Kgaolo 8

1 Banna ba Iforaime ba raya Gitione ba re, ''Ke eng se o se re dirileng se? Ga o a ka wa re bitsa fa o tswa o ya go lwa le Midiana.'' Mme ba nganga le ene ka dikgoka. 2 A ba raya a re, ''Ke dirile eng jaanong mo ke ka tshwantshanngwang le lona? A maselwa a moretlwa wa Sekgoa a Iforaime ga a botoka go feta thobo e e feletseng ya moretlwa wa Sekgoa ya Abiesere? 3 Modimo o le neetse phenyo godimo ga dikgosana tsa Midiana - Orebe le Siibi! Nna ke kgonne eng go ka tshwantshanngwa le lona?'' Go mo tenegela ga bone ga fela fa a bua jaana. 4 5 Gitione a tla kwa nokeng ya Jorotane a e kgabaganya, ene le banna ba ba makgolo mararo ba ba neng ba na le ene. Ba ne ba lapile, mme ba na ba tsweledisa go alola. A raya banna ba Sukothe a re, ''Tsweetswee neelang batho ba ba ntshetseng morago marotho, gonne ba lapile, mme ke alotse Seba le Salamuna, dikgosi tsa Midiana.'' 6 7 Badiredi ba re, ''A diatla tsa ga Seba le Salamuna di setse di le mo seatleng sa gago jaanong? Ke eng re tshwanetse go neela sesole sa gago borotho?'' Gitione a re, ''Fa Modimo Yahweh a sena go re fa phenyo godimo ga ga Seba le Salamuna, ke tla gagola letlalo la lona ka mmitlwa wa sekaka. 8 A tlhatloga a ya kwa Penuele, a bua le batho koo ka tsela e e tshwanang, mme banna ba Penuele ba mo araba fela jaaka banna ba kwa Sukothe. 9 A bua gape le banna ba Penuele a re, ''Fa ke tla gape ka kagiso, ke tla digela fatshe kago e e kwa godimo e.'' 10 Jaanong Seba le Salamuna ba ne ba le kwa Karakoro le sesole sa bone, banna ba le dikete tse lesome le botlhano, botlhe ba ba neng ba sala mo sesoleng sotlhe sa batho ba botlhabatsatsi, gonne go ne go sule banna ba le dikete tse lekgolo le masome a mabedi ba ba neng ba katisitswe go lwa ka tshaka. 11 Gitione a tsamaya ka tsela e e tserweng ke banni ba ditente, go feta Noba le Jogobeha. A fenya sesole sa baba, gonne ba ne ba sa solofela tlhaselo. 12 Seba le Salamuna ba sia, mme jaaka Gitione a ba alotse, a gapa dikgosi tse pedi tsa Midiana - Seba le Salamuna - mme a tsenya sesole sa bone sotlhe mo tlalelong. 13 Gitione, morwa Joashe a boa go tswa ntweng, a ralala phatana ya Herese. 14 A kopana le lekawana la batho ba Sukothe a batla kgakololo mo go ene. Lekawana la kaya baeteledipele ba Sukothe le bagolwane ba teng, banna ba le masome a supa le bosupa. 15 Gitione a tla kwa banneng ba Sukothe a re, ''Bonang Seba le Salamuna, ba le neng la ntshotla ka ga bone le re, 'A o setse o fentse Seba le Salamuna? Ga re itse gore re tlamega go neela sesole sa gago borotho.''' 16 Gitione a tsaya bagolwane ba toropokgolo, mme a otlhaya banna ba Sukothe ka mmitlwa wa sekaka. 17 Mme a digela fa fatshe kago e e kwa godimo ya Penuele a bo a bolaya banna ba toropokgolo eo. 18 Foo Gitione a raya Seba le Salamuna a re, ''Le bolaile banna ba mofuta ofe kwa Tabore?'' Ba araba, ''Ba ne ba tshwana le wena. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tshwana le morwa wa kgosi.'' 