Kgaolo 2

1 Moengele wa Modimo Yahweh o ne a tswa kwa Kilikala a ya Bokimi, mme a re, ''Ke le ntshitse kwa tlase kwa Egepeto, mme ka le tsisa mo lefatsheng le ke ikanneng go le neela borraalona. Ke ne ka re, 'Ga ke kitla ke roba kgolagano ya me le lona. 2 Le se ka la dira kgolagano le ba ba nnang mo lefatsheng le. Le tshwanetse go senya dialetara tsa bone.' Mme ga le a reetsa lentswe la me. Ke eng se le se dirileng se? 3 Jaanong ka re, 'Ga ke na go koba Bakanana fa pele ga lona, ba tla nna mmitlwa mo matlhakoreng a lona, mme medimo ya bone e tla nna selaga mo go lona.''' 4 Fa moengele wa Modimo Yahweh a bua mafoko a le batho botlhe ba Iseraele, batho ba kua ba lela. 5 Ba bitsa lefelo leo Bokimi. Ba ntshetsa Modimo Yahweh ditlhabelo foo. 6 Jaanong fa Joshua a se na go romela batho gore ba tsamaye, mongwe le mongwe wa batho ba Iseraele a ya kwa lefelong le a le abetsweng, go rua lefatshe la gagwe. 7 Batho ba ne ba direla Modimo Yahweh ka nako ya go tshela ga ga Joshua le bagolwane ba ba neng ba tshela boleele go mo feta, bao ba boneng ditiro tse dikgolo tse Modimo Yahweh a di diretseng Iseraele. 8 Joshua morwa Nune, motlhanka wa Modimo Yahweh, o sule a le dingwaga tse 110. 9 Ba mmolokile mo teng ga melelwane ya lefatshe le a neng a le abetswe mo Timonatha Herese, mo lefatsheng la dithaba la Iforaime, kwa bokone jwa thaba ya Gaashe. 10 Kokomane yotlhe eo e ne ya ya go robadiwa le borraayone. Kokomane e nngwe ya gola fa morago ga bone e e neng e sa itse Modimo Yahweh kgotsa se a se diretseng Iseraele. 11 Batho ba Iseraele ba dira se se bosula mo ponong ya Modimo Yahweh ba direla Bobale. 12 Ba intsha mo go Modimo Yahweh, Modimo wa borraabone, yo o ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto. Ba ne ba sala morago medimo e mengwe, medimo ya batho ba ba nnang go ba dikologa, mme ba e ikobela. Ba ne ba tena Modimo Yahweh ka gore 13 ba ne ba intsha mo go Modimo Yahweh ba bo ba obamela Bale le diAshetorethe. 14 Bogale jwa Modimo Yahweh jwa tukela Iseraele, mme a ba neela batlhasedi ba ba neng ba ba utswetsa dilwana tsa bone. A ba rekisa jaaka makgoba a a neng a tshwerwe ke thata ya baba ba bone ba ba ba dikologileng, jalo ba ne ba sa tlhole ba kgona go iphemela kgatlhanong le baba ba bone. 15 Gongwe le gongwe kwa Iseraele ba neng ba ya go lwa teng, seatla sa ga Modimo Yahweh se ne se nna kgatlhanong le bone go ba fenya, fela jaaka a ba ikanetse. Mme ba ne ba le mo patikesegong e e boitshegang. 16 Foo Modimo Yahweh a godisa baatlhodi, ba ba neng ba ba golola mo seatleng sa ba ba neng ba ba utswetsa dilwana. 17 Mme ba ne ba sa reetse baatlhodi ba bone. Ba ne ba sa ikanyege mo go Modimo Yahweh, mme jaaka bagweba-ka=mmele ba ineela badimo ba bangwe ba ba obamela. Go ise go ye kae ba fapoga tsela e borraabone ba neng ba e tshela - ba ba neng ba utlwa ditaelo tsa Modimo Yahweh - mme bone ba se ka ba dira jalo. 18 Fa Modimo Yahweh a ba godisetsa baatlhodi, Modimo Yahweh o ne a thusa baatlhodi mme a ba namole mo seatleng sa baba ba bone mo matsatsing a moatlhodi a a tshelang. Modimo Yahweh o ne a ba tlhomogela pelo fa ba bobola ka lebaka la ba ba neng ba ba gatelela ba bo ba ba tlhokofatsa. 19 Mme fa moatlhodi a swa, ba ne ba fapoga ba dira dilo tse di bodileng go feta tse borraabone ba di dirileng. Ba ne ba sala badimo ba bangwe morago go ba direla le go ba obamela. Ba ne ba gana go tlogela ditiro tsa bone tse di bosula kgotsa mekgwa ya bone ya bodipa. 20 Bogale jwa Modimo Yahweh jwa tukela Iseraele; a re, ''Ka gore tshaba e e robile mabaka a kgolagano ya me e ke neng ke e tlhometse borraabone - ka lebaka la gore ga ba a reetsa lentswe la me = 21 ga ke kitla, go tloga fa go ya pele, ke koba sepe sa ditshaba tse Joshua a di tlogetseng fa a swa. 22 Ke tla dira se gore ke tle ke leke Iseraele, go bona gore a ba tla tshegetsa kgotsa ga ba na go tshegetsa tsela ya Modimo Yahweh, ba bo ba tsamaya mo go yone jaaka borraabone ba e tshegeditse.'' 23 Ke sone se Modimo Yahweh a neng a tlogela ditshaba tseo, mme a se ka a di koba ka bonako a di neela mo seatleng sa ga Joshua.