Kgaolo 11

1 Jaanong Jefotha wa Mogileate e ne e le senatla sa ntwa, mme e le morwa mogweba-ka-mmele. Gileate e ne e le rraagwe. 2 Mosadi wa ga Gileate a mo tsholela barwa ba bangwe. Fa barwa ba mosadi wa gagwe ba se na go gola, ba patika Jefotha go tswa mo ntlong ba mo raya ba re, ''Ga o na go nna le boswa bope mo lelapeng la rona. O morwa wa mosadi yo mongwe.'' 3 Jalo Jefotha a tshaba barwarraagwe a ya go nna kwa lefatsheng la Tobe. Banna ba ba ganang molao ba itshwaraganya le Jefotha mme ba ya ditlhaselong ba bo ba boa le ene. 4 Matsatsi morago, batho ba Amone ba tla go lwa le Iseraele. 5 Fa batho ba Amone ba tla go lwa le Iseraele, bagolwane ba Gileate ba ya go tsaya Jefotha kwa lefatsheng la Tobe. 6 Ba raya Jefotha ba re, ''Tla o nne moeteledipele wa rona gore re tle re lwe le batho ba Amone.'' 7 Jefotha a raya baeteledipele ba Gileate a re, ''Le ne le ntlhoile la bo la dira gore ke tswe mo ntlong ya ga rre. Ke eng le tla kwa go nna jaanong fa le le mo mathateng?'' 8 Bagolwane ba Gileate ba raya Jefotha ba re, ''Ke lone lebaka la go bo re tla kwa go wena jaanong; tla le rona re lwe le batho ba Amone, mme o tla nna moeteledipele mo go botlhe ba ba nnang mo Gileate.'' 9 Jefotha a raya bagolwane ba Gileate a re, ''Fa le nkisa gae gape go lwa le batho ba Amone, mme fa Modimo Yahweh a re fa phenyo godimo ga bone, ke tla nna moeteledipele wa lona.'' 10 Bagolwane ba Gileate ba raya Jefotha ba re, ''A Modimo Yahweh a nne mosupi gareng ga rona fa re sa dire jaaka re bua!'' 11 Jalo Jefotha a tsamaya le bagolwane ba Gileate, mme batho ba mo dira moeteledipele le molaola sesole godimo ga bone. Fa a le fa pele ga Modimo Yahweh kwa Misepha, Jafotha a boelela ditsholofetso tsotlhe tse a di dirileng. 12 Foo Jefotha a romela barongwa kwa kgosing ya batho ba Amone, a re, ''Ke eng kgotlhang e e fa gare ga rona e? Ke eng o tsile ka dikgoka go tsaya lefatshe la rona?'' 13 Kgosi ya batho ba Amone a araba barongwa ba ga Jefotha, ''Gonne fa Iseraele a tswa kwa tlase kwa Egepeto, ba tsere lafatshe la me go tswa kwa Aranone go fitlha kwa Jaboko, moseja wa Jorotane. Jaanong busa mafatshe ao ka kagiso.'' 14 Gape Jefotha a romela barongwa kwa kgosing ya batho ba Amone, 15 mme a re, ''Se ke se Jefotha a se buang: Iseraele ga a ka a tsaya lefatshe la Moabe, le lefatshe la batho ba Amone, 16 mme ba ne ba tlhatloga ga tswa kwa Egepeto, mme Iseraele o ne a ralala sekaka go ya kwa lewatleng la Dirite ba tswelela go ya kwa Kateshe. 17 Fa Iseraele a romela barongwa kwa kgosing ya Etome a re, 'Tsweetswee re letle go ralala lefatshe la gago; kgosi ya Etome a se ka a reetsa. Ba ne gape ba romela barongwa kwa kgosing ya Moabe, mme a gana. Jalo Iseraele a nna kwa Kateshe. 18 Foo ba ralala sekaka ba hularela lafatshe la Etome le lefatshe la Moabe, mme ba tsamaya ka fa letlhakoreng la botlhabatsatsi la lefatshe la Moabe ba kampa ntlha e nngwe ya Aranone. Mme ga ba a ka ba tsena mo Moabe, gonne Aranone e ne e le molelwane wa Moabe. 19 Iseraele a romela barongwa kwa go Sihone, kgosi ya Baamori, yo o neng a busa mo Heshebone; Iseraele a mo raya a re, 'Tsweetswee, re letle go ralala lefatshe la gago go ya kwa lefelong le e leng la rona.' 20 Mme Sihone a se ka a tshepa Iseraele go ralala lefatshe la gagwe. Jalo Sihone a kgobokanya sesole sotlhe sa gagwe a se isa kwa Jahase, koo a lwa le Iseraele. 