Kgaolo 4

1 Morago ga go swa ga ga Ehudu, batho ba Iseraele ba ipoeletsa ba dira tse di bosula mo ponong ya Modimo Yahweh. 2 Modimo Yahweh a ba rekisetsa mo seatleng sa ga Jabini kgosi ya Kanana yo o neng a busa kwa Hasore. Molaodi wa sesole sa gagwe o ne a bidiwa Sisera, o ne a nna kwa Haroshethe wa Baditshaba. 3 Batho ba Iseraele ba bitsa Modimo Yahweh gore a ba thuse, gonne Sisera o ne a na le dikolotsana tsa ntwa tsa tshipi di le makgolo a a robang bongwe ebile o ne a gatelela batho ba Iseraele ka dikgoka ka lebaka la dingwaga di le 20. 4 Jaanong Tebora, moporofiti wa mosadi(mosadi wa ga Lapitothe), a bo a le moatlhodimogolo ka nako eo. 5 O ne a tle a nne ka fa tlase ga mopalelma wa ga Tebora gare ga Rama le Bethele mo lefatsheng la dithaba la Iforaime, mme batho ba Iseraele ne ba tla kwa go ene go rarabolola dikgang tsa bone. 6 A bitsa Baraka morwa Abinoame go tswa kwa Keteshe kwa Nafithale. A mo raya a re, ''Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, o a go laola, 'Ya kwa thabeng ya Tabore, mme o tseye banna ba le dikete tse lesome kwa Nafithale le kwa Sebulane. 7 Ke tla dira Sisera, molaodi wa sesole sa ga Jabini, gore a ye go kopana le lona kwa nokeng ya Kishone, ka sesole sa gagwe le dikolotsana tsa ntwa tsa gagwe, mme ke tla le naya phenyo godimo ga gagwe.''' 8 Baraka a mo raya a re, ''Fa o tsamaya le nna, ke tla tsamaya, mme fa o sa tsamae le nna, ga ke na go tsamaya.'' 9 A re, ''Ke tla tsamaya le wena. Le fa go ntse jalo, tsela e o e tsamayang ga e na go go isa kwa tlotleng ya gago, gonne Modimo Yahweh o tla rekisetsa Sisera mo seatleng sa mosadi.'' Foo Tebora a ema ka dinao a ya le Baraka kwa Keteshe. 10 Baraka a bitsa banna ba Sebulane le Nafithale go kgobokanela kwa Keteshe. Banna ba le dikete tse di lesome ba mo sala morago, Tebora a tsamaya le ene. 11 Jaanong Hebere (wa Mokeni) o ne a ikgaogantse le Bakeni - e ne e le bana ba ga Hobabe(mogwegadi wa ga Moshe) - mme a tlhoma tente ya gagwe go bapa le mooka mo Saananimi gaufi le Keteshe. 12 Fa ba bolelela Sisera gore Baraka morwa Abinoame o ile kwa thabeng ya Tabore, 13 Sisera a bitsa dikolotsana tsa ntwa tsa gagwe tsotlhe, dikolotsana tsa ntwa tsa tshipi di le makgolo a a robang bongwe, le masole a gagwe otlhe a a neng a na le one, go tswa Haroshethe wa Baditshaba go ya kwa nokeng ya Kishone. 14 Tebora a raya Baraka a re, ''Tsamaya! Gonne le ke letsatsi le Modimo Yahweh a go neetseng phenyo godimo ga ga Sisera ka lone. A Modimo Yahweh ga a go etelela pele?'' Jalo Baraka a fologa thaba ya Tabore a setswe morago ke banna ba le dikete di le lesome. 15 Modimo Yahweh a dira gore sesole sa ga Sisera se tsietsege, dikolotsana tsotlhe tsa ntwa le masole otlhe. Banna ba ga Baraka ba ba tlhasela, Sisera a fologa kolotsana ya ntwa a sia ka dinao. 16 Mme Baraka a alola dikolotsana tsa ntwa le masole go fitlha kwa Haroshethe wa Baditshaba, mme masole otlhe a ga Sisera a bolawa ka bogale jwa tshaka, ga se ka ga nna le fa a le mongwe yo o falolang. 17 Mme Sisera a sia ka dinao a ya kwa tenteng ya ga Jaele, mosadi wa ga Hebere wa Mokeni, gonne go ne go na le kagiso gare ga ga Jabini kgosi ya Hasore le ntlo ya ga Hebere wa Mokeni. 18 Jaele a tswela kwa ntle go kopantsha Sisera a mo raya a re, ''Fapogela kwa thoko, mong wa me; fapogela kwa thoko kwa go nna mme o se ka wa tshoga.'' Jalo a fapogela kwa go ene a tsena mo tenteng ya gagwe, mme a mo khurumetsa ka kobo. 19 A raya mosadi a re, ''Tsweetswee mphe metsinyana ke nwe, gonne ke nyorilwe.'' A bula kgetse ya letlalo ya mashi a mo nosa, a boa a mo khurumetsa gape. 20 A raya mosadi a re, ''Ema kwa phatlheng ya tente. Fa mongwe a ka tla a go botsa a re, 'A go na le mongwe fa?' , o re, 'Nyaa.''' 21 Foo Jaele(mosadi wa ga Hebere) a tsaya lemapo la tente le hamole ka seatla a tsena kwa go ene ka sephiri, gonne o ne a tshwerwe ke boroko jo botona, a iteela lemapo la tente mo letlhakoreng la tlhogo ya gagwe mme la phunya la bo la tlhaba fa fatshe. Jalo a swa. 22 Jaaka Baraka a ne a alotse Sisera, Jaele a ya kwa ntle a mo kopantsha a mo raya a re, ''Tlaya, ke tla go bontsha monna yo o mmatlang.'' Jalo a tsena le ene, foo ga bo go le Sisera a rapaletse a sule, lemapo la tente le le mo letlhakoreng la tlhogo ya gagwe. 23 Jalo mo letsatsing leo Modimo a fenya Jabini, kgosi ya Kanana fa pele ga batho ba Iseraele. 24 Maatla a batho ba Iseraele a gola a bo a gola kgatlhanong le Jabini kgosi ya Kanana, go fitlha ba mo senya.