Kgaolo 6

1 Batho ba Iseraele ba ne ba dira tse di bosula mo ponong ya Modimo Yahweh, mme a ba neela mo seatleng sa Midiana dingwaga di le 7. 2 Maatla a Midiana a gatelela Iseraele. Ka lebaka la Midiana, batho ba Iseraele ba itirela manno ka mengobo e e mo dithabeng, magaga le boremelelo. 3 Go ne go diragala gore nako le nako fa Baiseraele ba lema dijwalo tsa bone, Bamidiana, Baamaleka le batho ba ba tswang botlhabatsatsi ba ne ba tlhasela Baiseraele. 4 Ba ne ba tlhoma sesole sa bone mo lefatsheng ba bo ba senya dijwalo, tsela yotlhe go fitlha kwa Gasa. Ba ne ba tlogela go se na dijo mo Iseraele, go sena dinku, go sena dikgomo, le fa e le ditonki. 5 Nako le nako fa ba tla ka ditente le leruo la bone, ba ne ba tla jaaka lesogodi la tsie, mme go ne go sa kgonege go ka bala batho kgotsa dikamela tsa bone. Ba ne ba tlhasela lefatshe gore ba tle ba le senye. 6 Midiana a koafatsa Baiseraele mo go maswe mo batho ba Iseraele ba neng ba bitsa Modimo Yahweh. 7 Fa batho ba Iseraele ba bitsa Modimo Yahweh ka lebaka la Midiana, 8 Modimo Yahweh a romela moporofiti kwa bathong ba Iseraele. Moporofiti a ba raya a re, ''Se ke se se buiwang ke Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele: 'Ke le ntshitse kwa Egepeto; ke le ntshitse mo ntlong ya bokgoba. 9 Ke le ntshitse mo seatleng sa Egepeto, le mo seatleng sa botlhe ba ba neng ba le gateletse. Ke ba kobile fa pele ga lona, ka bo ka le fa lefatshe la bone. 10 Ke ne ka le raya ka re, 'Ke Modimo Yahweh, Modimo wa lona; ke le laotse gore le se ka la obamela medimo ya Baamori, ba le nnang mo lefatsheng la bone.'' Mme ga le a ka la utlwa lentswe la me.''' 11 Jaanong moengele wa Modimo Yahweha a tla a nna ka fa tlase ga mooka o o kwa Ofera, o o neng o le wa ga Joashe(wa Moabisere), ka nako e Gitione, morwa Joashe, a neng a itaaganya korong fa fatshe mo seboaneng sa mofine go e baakanya - go e fitlhela Bamidiana. 12 Moengele wa Modimo Yahweh a mo iponagaletsa a mo raya a re, ''Modimo Yahweh o na le wena, wena senatla sa ntwa!'' 13 Gitione a mo raya a re, ''Oh, mong wa me, fa e le gore Modimo Yahweh o na le rona, ke eng dilo tsotlhe tse di re diragaletse? Di kae ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tse borraarona ba neng ba re bolelela ka tsone, fa ba re, 'A Modimo Yahweh ga a re ntsha kwa Egepeto?' Mme jaanong Modimo Yahweh o re tlogetse a ba a re neela mo seatleng sa Midiana.'' 14 Modimo Yahweh a mo leba a re, ''Tsamaya ka thata e o setseng o na le yone. Golola bana ba Iseraele mo seatleng sa Midiana. A ga ke a go roma?'' 15 Gitione a mo raya a re, ''Tsweetswee, Morena, ke ka kgona go golola Iseraele jang? Bona, ba ntlo ya ga rre ba bokoa go feta botlhe mo morafeng wa Manase, le nna ke yo o nyatsegang mo ntlong ya ga rre.'' 16 Modimo Yahweh a mo raya a re, ''Ke tla bo ke na le wena, o tla fenya sesole sotlhe sa Bamidiana jaaka ekete ke monna a le mongwe.'' 17 Gitione a mo raya a re, ''Fa o itumela ka nna, nneele sekai sa gore ke wena o buang le nna. 18 Tsweetswee, o se ka wa tloga fa go fitlhelela ke tla ke tsisa mpho ya me ke e baya fa pele ga gago.'' Modimo Yahweh a re, ''Ke tla leta go fitlhelela o boa.'' 19 Gitione a ya a baakanya podi e nnye mme go tswa mo selekanyong sa epha sa bupe a dira borotho jo bo sa bedisiwang. A tsenya nama mo tlatlaneng, a tsenya moro mo potwaneng a di tsisa kwa go ene ka fa tlase ga setlhare sa mooka, a di mo neela. 