Kgaolo 5

1 Mo letsatsing leo Tebora le Baraka morwa Abinoame ba opela pina e: 2 ''Fa baeteledipele ba etelela pele mo Iseraele, fa batho ba ithaopela ntwa ka boitumelo - re boka Modimo Yahweh! 3 Reetsang, dikgosi ke lona! Elang tlhoko, baeteledipele ke lona! Nna, nna ke tla opelela Modimo Yahweh; ke tla opelela Modimo Yahweh dipako, Modimo wa Iseraele. 4 Modimo Yahweh, fa o tswa mo Seiri, fa o gata go tswa mo Etome, lefatshe le ne la tshikhinyega, le mafaufau a ne a roroma; gape le maru a ne a tsholola metsi. 5 Dithaba di ne tsa roroma fa pele ga sefatlhego sa Modimo Yahweh; le thaba ya Sinai e ne ya roroma fa pele ga sefatlhego sa Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele. 6 Mo matsatsing a ga Shamogara(morwa Anathe), mo matsatsing a ga Jaele, ditsela tse dikgolo di ne tsa tlogelwa, mme ba ba neng ba tsamaya ba ne ba dirisa ditselana tse di itsoketsang. 7 Go ne go na le batlhabani ba se bantsi mo Iseraele, go fitlhelela nna, Tebora, ke tsaya taolo - motho wa mme o ne a tsaya taolo mo Iseraele! 8 Fa ba ne ba ikgethela medimo e mesha, go ne ga nna le ntwa kwa dikgorong tsa toropokgolo mme go ne go se na dithebe le fa e le digai tse di neng di bonwa mo go ba ba masome mane a dikete mo Iseraele. 9 Pelo ya me e ya le balaola sesole ba Iseraele, le batho ba ba ithaopileng ka boitumelo - re segofatsa Modimo Yahweh ka bone! 10 Akanyang ka se - lona ba le palamang ditonki tse ditshweu le ntse godimo ga dikojwana boemong jwa disale, le lona ba le tsamayang mo tseleng. 11 Utlwang mantswe a ba ba opelang kwa mafelong a go nowang metsi kwa go one. Koo ba bolela gape ka ditiro tsa tshiamo tsa Modimo Yahweh, le ditiro tsa tshiamo tsa batlhabani ba gagwe mo Iseraele. Foo batho ba Modimo Yahweh ba ya kwa dikgorong tsa toropokgolo. 12 Tsoga, tsoga, Tebora! Tsoga, tsoga, opela pina! Emelela, Baraka, mme o gape batshwarwa ba gago, wena morwa Abinoame. 13 Foo bafalodi ba tla kwa batlotleging; batho ba Modimo Yahweh ba tla kwa go nna le batlhabani. 14 Ba ne ba tswa kwa Iforaime yo modi wa gagwe o leng kwa Amaleka; batho ba Benjamene ba le setse morago. Go tswa Makhiri ga tla balaola sesole, le go tswa Sebulane ga tla ba ba tsholang thobane ya modiredi. 15 Le dikgosana tsa me kwa Isakare di ne di na le Tebora; le Isakare o ne a na le Baraka a siane fa morago ga gagwe go tsena mo mokgatsheng a le ka fa tlase ga taolo ya gagwe. Gareng ga dikgotlana tsa ga Rubene go ne go na le go itshekatsheka pelo mo go golo. 16 Ke eng o ne o ntse fa fatshe fa gare ga maiso, o reeditse badisa ba leletsa letsomane la bone diphaephe? Fa e le ka dikgotlana tsa ga Rubene go ne go na le go itshekatsheka ga pelo mo go golo. 17 Giliate o ne a nna ntlha e nngwe ya Jorotane; mme Tene, ke eng a ne a kaila kaila mo dikepeng? Ashere a sala mo letshitshing la lewatle a nna gaufi le boemakepe jwa gagwe. 18 Sebulane e ne e le morafe o o gatlhamelang masisi ga go nyatsa loso, le Nafithale, gape, mo patlelong ya ntwa. 19 Dikgosi tsa tla, ba lwa; dikgosi tsa Kanana tsa lwa kwa Taanaka, go bapa le metsi a Mekito. Mme ba se ka ba tsaya selefera e le digapiwa. 20 Go tswa legodimong dinaledi tsa lwa, go tswa ditseleng tsa tsone go kgabaganya magodimo tsa lwa kgatlanong le Sisera. 21 Noka ya Kishone ya ba gogolela kgakala, noka e kgologolo eo, noka ya Kishone. Gatela pele mowa wa me, nonofa! 22 Foo modumo wa ditlhako tsa dipitse - di kalapa, go kalapa ga tse di maatla tsa gagwe. 23 'Hutsa Merose!' go bua moengele wa Modimo Yahweh. 'E le ruri hutsa banni ba yone! - gonne ga ba ka ba tla go thusa Modimo Yahweh - go thusa Modimo Yahweh mo ntweng kgatlhanong le batlhabani ba ba maatla.' 24 Jaele o segofetse go feta basadi botlhe ba bangwe, Jaele(mosadi wa ga Hebere wa Mokeni), o segofetse go feta basadi botlhe ba ba nnang mo ditenteng. 25 Monna o ne a kopa metsi, a mo fa mashi; a mo tsisetsa lebebe le le mo beisaneng e e tshwanelang dikgosana. 26 A baya seatla sa gagwe mo lemapong la tente, le seatla sa gagwe sa moja mo hamoleng ya mmereki; ka hamole a itaya Sisera, a thuba tlhogo ya gagwe. A thuba legata la gagwe go nna ditoki, fa a ne a mo phunya mo letlhakoreng la tlhogo. 27 A wela fa gare ga dinao tsa gagwe, a wa a rapalala foo. Gareng ga dinao tsa gagwe a wa a se ka a tshikhinyega. Lefelo la fa a wetseng teng ke lone la fa a bolaetsweng teng mo go makgwakgwa. 28 A leba ka fesetere - mmaagwe Sisera a leba ka diphatlha tsa sesiro mme a bitsa ka kutlobotlhoko, 'Ke eng kolotsana ya gagwe ya ntwa e tsere lebaka le le kana go tla? Ke eng go itaya ga ditlhako tsa dipitse tse di gogang dikolotsana tsa ntwa tsa gagwe di diegile?' 29 Barwadiakgosi ba gagwe ba ba botlhale ba fetola, le ene a ipha karabo e e tshwanang: 30 A ga ba a bona ba bo ba kgaoganya digapiwa? - popelo, dipopelo tse pedi tsa monna mongwe le mongwe; segapiwa sa letsela le le itsenyeditsweng mmala la ga Sisera, segapiwa sa letsela le le itsenyeditsweng mmala le kgabisitswe ka tlhale e e mebala, diphatlo tse pedi tsa letsela le le itsenyeditsweng mmala le kgabisitswe ka tlhale e e mebala la melala ya ba ba gapang?' 31 Jalo a baba ba gago botlhe ba nyelele, Modimo Yahweh! Mme ditsala tsa gago di nne jaaka letsatsi le tlhaba ka maatla a lone.'' Mme lefatshe la nna le kagiso dingwaga di le 40.