Kgaolo 3

1 Mo go sengwe le sengwe go na le nako ee beilweng, le paka ya lebaka lengwe le lengwe mo tlase ga legodimo. 2 Go na le nako ya go tsholwa le nako ya go swa, nako ya go jwala le nako ya go kumula dijalo, 3 nako ya go bolaya le nako ya fodisa, nako ya go thubaka le nako le go aga. 4 Go na le nako ya go lela le nako ya go tshega, nako ya go hutsafala le nako ya go bina, 5 nako ya go latlha matlapa le nako ya go phutha matlapa, nako ya go atla batho ba bangwe le nako ya go go ba tlhokomologa. 6 Go na le nako ya go batla dilo le nako ya go emisa go batla, nako ya go ipeela dilo le nako ya go di latlha dilo, 7 nako ya go kgagola diaparo le nako ya go di roka, nako ya go didimala le nako ya go bua. 8 Go na le nako ya go rata le nako ya go ila, nako ya ntwa le nako ya kagiso. 9 Mmereki o ka boelwa keeng mo matsapeng a gagwe? 10 Ke bone tiro e Modimo a e fileng batho go e fetsa. 11 Modimo o dirile sengwe le sengwe se lebanye ka nako ya sone. O tsentse gape bosakhutleng mo dipelong tsa bone. Mme lesika la motho ga le ka ke la tlhaloganya ditiro tse Modimo o di dirileng, go tswa tshimologong ya tsone go ya go tsena kwa bokhutlong jwa tsone. 12 Ke itse gore ga gona sepe se botoka mo go mongwe le mongwe go na le go itumela le go dira molemo fa a santse a tshela- 13 le gore mongwe le mongwe a je le go nwa, le go tlhaloganya gore o ka itumelela jang molemo o o tisiwang ke tiro ya gagwe. E ke mpho ya Modimo. 14 Ke itse gore sengwe le sengwe se Modimo a se dirang ga se fele. Ga se kake sa okediwa kana sa fokodiwa, ka gore ke Modimo a se dirileng go re batho ba tle ko go ene ka tlotlo. 15 Sengwe le sengwe se se leng teng se kile sa nna teng gole pele. Le se se tlaa nnang teng, sene sa nna teng gole pele. Modimo o dira gore batho ba batle dilo tse di fitlhegileng. 16 Ke bone bosula jo bo ka fa tlase ga letsatsi, fa go tshwanetseng ke katlholo e e lebanyeng le lefelo la tshiamo, bosula bo fitlhelwa teng. 17 Ka bua mo pelong yame , ''Modimo o tlaa atlhola basiami le badira bosula ka nako e e lebaneng mo kgang ngwe le ngwe, le tiro ngwe le ngwe.'' 18 Ke buile mo pelong ya me, ''Modimo o le ka batho go ba bontsha gore ba tshwana le diphologolo.'' 19 Go nne phelelo ya ngwana wa motho le phelelo ya diphologolo ke phelelo e e tshwanang. Go swa ga mo gongwe go tshwana le go swa ga mo gongwe. Go hema ga tsone tsotlhe go a tshwana. Monna gaa botoka mo diphologolong. Ga se sepe fela ke moya? 20 Sengwe le sengwe se ya ko lefelong le lengwe fela. Sengwe le sengwe setswa mo leroleng , sengwe se boela mo leroleng. 21 Ke mang yo o itseng gore a moya wa motho o ya kwa godimo mme wa diphologolo o ya kwa tlase mo lefatsheng? 22 Jalo ke ne ka lemoga se gape ga gona sepe se se molemo mo go ope fa ese go itumelela tiro ya gagwe, ka gore mo ke yone thomo ya gagwe . Ke mang yoo ka mmusang go bona gore go dirafalang morago ga loso la gagwe.