Kgaolo 9

1 Abimeleke morwa Jerubu Bale a ya kwa masikeng a ga mmaagwe kwa Shekeme a ba raya le kgotlana yotlhe ya ba masika a ga mmaagwe a re, 2 ''Tsweetswee buang se, gore baeteledipele botlhe mo Shekeme ba utlwe, 'Se se botoka ke eng mo go lona: gore barwa botlhe ba ga Jerubu Bale ba ba masome a supa ba le buse, kgotsa a le mongwe fela a le buse?' Gakologelwang gore ke lerapo le nama ya lona.''' 3 Ba lesika la ga mmaagwe ba mmuelela le baeteledipele ba Shekeme, ba dumela go sala Abimeleke morago, gonne ba ne ba re, ''Ke morwarraarona.'' 4 Ba mo neela dipapetlana tsa selefera di le masome a supa go tswa mo ntlong ya ga Bale Berithi, mme Abimeleke a di dirisa go hira banna ba ba ganang molao ba ba maitsholo a makgasa, ba ba neng ba mo sala morago. 5 Abimeleke a ya kwa ntlong ya ga rraagwe kwa Ofera, mme godimo ga letlapa le le lengwe a bolaya barwarraagwe ba ba masome a supa, barwa Jerubu Bale. Jothame ke ene fela yo o neng a sala, morwa wa ga Jerubu Bale yo monnye, gonne o ne a iphitlha. 6 Baeteledipele botlhe ba Shekeme le Bethe Milo ba kopana, mme ba tsamaya ba ya go dira Abimeleke kgosi, fa thoko ga mooka gaufi le pilara e e mo Shekeme. 7 Fa Jothame a se na go bolelelwa ka se, a ya a ema mo godimo ga thaba ya Gerisimi. A goa a ba raya a re, ''Ntheetsang, lona baeteledipele ba Shekeme, gore Modimo a tle a kgone go le reetse. 8 Ka nako nngwe ditlhare tsa ya go tlotsa kgosi go di okamela. Tsa raya setlhare sa olifi tsa re, 'Re buse.' 9 Mme setlhare sa olifi sa di raya sa re, 'A ke tlogele leokwane la me, le le dirisiwang go tlotla badimo le batho, gore ke tle ke boe, fela gore ke obege godimo ga ditlhare tse dingwe?' 10 Ditlhare tsa raya setlhare sa mofeige tsa re, 'Tla o re buse.' 11 Mme setlhare sa mofeige sa di raya sa re, 'A ke tlogele bomonate jwa me le leungo la me le le molemo, fela gore ke tle ke boe ke tle go obega godimo ga ditlhare tse dingwe?' 12 Ditlhare tsa raya mofine tsa re, 'Tla o re buse.' 13 Mofine wa di raya wa re, 'A ke tlogele mofine wa me o mosha, o o thabisang badimo le batho, ke tle boe ke tle go obega godimo ga ditlhare tse dingwe?' 14 Foo ditlhare tsotlhe tsa re go setlhare sa mmitlwa, 'Tla o re buse.' 15 Setlhare sa mmitlwa sa raya ditlhare sa re, 'Fa e le boammaaruri le batla go ntlotsa gonna kgosi ya lona, tlang le bone pabalelo ka fa tlase ga moriti wa me. Fa go sa nne jalo, a molelo o tswe mo sekgweng sa mmitlwa, mme a o fise masetare a Lebanone.' 16 Jalo he, fa e le gore le dirile ka boammaaruri le go sa fitlhe sepe, fa le dira Abimeleke kgosi, le fa e le gore le diretse Jerubu Bale le ntlo ya gagwe sentle, le fa e le gore le mo otlhaile ka fa go lebanyeng - 17 - le go aknya gore rre o le lwetse, a tsenya botshelo jwa gagwe mo diphatseng, a le golola mo seatleng sa Midiana - 18 mme gompieno le tsogologile kgatlhanong le ntlo ya ga rre, e bile le bolaile barwa ba gagwe, batho ba le masome a supa, mo letlapeng le le lengwe. Mme le dirile Abimeleke, morwa wa motlhanka wa gagwe wa mosadi, kgosi godimo ga baeteledipele ba Shekeme, ka lebaka la gore ke wa lesika la lona. 19 Fa le dirile ka go sa fitlhe sepe le ka seriti ka Jerubu Bale le ntlo ya gagwe, foo le tshwanetse go ipela mo go Abimeleke, le ene a a ipele mo go lona. 20 Mme fa go sa nna jalo, a molelo o tswe mo go Abimeleke o fise banna ba Shekeme le Bethe Milo. A molelo o tswe mo banneng ba Shekeme le Bethe Milo o fise Abimeleke.'' 