Kgaolo 5

1 Ela tlhoko boitshwaro jwa gago fa o ya ko ntlong ya Modimo. Tsamaya o ye go reetsa. Go reetsa go siame go na le fa dieleele di go fa ditlhabelo o sa itse gore se ba se dirang mo botshelong ke boikepo. 2 O seka wa nna bofefo go bua ka molomo wa gago, gape oseka wa letla pelo ya gago go tlisa kgang mo pele ga Modimo. Modimo o ko legodimong, mme wena o mo lefatsheng, jaanong letla mafoko a gago a nne makhutshwane. 3 Fa o na le dilo tse dintsi tse o di dirang mme o tshwenyega ka tsone, o tla a nna le ditoro tse di maswe. Mafoko a mantsi a o a buang, dilo tsa bomatla tse o ka kgonang go di bua. 4 Fa o dira tumalano le Modimo, o seka wa diega go e dira, ka gore Modimo ga ana kgatlhego mo dieleeleng. Dira tumalano e o dumalaneng go e dira. 5 Go botoka go sa dire tumalano go na le go e dumalana mme o bo o sa e diragatse. 6 Se letlelele molomo wa gago go tsenya nama ya gago mo boleong. O seka wa raya morongwa wa moperesiti, ''Tumalano eo e ne ele phosego.'' Ka goreng o dira Modimo gore a galefe ka tumelano e e seng yone, go pateletsa Modimo go senya tiro ya diatla tsa gago? 7 Ka gore mo ditorong tse dintsi, le jaaka mo mafokong a mantsi, ga gona tharabololo ya mowa. Jalo boifa Modimo. 8 Fa o bona batlhoki ba gatelelwa le go thukuthiwa ba sa tshwarwe sentle le go sa direlwa sentle mo teropong ya semolao, o seka wa gakgamala jaaka e kare ga go ope yo o itseng, ka gore gona le batho ba ba maatla go lebelela ba ba ka fa tlase ga bone, mme gape gona le ba ba kwa godimo ga bone. 9 Mo tlaleletsong, dijo tse di tswang mo lefatsheng ke tsa botlhe, le Kgosi ka boene o tsaya thobo ko tshimong ya gagwe. 10 Ope fela yo o ratang selefera ga a kitla a kgotsofala ka selefera, le yo o ratang khumo o ya go tswelela a e batla le go feta. Se , le sone, ke phefo. 11 Fa katlego e gola, le fela jalo batho ba ba tla a e jang. Bo mosola jwa khumo ke eng fa ese gore mong wa yone a e tlhokomele ka matlho a gagwe. 12 Go robala ga monna yo o berekang go monate, le fa a a ja go le gonnye kgotsa go le go ntsi,mme khumo ya mohumi ga e mo letle go robala sentle. 13 Ke bone bo maswe jo bo tseneletseng jo ke bo boneng ka fa tlase ga letsatsi: dikhumo tse di fitlhilweng ke mong wa tsone, mo maduong a a botlhoko. 14 Fa monna wa mohumi a latlhegelwa ke dikhumo ka go tlhoka lesego, morwa wa gagwe, ene yo a nnileng rraagwe, o tlogelwa a sa tshola sepe mo diatleng tsa gagwe. 15 Jaaka motho a tsholwa a tla asa apara sepe go tswa sebopelong sa ga mmaagwe, jalo gape o tla a tlogela botshelo jo a sa apara sepe. O tla a tsaya sepe se a sa se berekelang ka letsogo la gagwe. 16 Bo bongwe bosula ke gore jaaka motho a tsile, o tshwanetse a tsamaya gape jalo. Jaanong motho o boelwa ke eng go berekela phefo fela. 17 Mo malatsing a gagwe o ja le lefifi ebile a tshwenyegile ka bokowa le bogale. 18 Bona, se ke se boneng se le molemo ebile se siame ke go ja le go nwa go itumelela se o se bereketseng, jaaka re bereka ka fa tlase ga letsatsi mo malatsing a botshelo jo re bo filweng ke Modimo. Ka mo ke tiro kgolo e monna a e neetsweng. 19 Mongwe yo o neetsweng dikhumo le katlego le bokgoni ke Modimo le bonatla jwa go amogela bontlha bongwe le go ipela mo tirong ya gagwe- se ke mpho e e tswang mo Modimong. 20 Ka gore ga a tlise mo tlhaloganyong kgapetsa malatsi a go tshela ga gagwe, ka gore Modimo o mo dira gore a bereke ka natla le dilo tse a di itumelelang fa a di dira.