Kgaolo 12

1 Banna ba Iforeime ba ne ba bidiwa; ba ralela motse wa Saphone ba raya Jafotha ba re, ''Ke eng le fetile fa go ya go lwantsha batho ba Amone le sa re bitsa gore re tsamae le lona? Re ta le tshubela mo matlong a lona.' 2 Jefota are, '' Nna le batho ba me re ne rena le kgotlhang e kgolo le batho ba Amone. Fa ke le bitsa lona,le ne la seka la nnamola mo go bone. 3 Ga ke bona gore ga le a nnamola,ka baya botshelo jwame mo thateng yame mme ka ralala kgathanong le batho ba Amone,mme Modimo Yaweh a mpha phenyo.Ke eng le tsile go ntwantsha gompieno?'' 4 Jefota a kgobokanya banna botlhe ba Gileate a lwa kgathanong le Iforeime.Banna ba Gileate ba tlhasela banna ba Ifereime ka ba ne ba re ''Lona ma Gileate ga le banni ba Ifereime -mo Ifereime le Manase.'' 5 Bagileate ba gapa matsibogo a Jorotane a a yang kwa Iforeime. Fa mongwe wa bafalodi ba Iforeime a re, ''Nteseng ke kgabaganye noka,'' banna ba Gileate ba tla bo ba mo raya ba re, ''A o Moiforeime?'' Fa a re, ''Nnyaa,'' 6 ba tla a bo ba mo raya ba re, ''Bua o re: Shibolethe.'' Mme e re fa a re ''Sibolethe.''( ka a sa kgone go le bua sentle), Bagileate ba mo tshware ba mmolaele kwa matsibogong a Jorotane. Baiforeime ba le masome a mane le bobedi a dikete ba bolawa ka nako eo. 7 Jefotha a dira e le moatlhodi mo Iseraele mo dingwaga tse 6. Jefotha wa Mogileate a swa mme a bolokelwa mo toropokgolong nngwe ya Gileate. 8 Morago ga gagwe, Ibosane wa Bethelehema a dira e le moatlhodi mo Iseraele. 9 O ne a na le barwa ba le masome a mararo. O ne a nyadisa barwadie ba le masome a mararo, a bo a tsaya barwadia banna ba bangwe go tswa ka kwa ntle go nna basadi ba barwa ba gagwe. O ne a atlhola Iseraele dingwaga di le 7. 10 Ibosane a swa mme a bolokwa mo Bethelehema. 11 Morago ga gagwe, Elone wa Mosebulane a dira mo Iseraele a le moatlhodi. O ne a atlhola Iseraele dingwaga di le 10. 12 Elone wa Mosebulane a swa mme a bolokwa mo Aijalone mo lefatsheng la Sebulane. 13 Morago ga gagwe, Abotone morwa Hilele wa Mopirathone o ne a dira a le moatlhodi mo Iseraele. 14 O ne a na le barwa ba le masome a mane le barwa ba barwa ba le masome mararo. Ba ne ba palama ditonki di le masome a supang, mme a atlhola Iseraele dingwaga di le 8. 15 Abotone morwa Hilele wa Mopirathone a swa mme a bolokwa mo Pirathone mo lefatsheng la Iforaime mo lefatsheng la dithaba la Baamaleka.