21 Mme Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele a neela Sihone le batho botlhe ba gagwe mo seatleng sa Iseraele mme ba ba fenya. Jalo Iseraele a tsaya lefatshe lotlhe la Baamori ba ba neng ba nna mo lefatsheng leo. 22 Ba tsaya sengwe le sengwe se mo teng ga lefatshe la Baamori, go tswa Aranone go ya Jaboko, le go tswa sekakeng go ya Jorotane. 23 Jalo Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, o kobile Baamori fa pele ga batho ba gagwe Iseraele, a jaanong o tshwanetse go tsaya lefatshe la bone? 24 A ga o ka ke wa tsaya lefatshe le Khemoshe, modimo wa gago, a le go neelang? Jalo lefatshe lepe le Modimo Yahweh, Modimo wa rona a le re neelang, re tla le tsaya. 25 Jaanong a ruri o botoka go na le Balaka morwa Siporo, kgosi ya Moabe? A o kile a leka go nganga le Iseraele? A o kile a bolotsa ntwa kgatlhanong le bone? 26 Ka nako ya Iseraele a ntse dingwaga tse 300 mo Heshebone le metse ya yone, le Aroa le metse ya yone, le mo ditoropokgolong tse di mo letshitshing la Aranone - ke eng ka nako eo o se kile wa a tsaya? 27 Ga ke a go direla molato, mme o ntirela molato ka go ntlhasela. Modimo Yahweh, moatlhodi, letsatsi leno o tla atlhola gareng ga batho ba Iseraele le batho ba Amone.'' 28 Mmme kgosi ya batho ba Amone a gana tlhagiso e Jefotha a e mo romeletseng. 29 Foo Mowa wa Modimo Yahweh wa tla mo go Jefotha, mme a ralala Gileate le Manase, mme a ralala le Misepha wa Gileate, mme go tswa kwa Misepha wa Gileate a ralala a ya kwa bathong ba Amone. 30 Jefotha a direla Modimo Yahweh maikano a re, ''Fa o ka mpha phenyo godimo ga batho ba Amone, 31 foo le fa e le eng se se tswang ka mabati a ntlo ya me go nkopantsha fa ke boa ka kagiso go tswa kwa bathong ba Amone e tla nna sa Modimo Yahweh, e bile ke tla se nstha e le moneelo o o fisiwang.'' 32 Jalo Jefotha a ralala a ya kwa bathong ba Amone a ya go lwa le bone, mme Modimo Yahweh a mo neela phenyo. 33 A ba tlhasela a dira gore go nne le polao e kgolo go tswa kwa Aroa go ya bokgakaleng jwa Minithi - ditoropokgolo tse masome mabedi - le go ya kwa Abele Keramimi. Jalo batho ba Amone ba tsenngwa ka fa tlase ga taolo ya batho ba Iseraele. 34 Jefotha a tla kwa legaeng la gagwe kwa Misepha, gone foo morwadie a tswa a tla go mo kopantsha ka dithamporini le go bina. E ne e le morwadie a le nosi fela, kwa ntle ga gagwe o ne a sena morwa le fa e le morwadi. 35 E rile jaaka a mmona, a gagola diaparo tsa gagwe a re, ''Oh! Morwadiaka! O ntshwatlile ka khutsafalo, e bile o fetogile e ne yo o ntsisetsang setlhabi! Gonne ke ikanetse Modimo Yahweh, mme ga ke ka ke ka fetogela tsholofetso ya me.'' 36 A mo raya a re, ''Rre, o diretse Modimo Yahweh maikano, ntire dilo tsotlhe tse o di solofeditseng, gonne Modimo Yahweh o go busoloseditse kgatlhanong le baba ba gago, Baamone.'' 37 A raya rraagwe a re, ''A tsholofetso e e tshegelediwe nna. Ntlogele ke nne nosi dikgwedi tse pedi, gore ke tswe ke ye kwa dithabeng ke ye go hutsafalela bokgarebana jwa me, nna le bapati ba me.'' 38 A re, ''Tsamaya.'' A mo romela go nna dikgwedi tsa pedi. A mo tlogela, ene le bapati ba gagwe, ba ya go hutsafalela bokgarebana jwa gagwe kwa dithabeng. 39 Kwa bokhutlong jwa dikgwedi tse pedi a boela kwa go rraagwe, yo o neng a dira tsholofetso ya maikano a a a dirileng. Jaanong o ne a ise a ke a robalane le monna, mme se sa nna ngwao kwa Iseraele, 40 ya gore barwadi ba Iseraele, ngwaga le ngwaga, ba nna ba bua poleleo ya morwadia Jefotha wa Mogileate matsatsi a le mane.