21 Jothame a sia, a ya kwa Beere. O ne a nna gone koo ka gore go ne go le kgakala le Abimeleke, morwarraagwe. 22 Abimeleke a busa Iseraele dingwaga tse tharo. 23 Modimo a romela mowa o o bosula gare ga ga Abimeleke le baeteledipele ba Shekeme. Baeteledipele ba Shekeme ba senya go tshepana mo go neng go le teng gare ga bone le Abimeleke. 24 Modimo a dira se gore bosula jo bo diretsweng barwa ba ba masome a a supang ba ga Jerubu Bale bo busolosiwe, le morwarraabone, Abimeleke a bonwe molato wa polao ya bone, le banna ba Shekeme ba bonwe molato wa go mo thusa go bolaya barwarraagwe. 25 Jalo baeteledipele ba Shekeme ba baya banna mo ditlhoeng tsa dithaba go mo lalela gore ba tle ba mo tlhasele ka tshoganyetso, mme ba ne ba thukutha botlhe ba ba neng ba feta fa go bone mo tseleng. Se sa begelelwa Abimeleke. 26 Gala morwa Ebete a tla le ba lesika la gagwe ba ya ka kwa Shekeme. Baeteledipele ba Shekeme ba nna le tshepo mo go ene. 27 Ba tswela kwa nageng ba ya go roba moretlwa wa Sekgoa mo ditshingwaneng tsa mofine, mme ba o gata ka dinao. Ba dira mokete mo ntlong ya modimo wa bone, kwa ba neng ba ja ba nwa, mme ba hutsa Abimeleke. 28 Gala morwa Ebete a re, ''Abimeleke ke mang, gape Shekeme ke mang yo re tshwanetseng go mo direla? A ga se morwa Jerubu Bale? A Sebulu ga se modiredi wa gagwe? Direlang banna ba ga Hamore, rraagwe Shekeme! Ke eng re tshwanetse go mo direla? 29 Ke eletsa gore batho ba ba ka bo ba le ka fa tlase ga taolo ya me! Foo ke ne ke tla tlosa Abimeleke. Ke ne ke tla raya Abimeleke ke re, 'Bitsa sesole sa gago sotlhe.''' 30 Fa Sebulu, modiredi wa toropokgolo, a utlwa mafoko a ga Gala morwa Ebete bogale jwa gagwe jwa tuka. 31 A romela barongwa kwa go Abimeleke gore a tsietse, a re, ''Bona, Gala morwa Ebete le ba lesika la gagwe ba tla kwa Shekeme, mme ba fudua toropokgolo kgatlhanong le wena. 32 Jaanong, tsoga mo bosigong, wena le masole a a nang le wena, ipaakanyetseng go tlhasela ka go tshoganyetsa mo masimong. 33 Mme mo mosong fa letsatsi le se na go tswa, nanogang le tlhasele toropokgolo. Fa ene le batho ba a nang le bone ba tla kgatlhanong le lona, dirang sengwe le sengwe se le ka se kgonang kgatlhanong le bone.'' 34 Jalo Abimeleke a tsoga mo bosigong, ene le banna botlhe ba ba neng ba na le ene, ba ipaakanyetsa tlhaselo ya tshoganyetso kgatlhanong le Shekeme - ba ikgaoganya ka ditlhopha tse nne. 35 Gala morwa Ebete a tswa a ya go ema fa go tsenwang teng fa kgorong ya toropokgolo. Abimeleke le banna ba a neng a na le bone ba tswa fa ba neng ba iphitlhile teng. 36 Fa Gala a bona banna, a raya Sebulu a re, ''Bona, banna ba etla go tswa mo godimo ga ditlhoa tsa dithaba!'' Sebulu a re, ''O bona meriti mo dithabeng e lebega jaaka ekete ke banna.'' 37 Gala a bua gape a re, ''Leba, banna ba fologelela mo bogareng jwa lefatshe, mme sengwe setlhopha se tla ka tsela ya mooka wa didupe.'' 