Kgaolo 10

1 Morago ga ga Abimeleke, Tola morwa Pua morwa Toto, monna go tswa kwa Isakare, yo a neng a nna mo Shamiri, mo lefatsheng la dithaba la Iforaime, a ema go golola Iseraele. 2 A atlhola Iseraele dingwaga di le 23. A swa mme a fitlhwa mo Shamiri. 3 O ne a salwa morago ke Jairi wa Mogileate. A atlhola Iseraele dingwa di le 22. 4 O ne a na le barwa ba le masome mararo ba palama ditonki di le masome mararo, ba na le ditoropokgolo di le masome mararo, tse di bidiwang Hafothe Jairi go fitlha gompieno, tse di leng kwa lefatsheng la Gileate. 5 Jairi a swa mme a fitlhwa kwa Kamone. 6 Batho ba Iseraele ba tlatsa mo godimo ga bosula jo ba neng ba bo dira mo ponong ya Modimo Yahweh, ba obamela diBale, diAshetorethe, medimo ya Arama, medimo ya Sitona, medimo ya Moabe, medimo ya batho ba Amone, le medimo ya Bafilisitia. Ba tlogela Modimo Yahweh ba se ka ba tlhola ba mo obamela gape. 7 Modimo Yahweh a tuka ka bogale kgatlhanong le Iseraele, mme a ba rekisetsa mo seatleng sa Bafilisitia, le mo seatleng sa Baamone. 8 Ba tshwatla ba bo ba gatelela batho ba Iseraele mo ngwageng oo, mme mo dingwageng tse 18 ba gatelela batho botlhe ba Iseraele ba ba neng ba nna moseja wa Jorotane mo lefatsheng la Baamori, le le kwa Gileate. 9 Mme Baamone ba tlola Jorotane ba tla go lwa le Juta, le Benjamene, le ntlo ya ga Iforaime, mo go dirileng gore Iseraele a nne mo patikesegong e kgolo. 10 Foo batho ba Iseraele ba bitsa Modimo Yahweh ba re, ''Re go leofetse, gonne re tlogetse Modimo wa rona ra obamela diBale.'' 11 Modimo Yahweh a raya batho ba Iseraele a re, ''A ga ke a le golola mo Baegepetong, mo Baamoring, mo Baamoneng, mo Bafilisitieng, 12 gape le mo Basitoneng? Baamaleka le Bamaone ba ne ba le gateletse; le ne la mpitsa, mme ke ne ka le golola go tswa mo thateng ya bone. 13 Mme le ne la ntlogela la ya go obamela medimo e mengwe. Jalo he, ga ke na go oketsa nako e ke ntseng ke le golola ka yone. 14 Tsamayang le bitse medimo e le ntseng le e obamela. A e le namole fa le na le mathata.'' 15 Batho ba Iseraele ba raya Modimo Yahweh ba re, ''Re leofile. Dira ka rona sepe se se lebegang se siame mo go wena. Fela tsweetswee, re namole gompieno.'' 16 Ba hularela medimo e sele e ba neng ba e ruile, mme ba obamela Modimo Yahweh. Mme a fedisiwa pelo ke go sotlega ga Iseraele. 17 Foo Baamone ba kgobokana ba tlhoma kampa mo Gileate. Baiseraele ba kgobonana ba tlhoma kampa ya bone kwa Misepha. 18 Baeteledipele ba batho ba Gileate ba rayana ba re, ''Ke mang monna yo o tla simololang go lwa le Baamone? O tla nna moeteledipele wa botlhe ba ba nnang mo Gieate.''