20 Moengele wa Modimo Yahweh a mo raya a re, ''Tsaya nama le borotho jo bo senang sebediso o di beye mo godimo ga letlapa le, o bo o tshela moro mo go tsone.'' Mme Gitione a dira jalo. 21 Foo moengele wa Modimo Yahweh a ama ka ntlha ya thobane e e mo seatleng sa gagwe. Ka yone a ama nama le borotho jo bo sa bedisiwang; molelo wa tuka go tswa mo letlapeng wa kometsa nama le borotho jo bo sa bedisiwang. Foo moengele wa Modimo Yahweh a tsamaya, Gitione a se ka a tlhola a mmona gape. 22 Gitione a tlhaloganya gore yo e ne e le moengele wa Modimo Yahweh. Gitione a re, ''A, Morena Yahweh! Gonne ke bone moengele wa Modimo Yahweh sefatlhego go sefatlhego!'' 23 Modimo Yahweh a mo raya a re, ''Kagiso e nne le wena! O se ka wa tshoga, ga o na go swa.'' 24 Jalo Gitione a agela Modimo Yahweh aletara gone foo. A e bitsa, ''Modimo Yahweh ke kagiso.'' Go fitlha mo letsatsing le e ntse e eme kwa Ofera wa kgotlana ya Abiesere. 25 Bosigo joo Modimo Yahweh a mo raya a re, ''Tsaya poo ya ga rraago, le poo ya bobedi e e dingwaga di 7, mme o tlhatlhamolole aletara ya ga Bale ya ga rraago, o bo o kgaolele fatshe Ashera e e bapileng le yone. 26 Aga aletara ya Modimo Yahweh, Modimo wa gago mo godimo ga lefelo le la botshabelo, o e age ka tsela e e siameng. Ntsha poo ya bobedi e le moneelo o o fisiwang, o dirise dikgong tsa Ashera e o e kgaoletseng fatshe.'' 27 Jalo Gitione a tsaya batlhanka ba gagwe ba le lesome a dira jaaka Modimo Yahweh a mmoleletse. Mme ka lebaka la gore o ne a boifa thata ba ntlo ya ga rraagwe le banna ba toropo go dira se mo motshegareng, a dira mo bosigong. 28 Mo mosong fa banna ba toropo ba tsoga, aletara ya ga Bale e ne e robeletswe fatshe, le Ashera e e bapileng le yone e kgaoletswe fatshe, mme poo ya bobedi e ne e fisitswe mo aletareng e e sa tswang go agiwa. 29 Banna ba toropokgolo ba raana ba re, ''Ke mang yo o dirileng se?'' Fa ba bua le ba bangwe ba bo ba batla dikarabo, ba re, ''Gitione morwa Joashe ke ene a dirileng selo se.'' 30 Foo banna ba toropo ba raya Joashe ba re, ''Ntshetsa morwao kwa ntle a tle a bolawe, gonne o tlhatlhamolotse aletara ya ga Bale, gape ka gonne o kgaoletse fatshe Ashera e e bapileng le yone.'' 31 Joashe a raya botlhe ba ba neng ba ganetsanya nae a re, ''A le tla buelela Bale? A le tla mmoloka? Ope yo o mmuelelang, a a bolawe go santse go le mo mosong. Fa e le gore Bale ke modimo, a a iphemele fa mongwe a tlhatlhamolola aletara ya gagwe.'' 32 Jalo he mo letsatsing leo ba bitsa Gitione, ''Jerubu Bale,'' gonne o ne a re, ''A Bale a iphemele kgatlhanong le ene,'' ka gonne Gitione o robeletse fatshe aletara ya ga Bale. 33 Jaanong Bamidiana botlhe, Baamaleka, le batho ba botlhabatsatsi ba kgobokana. Ba kgabaganya Jorotane mme ba kampa mo mokgatsheng wa Jeserile. 34 Mme Mowa wa Modimo Yahweh wa tla mo go Gitione. Gitione a letsa torompeta, a bitsa kgotlana ya Abiesere, gore ba mo sale morago. 35 A romela barongwa go ralala Manase otlhe, le bone ba bidiwa go mo sala morago. A romela barongwa gape kwa Ashere, Sebulane le Nafithale, mme ba tsamaya ba ya go kopana nae. 36 Gitione a raya Modimo a re, ''Fa o ikaelela go ntirisa go boloka Iseraele jaaka o buile - 37 leba, ke baya ngata ya boboa jwa nku mo seboaneng se se phothelang. Fa monyo o ka nna mo boboeng fela, mme ga bo go omile mo mmung mo tikologong, foo ke tla itse gore o tsile go dirisa nna go boloka Iseraele, jaaka o buile.'' 38 Se ke se se diragetseng - Gitione a tsoga makuku a moso o o latelang, a gamola boboa, mme a gamola monyo go tswa mo boboeng, selekanyo se se ka tlalang beisane. 39 Foo Gitione a raya Modimo a re, ''O se ka wa ntenegela, ke tla bua gangwe gape. Tsweetswee ntetlelele go dira teko e nngwe gape ke dirisa boboa. Mo nakong e, dira gore boboa bo ome, mme go nne monyo mo mmung otlhe go bo dikologa.'' 40 Modimo a dira se a neng a se kopa bosigo joo. Boboa bo ne bo omile, mme go ne go le monyo mo mmung go bo dikologa.