38 Sebulu a mo raya a re, ''Mafoko a gago a boikgantsho a kae jaanong, wena yo o neng o re, 'Abimeleke ke mang yo re tshwanetseng go mo direla?' A ba ga se banna ba o neng o ba nyatsa? Tswa jaanong o ye go lwa le bone.'' 39 Gala a tswela kwa ntle a eteletse pele banna ba Shekeme, mme a lwa le Abimeleke. 40 Abimeleke a mo alola, Gala a sia fa pele ga gagwe. Mme bontsi jwa wa ka dintho tse di bolayang fa pele ga felo fa go tsenwang teng fa kgorong ya toropokgolo. 41 Abimeleke a nna kwa Aruma. Sebulu a patika Gala le ba lesika la gagwe go tswa mo Shekeme. 42 Mo letsatsing le le latelang batho ba Shekeme ba tswa ba ya kwa nageng, mme se sa begelelwa Abimeleke. 43 A tsaya batho ba gagwe, a ba kgaoganya ka ditlhopha tse tharo, ba ipaakanyetsa go tlhasela ka go tshoganyetsa mo nageng. A leba a bona batho ba tswa mo toropokgolong. A ba tlhasela a ba bolaya. 44 Abimeleke le ditlhopha tse a neng a na le tsone ba tlhasela ba bo ba thiba fa go tsenwang teng fa kgorong ya toropokgolo. Ditlhopha tse pedi tse dingwe tsa tlhasela botlhe ba ba neng ba le mo nageng ba ba bolaya. 45 Abimeleke a lwa le toropokgolo letsatsi leo lotlhe. A gapa toropokgolo, a bolaya batho ba ba mo go yone. A digela fa fatshe dipota tsa toropokgolo a bo a e gasa letswai. 46 Fa baeteledipele botlhe ba ntlo e e kwa godimo ya Shekeme ba utlwa ka se, ba tsena mo boremelelong jwa ntlo ya ga Ele Berithi. 47 Abimeleke a bolelelwa gore batho botlhe ba kgobokanye kwa ntlong e e kwa godimo ya Shekeme. 48 Abimeleke a tlhatlogela kwa thabeng ya Salamone, ene le banna ba ba neng ba na le ene. Abimeleke a tsaya selepe a kgaola dikala tsa setlhare. A di baya mo legetleng la gagwe , a laola banna ba ba neng ba na le ene, ''Se le boneng ke se dira, itlhaganeleng le se dire.'' 49 Jalo mongwe le mongwe a kgaola dikala a sala Abimeleke morago. Ba di tlhatlaganya di ikaegile ka lobota lwa ntlo e e kwa godimo, ba e tshuba, gore batho botlhe ba ntlo e e kwa godimo ya Shekeme lebone ba swe, banna le basadi ba ka nna sekete. 50 Foo Abimeleke a ya kwa Thebese, a kampa kgatlhanong le Thebese mme a e gapa. 51 Mme go ne go na le ntlo e e kwa godimo e e thata mo toropokgolong, banna le basadi le baeteledipele botlhe ba toropokgolo ba siela kwa go yone mme ba itswalela mo go yone. Foo ba ya kwa borulelong jwa ntlo e e kwa godimo. 52 Abimeleke a tla kwa ntlong e e kwa godimo a lwa le yone, mme a tla kwa lebating la ntlo e e kwa godimo go le tshuba. 53 Mme mosadi a rothisetsa letlapa la tshilo mo tlhogong ya ga Abimeleke mme la ranya legata la gagwe. 54 Foo a bitsa ka potlako monnana wa motsholathebe wa gagwe, a mo raya a re, ''Ntsha tshaka ya gago o mpolae, gore go se ka ga nna le ope yo o tla reng ka nna, 'O bolailwe ke mosadi.''' Jalo monnana a mo phunya, mme a swa. 55 Fa banna ba Iseraele ba bona gore Abimeleke o sule, ba ya gae. 56 Mme jalo Modimo a busolosa bosula jo Abimeleke a bo dirileng kgatlhanong le rraagwe ka go bolaya barwarraagwe ba ba masome a supa. 57 Modimo a dira gore bosula jotlhe jwa banna ba Shekeme bo boele mo ditlhogong tsa bone gape mo go bone ga tla phutso ya ga Jothame morwa Jerubu Bale.