Kgaolo 3

1 Jaanong Modimo Yahweh o ne a tlogela ditshaba tse go leka Iseraele, ebong mongwe le mongwe mo Iseraele yo a iseng a itemogele seemo sa ntwa epe e e lolweng mo Kanana. 2 ( O dirile se go ruta kokomane e ntsha ya Iseraele ntwa ka gore ba ne ba sa e itse go le pele ). 3 Ditshaba tseo ke tse : dikgosi tse tlhano go tswa Bafilisitieng, Bakanana botlhe, Basitona, Bahibite ba ba neng ba nna mo dithabeng tsa Lebanone, go tswa kwa thabeng ya Baale Heremona go ya kwa Hamatha Pasa. 4 Ditshaba tse di ne tsa tlogelwa e le tsela e Modimo Yahweh a tla lekang Iseraele ka yone, go rurifatsa fa Iseraele a tla utlwa ditaelo tse a di neetseng borraabone ka Moshe. 5 Jalo batho ba Iseraele ba ne ba nna gare ga Bakanana, Bahite, Baamori, Baperisi, Bahifi, le Bajebusi. 6 Ba tsaya barwadiabone ba ba dira basadi ba bone, ba neela barwa ba bone barwadiabone, mme ba direla badimo ba bone. 7 Batho ba Iseraele ba dira se se bosula mo ponong ya Modimo Yahweh, mme ba lebala Modimo Yahweh, Modimo wa bone. Ba obamela diBale le diAshera. 8 Jalo he, bogale jwa Modimo Yahweh jwa tuka kgatlhanong le Iseraele, a ba rekisetsa mo seatleng sa ga Khushana Rishathaime kgosi ya Aramo Naharaime. Batho ba Iseraele ba direla Khushana Rishathaime dingwaga tse 8. 9 Fa batho ba Iseraele ba bitsa Modimo Yahweh, Modimo Yahweh a godisa mongwe yo o tla tlang go thusa batho ba Iseraele, yo o tla ba namolang: Otheniele, morwa Kenase( monnawe Kalebe). 10 Mowa wa Modimo Yahweh wa mo nonotsha, a atlhola Iseraele mme a ya ntweng. Modimo Yahweh a mo neela phenyo godimo ga ga Khushana Rishathaime kgosi ya Aramo. Seatla sa ga Otheniele sa fenya Khushana Rishathaime. 11 Lefatshe la nna le kagiso dingwaga di le 40. Foo Otheniele morwa Kenase a swa. 12 Morago ga moo, bana ba Iseraele ba boa ba dira se se bosula mo ponong ya Modimo Yahweh, mme Modimo Yahweh a fa Ekelone kgosi ya Moabe thata go hekeetsa Baiseraele. 13 Ekelone a itshwaraganya le Baamone le Baamaleka mme ba ya ba fenya Iseraele, ba gapa Toropokgolo ya Dipalema. 14 Batho ba Iseraele ba direla Ekelone kgosi ya Moabe dingwaga di le 18. 15 Fa batho ba Iseraele ba bitsa Modimo Yahweh, Modimo Yahweh a godisa mongwe yo o tla ba thusang, Ehudu morwa Gera, Mobenjamene, monna yo o dirisang seatla sa molema. Batho ba Iseraele ba mo romela ka tuelo ya bone ya lekgetho kwa go Ekelone kgosi ya Moabe. 16 Ehudu a itirela tshaka e e magale mabadi, ya boleele jwa dikhubiti e le nngwe; a e bofelela ka fa tlase ga diaparo tsa gagwe, mo seropeng sa moja. 17 A neela kgosi Ekelone wa Moabe tuelo ya lekgetho.( Jaanong Ekelone e ne e le monna yo mokima thata). 18 Morago fa Ehudu a sena go rola tuelo ya lekgetho, a tswa le ba ba neng ba e tsisa ka kwa teng. 19 Fa e le Ehudu ene, le fa go ntse jalo, fa a fitlha fa lefelong le go direlwang ditshwantsho tse di setilweng teng gaufi le Kilikala, a retologa a boela morago, a re, ''Ke na le molaetsa wa sephiri wa gago, kgosi ya me.'' Ekelone a re, ''Tidimalo!'' Jalo botlhe ba ba mo direlang ba tswa mo kamoreng. 20 Ehudu a tla kwa go ene. Kgosi o ne a ntse a le nosi mo botsiditsaneng jwa kamore e e kwa godimo. Ehudu a re, ''Ke na le molaetsa wa gago go tswa kwa Modimong.'' Kgosi a ema ka dinao go tswa mo setilong sa gagwe. 21 Ehudu a tsaya tshaka go tswa mo seropeng sa moja ka seatla sa molema, a e tlhabela mo mmeleng wa kgosi. 22 Mmme matshwaro a tshaka a tsena fa morago ga bogale mo mo go ene, ntlha ya yone ya bo ya tswa kwa mokwatleng, mme mafura a huparela bogale, gonne Ehudu ga a ka a ntsha tshaka mo mmeleng wa gagwe. 23 Foo Ehudu a tswela kwa mathuding, mme a tswala mabati a kamore e e kwa godimo fa morago ga gagwe a bo a a lotlela. 24 Morago ga Ehudu a sena go tsamaya, batlhanka ba kgosi ba tla; ba bona mabati a komore e e kwa godimo a lotletswe, jalo ba akanya ba re, ''Ammaaruri o a ikgolola mo botsiditsaneng jwa kamore e e kwa godimo.'' 25 Ba ne ba tswelela ba tlhobaela go fitlhela ba ikutlwela gore ba itlhokolosa tiro ya bone fa kgosi a ntse a sa bule mabati a kamore e e kwa godimo. Jalo ba tsaya selotlolo ba a bula, mme mong wa bone a bo a rapaletse foo, a wetse fatshe mo bodilong, a sule. 26 Fa batlhanka ba santse ba eme, ba ipotsa gore ba dire eng, Ehudu a sia a feta fa go neng go na le ditshwantsho tsa medimo ya disetwa, a siela kwa Seira. 27 Fa a tsena, a letsa torompeta kwa lefatsheng la dithaba la Iforaime. Foo batho ba Iseraele ba fologa dithaba le ene, a ba eteletse pele. 28 A ba raya a re, ''Ntshalang morago, gonne Modimo Yahweh o gaufi la go fenya baba ba lona, Bamoabe.'' Ba mo sala morago ba gapa matsibogo a Jorotane ntlha e nngwe go lebagana le Bamoabe, mme ba se ka ba letlelela ope go kgabaganya noka. 29 Ka nako eo ba bolaya banna ba Moabe ba le dikete tse lesome, botlhe ba ba neng ba nonofile ba kgona. Ga se ka ga nna le fa e le yo mongwe yo o falolang. 30 Jalo ka letsatsi leo Moabe a hekeediwa ke thata ya Iseraele. Mme lefatshe la ikhutsa dingwaga di le 80. 31 Morago ga ga Ehudu moatlhodi yo o latelang ya nna Shamogara, morwa Anatha yo o bolaileng banna ba Bafilisitia ba le makgolo a marataro ka thobane e e phatsa e e dirisiwang go kgotla dikgomo. Le ene o ne a golola Iseraele mo bodiphatseng.