Kgaolo 7

1 Foo Jerubu Bale( ke gore Gitione) a tsoga makuku, ene le batho botlhe ba a neng a na le bone, mme ba kampa go bapa le motswedi wa Harote. Kampa ya Midiana e ne e le ka kwa bokone jwa bone mo mokgatsheng gaufi le thaba ya More. 2 3 Modimo Yahweh a raya Gitione a re, ''Masole a a mantsi thata gore ke ka go fa phenyo godimo ga Bamidiana, gore Iseraele a se ka a inkgantshetsa a re, 'Maatla a e leng a rona a re bolokile.' Jalo, bolela mo ditsebeng tsa batho o re, 'Ope yo o tshogileng, ope yo o roromang, a a boe mme a tloge mo thabeng ya Giliate.''' Jalo batho ba le dikete tse masome a mabedi le bobedi ba tsamaya, mme ga sala ba le dikete tse lesome. 4 Modimo Yahweh a raya Gitione a re, ''Batho ba santse ba le bantsi thata. Ba ise kwa tlase kwa metsing, ke tla go fokoletsa dipalo tsa bone koo. Fa ke go raya ke re, 'Yo o tla tsamaya le wena,' o tla tsamaya le wena; mme fa ke re, 'Yo ga a tsamae le wena,' ga a tsamae.'' 5 6 Jalo Gitione a isa batho kwa metsing, Modimo Yahweh a mo raya a re, ''Tlhaola mongwe le mongwe yo o nwang ka leleme, jaaka mpya, go tswa mo go ba ba khubamang go nwa.'' Banna ba le makgolo a mararo ba ne ba nwa ka leleme. Ba bangwe ba ne ba khubama go nwa metsi. 7 8 Modimo Yahweh a raya Gitione a re, ''Ka banna ba ba makgolo mararo ba ba nwang ka maleme, ke tla go namola ke bo ke go fa phenyo godimo ga Bamidiana. Lesa monna mongwe le mongwe a ye kwa ga gagwe.'' Jalo ba ba neng ba tlhophilwe ba tsaya dilwana tsa bone le ditorompeta. Gitione a busa banna botlhe ba Iseraele, monna mongwe le mongwe kwa tenteng ya gagwe, mme a sala ka banna ba ba makgolo a mararo. Jaanong kampa ya Midiana e ne e le kwa tlase ga gagwe mo mokgatsheng. 9 10 11 Bosigo jone joo Modimo Yahweh a mo raya a re, ''Emelela! Tlhasela kampa, gonne ke tsile go go neela phenyo godimo ga yone. Mme fa e le gore o boifa go ya kwa tlase, ya kwa tlase le motlhanka wa gago Pura, mme o reetse se ba se buang, bopelokgale jwa gago bo tla thatafadiwa go tlhasela kampa.'' Jalo Gitione a ya tlase le motlhanka wa gagwe Pura kwa balebeledi ba kampa ba emang teng. 12 Bamidiana, Baamaleka le batho botlhe ba botlhabatsatsi ba ipaa mo mokgatsheng, ba kgotlhagane jaaka leru la tsie. Dikamela tsa bone di ne di le bontsi jo bo neng bo ka se ka jwa balwa; di ne di le dintsi go feta ditlhaka tsa motlhaba o o mo letshitshing la lewatle. 13 Fa Gitione a goroga koo, monna mongwe o ne a bolelela mopati wa gagwe toro. Monna a re, ''Leba! Ke ne ka nna le toro, ka bona borotho jo bo kgolokwe jwa bali bo kgokologela mo kampeng ya Midiana. Jwa tla kwa tenteng, jwa e itaya thata mo e neng ya wa e lebile kwa godimo, ya bo ya sala e alegile fa fatshe.'' 14 Monna yo mongwe a re, ''Se ga se sepe fa e se tshaka ya ga Gitione(morwa Joashe), wa Moiseraele. Modimo o mo file phenyo godimo ga Midiana le sesole sotlhe sa bone.'' 15 Fa Gitione a utlwa go bolelwa gape ga toro le tlhaloso ya yone, a inama a obamela. A boela morago kwa kampeng ya Iseraele a re, ''Emelelang! Modimo Yahweh o le file phenyo godimo ga sesole sa Midiana.'' 16 A kgaoganya banna ba ba makgolo a mararo ka ditlhopha di le tharo, mme a ba neela ditorompeta tsotlhe le dijana tse di senang sepe, le mabone a le mo teng ga sengwe le sengwe sa dijana. 17 A ba raya a re, ''Ntebeng le dire jaaka ke dira. Lebang! Fa ke tla fa thoko ga kampa, le tshwanetse go dira jaaka ke dira. 18 Fa ke letsa torompeta, nna le ba ke nang le bone, le lona le letse ditorompeta mo letlhakoreng lengwe le lengwe la kampa yotlhe mme le kue, 'Ga Modimo Yahweh le Gitione!''' 19 Jalo Gitione le banna ba ba lekgolo ba a neng a na le bone ba tla fa thoko ga kampa, gone ka nako ya tshimologo ya go disa ga bosigo gare. Fela jaaka Bamidiana ba fetola balebeledi, ba letsa ditorompeta ba thuba dijana tse di mo diatleng tsa bone. 20 Ditlhopha tse tharo tsa letsa ditorompeta tsa thuba dijana. Ba tshwara mabone ka diatla tsa molema mme ba tshwara ditorompeta ka diatla tsa moja gore ba di letse. Ba goa, ''Tshaka ya ga Modimo Yahweh le ya ga Gitione.'' 21 Monna mongwe le mongwe a ema fa a leng teng go dikologa kampa mme sesole sotlhe sa Bamidiana sa sia. Ba goa ba sia. 22 Fa ba letsa ditorompeta tse di makgolo a mararo, Modimo Yahweh a dira gore tshaka ya monna mongwe le mongwe wa Momediana e lebagane le molekane wa gagwe le kgatlhanong le sesole sotlhe sa bone. Sesole se ne sa siela bokgakala jwa Bethe Sitha go ya kwa Serera, go ya bokgakala jwa molelwane wa Abele Mehola gaufi le Tabatha. 23 Banna ba Iseraele go tswa kwa Nafithale, Ashere, le Manase otlhe ba bidiwa, mme ba alola Midiana. 24 Gitione a romela barongwa mo lefatsheng lotlhe la dithaba la Iforaime, a re, ''Fologelang tlase kgatlhanong le Midiana le tseye taolo ya noka ya Jorotane, go ya bokgakala jwa Bethe Bara, go ba emisa.'' Jalo banna botlhe ba Iforaime ba kgobokana ba tsaya taolo ya metsi, go ya bokgakala jwa Bethe Bara le noka ya Jorotane. 25 Ba gapa dikgosana tse pedi tsa Midiana, Orebe le Siibi. Ba bolaya Orebe kwa letlapeng la Orebe, ba bolaya Siibi kwa motlhotlhong wa mofine wa Siibi. Ba alola Bamidiana, ba tsisa ditlhogo tsa ga Orebe le Siibi kwa go Gitione, yo o neng a le bontlha jo bongwe jwa Jorotane.