ba santseng ba tshela. 3 Le fa go ntse jalo, yo o lesego thata go ba gaisa ka bobedi, ke yo o iseng a tshele, yo o iseng a bone sepe sa ditiro tse di bosula tse di dirwang ka fa tlase ga letsatsi. 4 Ke bone gore tiro nngwe le nngwe le boitseanape jwa tiro nngwe le nngwe ke tsone tse moagisanyi a di eletsang. Se le sone ke lefela le maiteko a go alola phefo. 5 Seeleele se phutha matsogo ga se di re sepe, jaanong dijo tsa sone ke nama ya mmele wa sone. 6 Go botoka poelo e tsenang mo seatleng e na le boleng go na le poelo e tsenang mo diatleng mme e le lefela. 7 Ke ne ka akanya gape ka dilo tse di senang mosola tse di diragala mo lefatsheng. Go na le motho yo o nosi. 8 Ga a na ope, le fa e le morwa kana morware.Ga gona bokhutlo mo tirong ya gagwe, matlho a gagwe ga a kgotsofadiwe ke go ikgobokanyetsa dikhumo. O a ipotsa," ke berekela mang ka thata ebile ke ikitsa go ja monate? Se le sone ke lefela, seemo se se maswe. 9 Batho ba babedi ba bereka botoka go na le a le mongwe, botlhe ka bobedi ba ka amogela botoka mo tirong ya bone. 10 Ka gore fa yo mongwe a wa, yo mongwe o ka tsosa tsala ya gagwe. Le fa go ntse jalo, kutlobotlhoko e sala morago yo o nosi fa a wele, go bo go sena yo o mo emisang ka dinao. 11 Fa batho ba le babedi ba robala mmogo, ba ka thuthafala, mme yo o esi o ka thuthafala jang? 12 Motho fa a le mogwe o ka fenngwa, mme ba babedi ba ka ema kgatlhanong le tlhaselo, mogala yo logilweng ga raro ga o kgaoge ka bofefo. 13 Go botoka go nna mohumanegi yo o botlhale wa monana go na le go nna monnamogolo wa seeleele wa kgosi, yo o sa tlholeng a itse go reetsa ditlhagiso. 14 Se ke nnete, le fa mokawana a ka tswa kwa kgolegelong a tla go nna kgosi, le fa a ka tswa a ne a tshotswe e le mohumanegi mo bogosing jwa gagwe. 15 Le fa go ntse jalo, ke bone mongwe le mongwe yo o neng a tshelang ebile a tsamaya ka fa tlase ga letsatsi, a ineela mo lekawaneng lengwe le le neng la gola la nna kgosi. 16 Matshwititshwiti a batho ba obamela kgosi e ntsha, mme fa nako e ntse e tsamaya bontsi ja bone ba tlaa bo ba sa tlhole ba mo galaletsa. Ele ruri seemo se ke lefela, le maiteko a go alola phefo!