19 Gitione a re, ''E ne e le barwarre, barwa ba ga mme. Jaaka Modimo Yahweh a tshela, fa le ne le ba lesitse ba tshela, ke ne ke tla se ka ke le bolaya.'' 20 A raya Jethere(morwa wa gagwe wa ntlha), ''Emelela o ba bolae!'' Mme lekawana la se ka la ntsha tshaka, gonne le ne le tshogile, ka gore o ne a le mosimane yo monnye. 21 Foo Seba le Salamuna ba re, ''Emalela wena o re bolae! Gonne monna o monna go ya ka fa thata ya gagwe e ntseng ka teng.'' Gitione a ema ka dinao a bolaya Seba le Salamuna. O ne a bo a tsaya mekgabo ya gauta e e tshwanang le leketlo le ngwedi e e neng e le mo melaleng ya dikamela tsa bone. 22 Foo banna ba Iseraele ba raya Gitione ba re, ''Re buse - wena, morwao, le morwa wa morwao - gonne o re bolokile mo seatleng sa Midiana.'' 23 Gitione a ba raya a re, ''Ga ke na go le busa, le fa e le mowaake ga a na go le busa. Modimo Yahweh o tla le busa.'' 24 Gitione a ba raya a re, ''Mma ke le kope: gore mongwe le mongwe wa lona a nneele manyena go tswa mo digapiweng tsa gagwe.'' (Bamediana ba ne ba na le manyena a gauta ka gore e ne e le Baishimaele). 25 Ba araba, ''Re itumelela go a go neela.'' Ba ala jase, mme monna mongwe le mongwe a latlhela mo go yone manyena a a tswang mo digapiweng tsa gagwe. 26 Bokete jwa manyena a gauta a a neng a a kopa e ne e le dishekele tsa gauta di le sekete le makgolo a supa. Digapiwa tse di ne di tlatsa mekgabiso e e tshwanang le leketlo la ngwedi, mekgabiso e e aparwang mo molaleng, diaparo tse di neng di aparwa ke dikgosi tsa Midiana, gape le go tlatsa dikeetane tse di neng di le mo melaleng ya dikamela tsa bone. 27 Gitione a dira khiba ya kobamelo ka manyena a e baya mo toropokgolong ya gagwe, mo Ofera, mme Iseraele otlhe a e ikgwebisetsa-ka-mmele ka go e obamela koo. Ya nna selaga mo go Gitione le ba ba mo ntlong ya gagwe. 28 Jalo Midiana a fenngwa fa pele ga batho ba Iseraele, mme ba se ka ba tlhola ba tsholetsa ditlhogo gape. Mme lefatshe la nna le kagiso dingwaga di le masome a mane mo matsatsing a ga Gitione. 29 Jerubu Bale, morwa Joashe, a ya go nna mo ntlong e e leng ya gagwe. 30 Gitione o ne a na le barwa ba le masome a supa ba a ba tshotseng, gonne o ne a na le basadi ba le bantsi. 31 Nyatsi ya gagwe e e neng e le kwa Shekeme, ya mo tsholela morwa, mme Gitione a mo raya leina a re ke Abimeleke. 32 Gitione, morwa Joashe a swa mo dingwageng tse dintsi tsa botsofe, mme a fitlhwa kwa Ofera, mo lebitleng la ga Joashe rraagwe, wa kgotlana ya Abiesere. 33 Ga diragala, go ise go e kae morago ga go swa ga ga Gitione, batho ba Iseraele ba retologa ba ikgwebisa-ka-mmele ka go obamela diBale. Ba dira Bale Berithi modimo wa bone. 34 Batho ba Iseraele ba se ka ba gakologelwa go tlotla Modimo Yahweh, Modimo wa bone, yo o ba namotseng mo seatleng sa baba botlhe ba bone mo matlhakoreng otlhe. 35 Ba ne ba se ka ba tshegetsa tsholofetso ya bone mo go ba ntlo ya ga Jerubu Bale(ke gore, Gitione), go busa bomolemo jo a bo dirileng mo Iseraele.